A le Ne le Tlhamilwe?
Leitlho la Dilense Tse Dintsi
◼ “Dileyara tse di rulagantsweng sentle mo godimo ga tse dingwe.” Ke tsela e Porofesa Luke Lee wa Yunibesithi ya California U.S.A., a neng a tlhalosa matlho a a nang le dilense tse dintsi a ditshenekegi tse dintsi ka yone.
Akanya ka seno: Matlho a ditshenekegi dingwe, tse di jaaka dinotshe le di-dragonfly, a dirilwe ka dilense tse dintsintsi, tse nngwe le nngwe ya tsone e lebileng go sele. Ditshwantsho dingwe le dingwe tse di bonwang ke lense nngwe le nngwe ya leitlho leno, di a kopana go nna setshwantsho se segolo se se bonalang sentle se se thusang go bona motsamao mongwe le mongwe.
Baitsesaense ba batlisisa ditsela tsa go etsa matlho a ditshenekegi a a nang le dilense tse dintsi, gore ba tle ba kgone go dira metšhini e e kgonang go tshwara ditshwantsho ka lobelo lo logolo le dikhamera tse dinnye tse di kgonang go bona mo matlhakoreng otlhe. Mme di ka dirisiwa ka ditsela di le dintsi. Tsela e nngwe e di ka dirisiwang ka yone ke mo kalafing, ka sekai, go kgona go bona ka mo gare ga mpa. Sedirisiwa seno sa kalafi se se akantshiwang se tlhalosiwa e le “selo se sennye” se molwetse a ka kgonang go se metsa. Fa se setse se le mo mpeng, sedirisiwa seno se tla kgobokanya tshedimosetso e se e bonang ka leitlho la sone le le kgonang go bona dilo di le dintsi ka nako e le nngwe, se bo se romela tshedimosetso eo.
Setlhopha sa baenjenere se setse se dirile leitlho la maitirelo le le kgonang go bona dilo tse dintsi ka nako e le nngwe le le nang le dilense tse di fetang 8 500 tse fa di kopane di ka nnang dimilimetara tse 2,5. Le fa go ntse jalo thekenoloji eno, ga se sepe fa e bapisiwa le matlho a ditshenekegi. Ka sekai, dragonfly e na le dilense di le 30 000 mo leitlhong le le lengwe fela!
Ipotse jaana: ‘A leitlho leno le le gakgamatsang la ditshenekegi le itlhagetse fela? Kgotsa a le tlhamilwe?’
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Karolo e e godisitsweng ya leitlho la notshe
[Motswedi wa Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Background: © Stephen Dalton/Photo Researchers, Inc.; close-up: © Raul Gonzalez Perez/Photo Researchers, Inc.