Basha ba Botsa Jaana
Ke Tshwanetse go Leba Jang Nako E ke E Beetsweng ya Go Tla Gae?
O fitlha gae morago ga go itumelela maitseboa le ditsala tsa gago. Go thari. O fitlhile gae morago ga nako e o e beetsweng, mme jaanong o tshwanetse go lebana le batsadi ba gago. O a okaoka pele o tsena mo ntlong. O solofela gore ‘gongwe Mama le Papa ba setse ba robetse.’ O bula mojako ka bonya mme o fitlhela ba eme fela foo—ba lebile nako mme ba letile gore o tlhalose.
A O KILE wa lebana le boemo jo bo tshwanang le jo bo tlhalositsweng fa godimo? A wena le batsadi ba gago lo a tle lo se ka lwa utlwana ka gore nako e e siameng ya go tla gae ke efe? Debora wa dingwaga di le 17 a re: “Re nna mo lefelong le le sireletsegileng mme ga ke kgone go intsha go fitlha morago ga bosigogare kwantle ga gore batsadi ba me ba tshoge.”a
Ke ka ntlha yang fa go ka nna thata jaana go tla gae ka nako e e tshwanetseng? A go phoso go batla go nna le kgololosego e e oketsegileng? Nka leba jang nako ya go tla gae e batsadi ba me ba mpeetseng yone?
Mathata a Nnang Gone
Go ka go utlwisa botlhoko thata go beelwa nako ya go tla gae, bogolo jang fa seo se fokotsa nako e o nnang le yone le ditsala tsa gago. Natasha wa dingwaga di le 17 a re: “Kgang ya go beelwa nako ya go tla gae e a ntena tota. Ka nako nngwe batsadi ba me ba ne ba itse gore ke ne ke lebile difilimi le ditsala mo go nngwe ya matlo a a leng gaufi le kwa gae. Le fa go ntse jalo, fa ke ne ke nna thari ka metsotso e le mebedi fela ba ne ba nteletsa mogala mme ba mpotsa gore ke ka ntlha yang fa ke ise ke tle gae!”
Mosetsana mongwe yo o bidiwang Stacy o ne a tlhalosa bothata jo bongwe gape. A re: “Mama le Papa ba ne ba lebeletse gore ke fitlhe gae pele ba robala. Fa ba ne ba ka nkemela go ne go raya gore ke tla fitlhela ba tenegile.” Ba ne ba dira eng morago ga foo? Stacy o oketsa jaana: “Ba ne ba tla dira gore ke nne le segakolodi se se molato. Mme seno se ne se nkutlwisa botlhoko. Ke ne ke sa tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa ba ne ba sa ye go robala!” Dikgotlhang tse di ntseng jalo di ka dira gore o ikutlwe ka tsela e e tshwanang le e Katie wa dingwaga di le 18 a neng a ikutlwa ka yone fa a ne a bua jaana: “Ke eletsa e kete batsadi ba me ba ka mpha kgololosego e e oketsegileng e le gore ke se ka ka ikutlwa e kete ke a ba pateletsa go dira jalo.”
Gongwe o ikutlwa fela jaaka basha bangwe ba ba nopotsweng ba neng ba ikutlwa ka teng. Fa e le gore go ntse jalo, ipotse potso eno:
Ke ka ntlha yang fa ke itumelela go nna ke se kwa gae?
Go dira gore ke ikutlwe ke dira dilo tse ke di ratang.
Go fokotsa go ngomoga pelo.
Go dira gore ke kgone go nna le nako le ditsala tsa me.
Go a utlwala go ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo. Ke ga tlhago go batla go dira dilo ka tsela e wena o ratang ka yone fa o ntse o gola mme go ipelela nako le ditsala go ka lapolosa. Mo godimo ga moo, Baebele e go kgothaletsa gore o nne le ditsala le batho ba ba ka go agang. (Pesalema 119:63; 2 Timotheo 2:22) Seno se ka nna thata fa o nna o ntse kwa gae ka dinako tsotlhe!
Le fa go ntse jalo, o ka ipelela jang kgololosego e e ntseng jalo le fa o lebeletswe gore o tle gae ka nako e o akanyang gore ga e akanyetse? Akanya ka dilo tse di latelang.
Kgwetlho #1: Nako ya gago ya go tla gae e dira gore o ikutlwe o ka re o ngwana.
Andrea yo gone jaanong a nang le dingwaga di le 21 a re: “Ke ne ke ikutlwa e kete ke ngwana fa ke ne tshwanela go kgoreletsa maitiso a mongwe le mongwe gore ba ntlise gae ka bonako.”
Se se ka go thusang: Akanya o ya go tsaya makwalo a go kgweetsa ka lekgetlho la ntlha. Mo mafelong a mangwe go na le dithibelo tsa gore o ka kgweetsa kae, leng kgotsa o na le mang—bobotlana go fitlha o nna le dingwaga tse di rileng. A jaanong o ka tlogela go batla makwalo ao o bua gore: “Fa e le gore ga ke letlelelwe go itirela se ke se batlang go botoka gore ke se ka ka kgweetsa gotlhelele”? Le e seng! O tla tsaya go bona makwalo a go kgweetsa e le go nna le phitlhelelo e kgolo.
Ka tsela e e tshwanang, leka go leba go beelwa nako ya go tla gae e le tswelelopele e e rileng—kgato e e isang kwa tseleng e e siameng. O se ka wa tlhoma mogopolo mo go se e go thibelang sone mme o o tlhome mo kgololesegong e e go nayang yone. A ga o na kgololesego e e gaisang ya fa o ne o le monnye?
Lebaka la go bo seno se le molemo: Go ka nna motlhofo gore o amogele nako e o e filweng ya go tla gae fa fela o go leba go go bulela sebaka go na le go nna sekgoreletsi. Go dirise sentle gone jaanong mme go ka direga gore o bone kgololesego e e oketsegileng mo nakong e e tlang.
Kgwetlho #2: Ga o tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa go lebeletswe gore o tle gae ka bonako jaana.
Nikki yo ka nako nngwe a neng a sa rate nako e a e beetsweng ya go tla gae a re: “Ke gakologelwa ke akanya gore mmè o baya melao fela ka ntlha ya gore o ne a rata go e baya.”
Se se ka go thusang: Dirisa molaomotheo o o fitlhelwang mo go Diane 15:22 e e reng: “Go na le go kgoreletsega ga dithulaganyo kwa go se nang puo ya sephiri teng, mme go na le se se fitlhelelwang mo go nang le bagakolodi ba bantsi teng.” Tlotla le batsadi ba gago ka kgang eno o ritibetse. Leka go bona gore ke ka ntlha yang fa ba tlhophile nako e ba e tlhophileng.b
Lebaka La go Bo go Le Molemo: Go reetsa mabaka a batsadi ba gago go ka nna molemo. Stephen a re: “Rre o ne a mpolelela gore mmè ga a kgone go robala bosigo go fitlha ke fitlha gae ke babalesegile. Ke ne ke ise ke akanye ka seo.”
Gakologelwa: Ka dinako tsotlhe go molemo go tlotla ka dikgang pele o ka bua ka go galefa—e leng selo se se nang le diphelelo tse di seng monate. Natasha yo o nopotsweng pelenyana a re: “Ke fitlhetse gore fa ke galefela batsadi ba me gantsi ba nthibela dilo dingwe tse ke neng ke batla go di dira.”
Kgwetlho #3: O ikutlwa e kete botshelo jwa gago bo a laolwa.
Ka dinako dingwe batsadi ba bua gore go baya melao ya lelapa—e e ka akaretsang nako ya go tla gae—go re solegela molemo. Brandi wa dingwaga di le 20 a re: “Fa batsadi ba me ba mpolelela jalo go ntira gore ke akanye gore ga ba batle gore ke itirele ditshwetso tsa me.”
Se se ka go thusang: O ka itlhophela go latela kgakololo ya ga Jesu e e kwadilweng mo go Mathaio 5:41: “Mme fa mongwe yo o nang le taolo a go patelela gore o dire tirelo sekgala sa maele, tsamaya le ene dimaele tse pedi.” Ashley le morwarraagwe ba fitlhetse go le molemo go dirisa molaomotheo oo. A re: “Gantsi re leka go fitlha gae metsotso e le 15 pele ga e re e beetsweng.” A le wena o ka ipeela mokgele o o tshwanang?
Lebaka La go Bo Seno se le Molemo: Go itumedisa tota go dira dilo ka go bo re batla, go na le go di dira ka go bo re tshwanetse go di dira! Gape akanya ka seno: Fa o tlhopha go fitlha gae ka bonako, ke wena o laolang nako ya gago. Mo godimo ga moo, o ka gakololwa molaomotheo ono: “Kgato ya gago e e molemo e nne, e seng ka go patelelwa, mme e nne ka go rata ga gago.”—Filemone 14.
Gape go fitlha gae go sa le gale go dira gore batsadi ba gago ba go tshepe mme gantsi go ka dira gore ba go neye kgololesego e e oketsegileng. Wade wa dingwaga di le 18 o ne a lemoga seno a re: “Fa batsadi ba gago ba simolola go go tshepa, ba go naya kgololesego e e oketsegileng.”
Kwala kgwetlho e nngwe e o lebanang le yone ka ntlha ya nako e o e beetsweng ya go tla gae.
Ke eng se se ka go thusang gore o fenye kgwetlho eno?
Ke ka ntlha yang fa o akanya gore seno se ka nna molemo?
Letsatsi lengwe fa o sa tlhole o nna kwa gae, gongwe o tla ipelela kgololesego e e oketsegileng. Mme gone jaanong, baa pelo. Tiffany yo gone jaanong a leng dingwaga di le 20 a re: “Gongwe ga o na kgololesego yotlhe e o e batlang mme gone o ka ithuta go lepalepana le dithibelo, o ka se nne o sa itumela dingwaga tsotlhe tsa bosha jwa gago.”
a Maina mo setlhogong seno a fetotswe.
b Go bona dikakantsho, bona setlhogo sa Basha ba Botsa Jaana . . . Ke Eng Fa Ke Tshwanetse Go Tshela ka Melao e Mentsintsi Jaana? mo kgatisong ya Tsogang! ya December 2006.
DILO TSE O KA AKANYANG KA TSONE
Go beelwa nako ya go tla gae go bontsha jang gore batsadi ba gago ba amega ka wena?
Fa o setse o tlile gae morago ga nako e o e beetsweng, o ka dira jang gore batsadi ba gago ba go tshepe gape?