Ditebego Tse Pedi Tsa Motse wa Bucharest
KA MOKWADI WA TSOGANG! KWA ROMANIA
FA O leba Bucharest o le kgakala, go bonala go na le moago o le mongwe o o tlhomologileng—Ntlo ya Segosi ya Palamente (1), e ka nako ya Bokomonisi e neng e itsege e le Ntlo ya Batho. Moago ono o e seng wa maemo a a kwa godimo, o e leng o mogolo go gaisa mo lefatsheng, ke lengwe la mafelo a a ngokang bajanala thata.
Ka ditsela dingwe, ntlo eno ya segosi e supa kafa Bucharest ya segompieno e lebegang ka teng. Mme batho ba koo ba na le maikutlo a a farologaneng ka moago o mogolo ono. Baagi ba solofela gore baeti ba tla anaanela gape le tebego e nngwe ya motse—tsela e ntle e o neng o agilwe ka yone mo nakong e e fetileng.
Motsemogolo wa Nako e e Fetileng
Ka 1862, Bucharest e ne ya dirwa motsemogolo wa naga ya Romania. Mo karolong ya bobedi ya lekgolo la bo19 la dingwaga, motse oo o ne wa gola ka bonako. Ka go latelana, go ne ga agiwa meago e e kgatlhang mme e le mentle go bapa le mebila e e nang le ditlhare, e agiwa ka dipolane tse di tlhamilweng ke badiri ba dipolane ba Bafora. Mme ka go bo go na le diparaka, ditshingwana le dipatlelo tse dintsi, Bucharest e ne ya bidiwa motse wa tshingwana. Bucharest gape e nnile mongwe wa metse ya ntlha mo lefatsheng e e neng ya bonesiwa ka dipone tsa mmila tse di tukang ka oli. Ka 1935 Arch of Triumph (2), e e tshwantshiwang le Arc de Triomphe e e mo Champs-Élysées kwa Paris, e ne ya agiwa mo mmileng o montle wa Kiseleff Avenue. Tebego e ntle ya motse e ne e ka dira gore monna wa Mofora a ikutlwe a le kwa gae. Tota e bile, Bucharest e ne ya ba ya tewa leina la sereto la Paris e Nnye ya kwa Botlhaba.
Morago ga Ntwa ya Lefatshe II, Bucharest, e e neng e laolwa ke Bakomonisi, e ne ya nna le diphetogo tse dikgolo. Mo e ka nnang nngwetharong ya bogare jwa motse, e bontsi jwa dikago tse di botlhokwa di neng di le gone, e ne ya thubiwa gore go bonwe phatlha ya go aga difolete. Mo dingwageng tsa bo1960 le 1961 fela, go ne ga agiwa difolete tse di ka nnang 23 000. Ka 1980, go ne ga simololwa go dirwa dithulaganyo tsa go aga Ntlo ya Batho. Mme kgabagare e ne ya nna le ditshwaradipone tse di kgabisitsweng le moago o o sireletsegileng o o leng dimetara di le 90 kwa tlase ga mmu, o batho ba ka iphitlhang mo go one fa go ka thuntshiwa dibomo. E re ka o ne o na le boalo jwa bogolo jwa disekweremetara di le 360 000, matlhatlhaganyane a le 12 le dikamore di le 1 100, o feta Palace of Versailles ya kwa Fora ka makgetlho a a menaganeng gararo. Go ile ga tlosiwa karolo e kgolo ya motse wa bogologolo gore go agiwe ntlo eno ya segosi le mmila o mogolo—o bophara jwa one bo fetang mmila wa Champs-Élysées—o o yang kwa botsenong jo bogolo. Batho ba ba neng ba itse Bucharest ka tsela e e neng e ntse ka teng pele, ba ne ba sa kgone le go lemoga gotlhelele gore e sa ntse e le one motse oo.
Mo baaging ba le bantsi ba koo, ntlo e kgolo eno ya segosi ke segopodiso se se sa itumediseng sa moagi wa yone—mmusaesi yo o sa tlholeng a tshela e bong Nicolae Ceauşescu. E re ka a ne a batla go ikagela sefikantswe, o ne a laela badiri ba dipolane ba ba ka nnang 700 mmogo le babereki ba bangwe ba ba diketekete go bereka ka thata mo kagong eno letsatsi lotlhe. Fa puso ya gagwe e ne e phutlhama ka 1989, moago oo o ne o ise o wediwe, le fa gone o ne o setse o jele madi a a fetang didolara di le bilione.
Tebego e Nngwe
Mo karolong ya bogologolo e e setseng ya motse, o ka kgona go bona tebego e e farologaneng ya motse ono. Fa o le koo, o sa ntse o ka kgona go bona tsela e ntle e Bucharest ya bogologolo e neng e agilwe ka yone. Mme kwa Musiamong wa Motse (3)—nngwe ya dimusiamo tse dintsi tsa motse ono—o ka kgona go bona ditsela tse di farologaneng tsa go tshela tsa motseselegae wa Romania. Mo parakeng e e ritibetseng e e okameng letsha, matlo a a fetang 50 a batho ba maemo a a kwa tlase le dikago tse dingwe go ralala Romania di ne tsa agiwa sesha gape, mme matlo ano a ne a lebega bontle. Ntlo nngwe le nngwe e tshwana le musiamo, e na le dithulusu, e bontsha kafa dikgwebo le tikologo ya legae ya Romania e farologaneng thata le kafa Bucharest e ntseng ka teng gompieno.
Ga go na pharologano e kalo fa gare ga meago ya bogologolo le ya segompieno ya motse ono. Go tlwaelegile go bona meago e e bapileng e e agilweng ka dinako tse di farologaneng thata (4). Ka jalo, ditebego tse pedi tsa Bucharest di bapile mo motseng o o nang le meago ya bogologolo le ya segompieno.
[Ditshwantsho mo go tsebe 10]
1 Ntlo ya Segosi ya Palamente
2 Arch of Triumph
3 Musiamong wa Motse
4 Meago e e bapileng e e agilweng ka dinako tse di farologaneng thata
[Motswedi wa Setshwantsho]
© Sari Gustafsson/hehkuva/age fotostock