LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 8/8 ts. 27-28
  • O ka Itlhophela Isagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • O ka Itlhophela Isagwe
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlholelwa le go Itlhophela Se o Se Batlang
  • Se Motho a se Dirang Se na Le Matswela a Sone
  • Isagwe ya Gago e Tlile go Nna Eng?
  • Go Senka Tlholelo ya Motho
    Tsogang!—1999
  • A Tlholelo e Tlhoma Kafa Isagwe ya Gago e Tla Nnang ka Teng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tshwetso ke ya Gago!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2018
  • Isagwe ya Gago e tla Nna Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 8/8 ts. 27-28

O ka Itlhophela Isagwe

LE FA go laola ka bola go ne go tsewa “e le phitlhelelo e kgolo ya botlhale go ralala lefatshe la bogologolo,” moithutamarope e bong Joan Oates o bolela gore e ne e le “botswerere jo baporofeti ba Bahebera ba neng ba bo nyatsa thata.” Ka ntlha yang?

Le mororo Baiseraele ba bogologolo ba ne ba dikologilwe ke ditšhaba tse di neng di dumela mo goreng motho o tlholetswe mo botshelong, ba ne ba gana kgopolo ya gore go na le maatla mangwe a a sa akanyetseng a a laolang matshelo a bone. Mo ditaelong tse di neng tsa neelwa setšhaba, Modimo o ne a ba bolelela jaana: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena . . . le fa e le mongwe wa moitseanape, le fa e le mongwe yo o swabang ka eng le eng, le fa e le morai, kgotsa yo o loang, . . . kgotsa ngaka ya bola.”—Duteronome 18:10, 11.

Baiseraele ba ne ba ka nna le tshepo ka isagwe, ba ntse ba se na kgopolo ya gore motho o tlholetswe kana ba sa dirisane le batho ba ba bolelelang isagwe pele. Saetlopedia ya Sefora ya Katoliki e bong Théo, fa e tlhalosa lebaka la seno, e bolela gore setšhaba se ne se dumela gore “motho le lefatshe di ne di sa laolwe ke maatla mangwe a a sa akanyetseng. Modimo o ne a na le boikaelelo ka motho.” Boikaelelo jono e ne e le bofe?

Go Tlholelwa le go Itlhophela Se o Se Batlang

Modimo o ne a solofetsa Baiseraele kagiso le katlego fa ba ne ba ka utlwa melao ya gagwe. (Lefitiko 26:3-6) Mo godimo ga moo, ba ne ba lebile kwa go Mesia yo o neng a tla tlhoma maemo a a siameng mo lefatsheng. (Isaia, kgaolo 11) Le fa go ntse jalo, kgang fela ya gore Modimo o ne a solofeditse dilo tseno e ne e sa reye gore batho ba ne ba ka nna fela ba sa dire sepe mme ba tlogela dilo di itiragalela fela. Mo boemong jwa moo, ba ne ba bolelelwa jaana: “Se seatla sa gago se se bonang go se dira o se dire fela ka nonofo ya gago.”—Moreri 9:10.

Karolo ya konokono ya seno e ne e le kgopolo ya go itlhophela se o se batlang. Baiseraele ba ne ba gololesegile go direla Modimo le go bopa isagwe ya bone. Modimo o ne wa ba solofetsa jaana: “Go tlaa dirala gore, e tlaa re fa lo reetsa ditaolo tsa me ka tlhoafalo, tse ke di lo laolelang gompieno, go rata Jehofa Modimo wa lona, le go mo direla ka pelo yotlhe ya lona, le ka mowa otlhe wa lona, ke tlaa nesa pula ya lefatshe la lona mo lobakeng lwa yone, pula ya sephai, le pula ya kgogolamoko, gore o tle o rore mabele a gago, le bojalwa jwa gago jwa mofine, le lookwane lwa gago.” (Duteronome 11:13, 14) Baiseraele ba ne ba bona masego a Modimo fa ba ne ba utlwa.

Pele fela ga ba tsena mo nageng e a neng a ba solofeditse yone, Modimo o ne a neela setšhaba sa Iseraele tlhopho eno: “Bona, ke beile fa pele ga gago gompieno botshelo le molemo, le loso le bosula.” (Duteronome 30:15) Isagwe ya mongwe le mongwe e ne e ikaegile ka ditiro le ditshwetso tse a neng a di dira. Go direla Modimo go ne go bolela botshelo le ditshegofatso, fa go gana go dira jalo go ne go bolela mathata. Mme go tweng ka gompieno?

Se Motho a se Dirang Se na Le Matswela a Sone

Re golegilwe ka melao e mentsi ya tlholego e e tlhomilweng gore e re solegele molemo. Mongwe wa yone ke molao wa gore se motho a se dirang se na le matswela a sone, kana jaaka Baebele e o tlhalosa, “Lefa e le eng se motho o se jalang, seno gape o tla se roba.” (Bagalatia 6:7) Fa re lemoga molaomotheo ono, re ka kgona go akanyetsa ditiragalo dingwe tse di ka nnang tsa direga mo isagweng.

Fa re kgweetsa botlhaswa ka lobelo lo lo kwa godimo, go ka direga gore re dire kotsi go feta fa re kgweetsa ka kelotlhoko. Fa re goga, go ka direga gore re tshwarwe ke kankere go feta fa re sa goge. Gone ke boammaaruri gore ditiragalo tse di jaaka ditlhaselo tsa borukhutlhi tse di umakilweng mo setlhogong se se simolotseng motseletsele ono go bonala di ka nna tsa se ka tsa re diragalela e bile ga go ka ke ga thusa go leka go bona gore di ka re diragalela go le kana kang. Le fa go ntse jalo, go fetogela kwa kgopolong ya tlholelo go ka se re solegele molemo ope. Ga go re neye lesedi lepe ka se se ka diregang gone jaanong kana mo isagweng. Go dumela maaka ga go tlhomamise isagwe ka sepe. Le e leng gone go bona e le Modimo yo o laolang tiragalo nngwe le nngwe e e re diragalelang.

Isagwe ya Gago e Tlile go Nna Eng?

Isagwe ya rona ga ya kwalwa go sa le gale mme e ikaegile ka se se diregang gone jaanong. Le mororo botshelo e le mpho e e tswang kwa Modimong, Baebele e supa ka phepafalo gore re na le seabe se segolo mo go swetseng se se re diragalelang gone jaanong le mo isagweng. Ntlha ya go bo re na le tlhopho ya go itumedisa Modimo kana, mo go farologaneng le moo, go mo hutsafatsa e bontsha gore Modimo o re neile selekanyo se se rileng sa gore re laole matshelo a rona.—Genesise 6:6; Pesalema 78:40; Diane 27:11.

Mo godimo ga moo, Dikwalo Tse di Boitshepo di gatelela gangwe le gape gore isagwe ya rona e golagane le boitshoko jwa rona le tsela e re tshelang ka yone, e leng se se neng se se kitla se nna le bokao bope fa dilo di ne di setse di laoletswe go direga go sa le gale. (Mathaio 24:13; Luke 10:25-28) Ka jalo, fa re tlhopha go utlwa Modimo le go ikanyega mo go ene, re ka lebelela isagwe e e ntseng jang?

Baebele e senola gore motho o na le isagwe e e itumedisang thata. Lefatshe le tla fetolwa go nna paradaise e kagiso le polokesego di tla busang mo go yone. (Pesalema 37:9-11; 46:8, 9) Isagwe eo ke ya boammaaruri ka gonne Mmopi mothatayotlhe o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. (Isaia 55:11) Mme le fa go ntse jalo, go segofadiwa ga rona ka botshelo kwa Paradaiseng ga go a ikaega mo tlholelong; re tla go ipelela ka ntlha ya go dira go rata ga Modimo ka kutlo mo nakong eno. (2 Bathesalonika 1:6-8; Tshenolo 7:14, 15) Modimo o re neile gore re itlhophele se re se batlang gape o re kgothatsa jaana: “Itshenkele botshelo, gore o tshele.” (Duteronome 30:19) O tlile go tlhopha eng? Isagwe ya gago e mo diatleng tsa gago, ga ya tlogelwa mo tlholelong.

[Ditshwantsho mo go tsebe 28]

Modimo o ikaeletse go neela batho ba ba kutlo isagwe e e itumedisang

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela