Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke ka Ntlha Yang fa Mmè a Lwala Thata Jaana?
Rraagwe Al o ne a bolawa ke kankere.a E re ka Al a ne a rutilwe ka tsholofetso e e tswang mo Baebeleng ya tsogo ya baswi, ka tsela nngwe o ne a kgona go itshokela go latlhegelwa gono. Mme e ne ya re fa go lemogwa gore mmaagwe o tshwerwe ke kankere, o ne a simolola go tlhobaela le go boifa gape. Al o ne a boifisiwa thata ke go akanya fela gore o tlile go latlhegelwa ke motsadi yo mongwe gape. O ne a ipotsa jaana ka khutsafalo, ‘Ke ka ntlha yang fa e tshwanetse go nna mmè wa me yo o lwalang?’
GO YA ka Dr. Leonard Felder “go na le Baamerika ba ba fetang dimilione di le masomeamarataro ba ba . . . lebaneng le go lwala kana go golafala ga mongwe yo ba mo ratang.” Felder o oketsa jaana: “Letsatsi lengwe le lengwe, mo e ka nnang modiri a le mongwe mo go bangwe le bangwe ba le banè ba kwa Amerika o na le boikarabelo jo bo oketsegileng jwa go tlhokomela dilo tse motsadi yo o lwalang [kana mongwe fela yo a mo ratang] a di tlhokang.” Fa e le gore o mo boemong jo bo tshwanang le jono, ga o esi. Le fa go ntse jalo, go a boifisa e bile go utlwisa botlhoko go bona mongwe yo o mo ratang a lwala. O ka kgona jang go itshoka?
Ke ka Ntlha Yang fa Motsadi Wa me A Lwala?
Diane 15:13, (NW) e bolela gore: “Go na le moya o o hutsafetseng ka ntlha ya pelo e e botlhoko.” Ke selo se se tlwaelegileng go tshwenyega thata fa motsadi wa gago a lwala. Ka sekai, o ka nna wa ipona molato ka boemo jo bo tlhagetseng motsadi wa gago. Gongwe wena le motsadi wa gago lo ntse lo sa kgone go tshedisana sentle. Lo ka tswa lo ile lwa omana ka makgetlho a le mmalwa. Jaanong e re ka motsadi wa gago a lwala, o ka nna wa ikutlwa gore ke molato wa gago ka tsela e e rileng. Le fa gone go ganetsana mo lelapeng go ka nna ga ngomola pelo, gantsi ga se gone go bakang bolwetse jo bo masisi. Dikgotlhang le go gogagogana mo go rileng go ka nna ga direga le e leng le mo malapeng a a lorato a Bokeresete. Ka jalo ga go tlhokege gore o ikimetse ka morwalo wa go ipona molato, jaaka e kete ke phoso ya gago fa motsadi wa gago a lwala.
Totatota, mmago kana rrago o lwala ka ntlha ya boleo jwa batsadi ba rona ba ntlha e bong Adame le Efa. (Baroma 5:12) Ka ntlha ya boleo joo jwa kwa tshimologong, “tlhōlō yotlhe e nna e fegelwa mmogo le go nna mo botlhokong mmogo go fitlha jaanong.”—Baroma 8:22.
Go Utlwa Botlhoko
Le fa go ntse jalo, o ka ikutlwa o tshwenyegile kana o tlaletswe. Mmaagwe Terri o ne a tshwerwe ke bolwetse jwa lupus, bolwetse jo bo senyang thata. Terri o dumela jaana: “Nako le nako fa ke se teng kwa gae, ke a tshwenyega, ke ipotsa gore a Mmè o siame. Ga ke kgone go tlhoma mogopolo sentle mo go se ke se dirang. Le fa go ntse jalo, e re ka ke sa batle gore a tshwenyege, ga ke mmolelele gore ke ikutlwa jang.”
Diane 12:25 e bolela gore: “Boimelesego mo pelong ya motho bo tle bo e inamise.” Basha ba ba leng mo boemong jono gantsi ba nna ba tshwenyegile thata mo maikutlong. Terri o bolela gore go ne go mo hutsafatsa thata fa a bona mmaagwe a sa tlhole a kgona go dira ditiro tse di motlhofo. Selo se se ngomolang pelo le go feta ke gore basha—segolobogolo basetsana—gantsi ba patelesega go tsaya maikarabelo a a oketsegileng. Go ya ka Porofesa Bruce Compas, “basetsana ba koelelwa ka maikarabelo a lelapa, a a jaaka go phepafatsa ntlo le go tlhokomela bomonnabone, maikarabelo a ba sa kgoneng go a sikara le a a ba kgoreletsang go gola sentle mo botshelong.” Basha bangwe ba feleletsa ba itlhaola mo bathong ba bangwe, ba reetsa mmino o o hutsafatsang le o o tshwenyang maikutlo.—Diane 18:1.
Selo se sengwe se se tlwaelegileng ke go boifa go swelwa ke motsadi. Terri ke ene fela ngwana kwa gaabo, mme mmaagwe ke motsadi yo o se nang molekane. Terri o ne a iphitlhela a lela nako le nako fa mmaagwe a ya kwa bookelong, a boifa gore ga a kitla a tlhola a boa. Terri o bolela jaana: “E ne e le rona fela re le babedi. Ke ne ke sa batle go latlhegelwa ke tsala ya me ya botlhokwa.” Mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome yo o bidiwang Martha le ene o ne a dumela ka tsela e e tshwanang: “Ke na le dingwaga di le lesomerobedi, mme ke sa ntse ke tshaba go latlhegelwa ke batsadi ba me. Nka jewa ke bodutu fela thata.” Dilo tse dingwe tse di tlwaelegileng tse di ka go diragalelang fa motsadi wa gago a lwala ke go sa robale sentle, go nna le ditoro tse di tshosang le go sa je sentle.
Se o Ka se Dirang
Le fa gone jaanong dilo di ka lebega di le thata, o ka kgona go itshoka! Simolola ka go bolelela batsadi ba gago dilo tse o di boifang le tse di go tshwenyang. Motsadi wa gago o lwala thata go le kana kang? A o tla fola? Go dirilwe dithulaganyo dife tsa go go tlhokomela fa go ka direga gore motsadi wa gago a se ke a fola? A go ka direga gore le wena o tshwarwe ke bolwetse jono moragonyana mo botshelong? Le fa gone go le thata gore batsadi ba ka bua ka dilo tse di ntseng jalo, fa o ba kopa thuso o ritibetse le ka tlotlo, go ka direga gore ba dire bojotlhe jwa bone go go thusa le go go ema nokeng.
Gape ba bolelele ka fa o ikutlwang ka teng ka bone. Al o gakologelwa ka fa a neng a palelwa ke go dira seno ka teng fa a ne a utlwa gore mmaagwe o bolawa ke kankere. O bolela seno: “Ga ke a ka ka mmolelela ka fa ke mo ratang thata ka teng. Ke ne ke itse gore o ne a batla go utlwa ke mmolelela jalo, mme jaaka mosha wa dingwaga tsa bolesome ke ne ke utlwa go le boima go mmolelela jalo. Moragonyana fela ga moo o ne a swa, mme gone jaanong ke ipona molato ka gonne ka nako e ke neng ke na le tshono ka yone, ga ke a ka ka e sola molemo. Ke ikwatlhaela seo ka gonne e ne e le motho wa botlhokwa thata mo botshelong jwa me.” O se ke wa ikgogona go bolelela batsadi ba gago ka fa o ba ratang thata ka teng.
Fa go kgonega, ithute go le gontsi ka bolwetse jwa motsadi wa gago. (Diane 18:15) Gongwe ngaka ya lelapa la lona e ka go thusa mo go seno. Go nna le dintlha tse di feletseng go tla go thusa go nna kutlwelobotlhoko, pelotelele le go tlhaloganya. Mme go ka go thusa go ipaakanyetsa diphetogo dipe tsa mo mmeleng tse motsadi wa gago a tlileng go nna le tsone, tse di jaaka mabadi, go wa moriri kana go nna le letsapa le le tseneletseng la mmele.
A motsadi wa gago o kwa bookelong? Ka jalo dira gore fa o mo etetse e nne nako e e itumedisang le e e nonotshang. Tlotla ka dilo tse di itumedisang fa go kgonega. Mmolelele ka tiro ya gago ya sekolo le ka ditiro tsa Bokeresete. (Bapisa Diane 25:25.) Fa o tshela mo nageng e mo go yone ba losika ba lebeletsweng go tlamela molwetse ka dijo le ditirelo tse dingwe, dira se o tshwanetseng go se dira o sa ngongorege. Go lebega le go apara sentle ga go ne go itumedisa motsadi wa gago fela mme gape go tla itumedisa le badiri ba mo bookelong le dingaka. Seno se ka tokafatsa boleng jwa tlhokomelo e motsadi wa gago a e bonang.b
A motsadi wa gago o tlhokomelwa a le kwa gae? Ka jalo dira se o ka se kgonang go thusa go mo tlhokomela. Ithaopele go thusa ka ditiro dingwe tsa fa gae. Leka go etsa Jehofa ka go ithaopa ‘ka bopelo e bile o sa kgobe.’ (Jakobe 1:5) Dira sotlhe se o ka se kgonang go bontsha boikutlo jwa go sa ngongorege, go nna le tsholofelo, o itumetse.
Gone mme, o sa ntse o na le tiro ya sekolo. Leka go beela nako kwa thoko ya go e dira, ka go bo thuto ya gago e sa ntse e le ya botlhokwa. Fa go kgonega, nna le nako e e lekaneng ya go ikhutsa le go itapolosa. (Moreri 4:6) Seno se tla go lapolosa le go go thusa gore o kgone go ema motsadi wa gago nokeng. Labofelo, tila go itlhaola mo bathong. Sola molemo kemonokeng ya Bakeresetemmogo le wena. (Bagalatia 6:2) Terri o bolela jaana: “Phuthego e ne ya nna lelapa la me. Ka dinako tsotlhe bagolwane ba ne ba iketleeditse go bua le nna le go nkgothatsa. Ga nkitla ke lebala seo.”
Nna o Lekalekane Semoyeng
Sa botlhokwa le go feta ke go nna o lekalekane mo dilong tsa semoya. Nna o tshwaregile ka ditiro tsa semoya, tse di jaaka go ithuta Baebele, go nna teng kwa dipokanong le go rerela ba bangwe. (1 Bakorintha 15:58) Mo dikgweding tsa selemo, Terri o ne a oketsa seabe sa gagwe mo tirong ya go rera efangele e le mmulatsela yo o thusang. O oketsa jaana: “Ka metlha mmè o ne a nkgothaletsa go baakanyetsa le go nna teng kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Seno se ne sa re thusa roobabedi. E re ka a ne a sa kgone go nna teng kwa dipokanong tsotlhe jaaka a ne a batla, ke ne ke reetsa ka kelotlhoko thata e le gore ke kgone go mo tlotlela moragonyana. O ne a ikaegile ka nna gore ke mo tlamele ka dijo tsa semoya fa a ne a sa kgone go nna teng.”
Setlhogo sengwe mo go The New York Times se sobokanya dilo sentle fa se ne se bua ka modirediloago mongwe yo o neng “a nna a gakgamadiwa thata ke kafa bana ba kgonang go gola le go atlega ka teng le mororo ba utlwisiwa botlhoko ke go lwala ga motsadi.” O bolela jaana: “Ba nna le botswerere bongwe jo ba neng ba sa itse gore ba na le jone. . . . Fa ba ka kgona go itshokela boemo jono, ba ka kgona go itshokela le maemo a mangwe a mantsi.”
Le wena o ka kgona go itshokela nako eno e e thata. Ka sekai, mmaagwe Terri jaanong o setse a fodile mo a kgonang go itlhokomela. Gongwe le wena fa nako e ntse e ya, motsadi wa gago le ene o tla fola. Mme mo nakong eno, gakologelwa gore o na le kemonokeng ya Tsala ya gago ya selegodimo e bong Jehofa. Ke “Yo o utlwang thapelo” mme o tla go reetsa fa o ntse o mo kopa gore a go thuse. (Pesalema 65:2) O tla naya wena—le motsadi wa gago yo o boifang Modimo—“maatla a a fetang a a tlwaelegileng” gore o kgone go itshoka.—2 Bakorintha 4:7; Pesalema 41:3.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina mangwe a fetotswe.
b Setlhogo sa “Fa O Etela Molwetsi—Kafa O Ka Thusang Ka Teng,” mo makasineng wa Tsogang! wa March 8, 1991, se na le dikakantsho di le mmalwa tse di mosola.
[Mafoko a a mo go tsebe 30]
“Nako le nako fa ke se teng kwa gae, ke a tshwenyega, ke ipotsa gore a Mmè o siame”
[Ditshwantsho mo go tsebe 31]
Go ithuta go le gontsi ka bolwetse jwa motsadi wa gago go ka go thusa gore o kgone go mo thusa