LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/10 ts. 3
  • “Bothata jo bo Anameng Jwa go sa Ikanye Ope”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Bothata jo bo Anameng Jwa go sa Ikanye Ope”
  • Tsogang!—2010
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng Fa go Sa Tshepanwe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Go ka Boa ga Tshepanwa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Basimane ba Babedi ba ba Neng ba Tshela Gape
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2010
g 10/10 ts. 3

“Bothata jo bo Anameng Jwa go sa Ikanye Ope”

Kwa Afrika Bophirima, mosimane mongwe wa dingwaga tse 12 o robetse mo bolaong kwa bookelong—mme seno se bakilwe ke seokobatsi se se thibelang malaria se e seng sone se mmaagwe a se rekileng kwa lebenkeleng le le letleletsweng semolao go rekisa melemo. Ngaka nngwe ya bookelo ya re: “Mo e ka nnang dingwaga di le 15 re ntse re fitlhela melemo e e seng yone mo marekisetsong.”a

Kwa Asia, batsadi ba lesea la mosimane le le sa tswang go tsholwa ba ne ba garogile pelo morago ga go utlwa gore maši a go tweng a na le dikotla a ba ntseng ba mo fepa ka one a kgotletswe ke botlhole jo bo kotsi. Ka maswabi, lesea leno le ne la tlhokafala.

Rakgwebo yo o ikanngwang wa kwa Amerika o tsieditse bareki ba gagwe ka dibilione tsa didolara! Batho ba le bantsi ba lemogile gore ba latlhegetswe ke madi a bone a phenshene mo go se go tweng ke “tsietso e e di gaisang tsotlhe mo lekgolong la dingwaga.”

MO MOTLHENG wa gompieno, mo e batlang e nna mongwe le mongwe o ile a swabisiwa ke motho yo a mo ikanyang, e ka nna gangwe kgotsa go feta. Tota le maemo a a sa siamang a ikonomi a a aparetseng lefatshe a bakilwe ke se lokwalodikgang lwa kwa Fora e leng Le Monde lo se bitsang “bothata jo bo anameng jwa go sa ikanye ope.”

Ke dilo dife tse di dirileng gore go nne le “bothata jwa go sa ikanye ope”? A go na le mongwe yo o ka mo ikanyang?

[Ntlha e e kwa tlase]

a Kgang eno e begilwe mo lokwalodikgannyeng lwa Le Figaro, lo lo gatisiwang kwa Paris, Fora.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela