LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/11 ts. 27
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2011
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Hisitori e e Tlhabisang Ditlhong”
  • Metsi mo Ngweding
  • Ditena Tsa Gauta go Tswa mo Metšhineng e go Rekwang ka Madi mo go Yone
  • A Khumo ya ga Kgosi Solomone e a Fetelediwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Batla Sengwe se se Botoka Thata go Gaisa Gouta
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Thibelo mo Legaeng
    Tsogang!—1993
  • Dilo Tse Di Tlwaelesegileng mme Di Se Boammaaruri
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2011
g 4/11 ts. 27

Ditiragalo Tsa Lefatshe

“Palo e e fetang halofo ya batho ba kwa Russia ba akanya gore go naya badiredibagolo pipa molomo ke tsela e e molemolemo ya go ‘rarabolola mathata.’”—REUTERS NEWS SERVICE, RUSSIA.

“Patlisiso nngwe e ile ya bontsha gore diperesente di le 17,5 tsa bagolo ba Ba-China ba na le malwetse a tlhaloganyo . . . Basadi ba tshwarwa thata ke bolwetse jwa go fetofetoga maikutlo le bolwetse jwa go tlhobaela go feta banna.”—CHINA DAILY, CHINA.

“Go ya ka diphopholetso tsa mokgatlho wa National Safety Council, bobotlana diperesente di le 28 tsa dikoloi tse di thulanang kwa United States—kgotsa dikoloi tse di thulanang di le dimilione di le 1,6 ngwaga le ngwaga—di bakiwa ke bakgweetsi ba ba dirisang difouno tsa selula kgotsa ba ba romelang/ba ba balang melaetsa ya founo.”—UC BERKELEY WELLNESS LETTER, U.S.A.

“Hisitori e e Tlhabisang Ditlhong”

The Irish Times ya re: “Pego ya Khomishene ya go Batlisisa Kgang ya go Sotliwa ga Bana e senola hisitori e e tlhabisang ditlhong ya kwa Ireland. Go ya ka lokwalodikgang leo, pego eno e senola hisitori e e tlhabisang ditlhong ya bana ba ba nnang ba sotliwa kwa ditheong tsa bodumedi tsa Kereke ya Katoliki, ditshotlo tse di simololang ka go “itaya bana ka go bo ba na le dinta mo ditlhogong tsa bone” go ya go go sotla bana ka tlhakanelodikobo ka metlha. Lokwalodikgang loo lo bolela gore tshotlo eo e ne ya itlhokomolosiwa ka ntlha go ikanyega ka tsela e e sa tshwanelang mo “taolong e e feletseng ya Kereke ya Katoliki.” Fa setlhogo se segolo mo lokwalodikgannyeng lwa Times se nopola mafoko a mongwe wa batho ba ba neng ba utlwela bana ba ba sotliwang bano botlhoko, se ne sa re “Lo Tlhabisa Ditlhong, Lona Kereke le Puso.”

Metsi mo Ngweding

Baitsesaense ba ba ileng ba gorosa sesutlhalefaufau se se nang le dikarolo di le pedi kwa ngweding, ba bolela gore ba ile ba lemoga gore go na le metsi mo ditholeng tse di neng tsa thuntsa fa se goroga. Leru leo la lorole le ne la tlhatlhobiwa ka di-spectrometer—didirisiwa tse di tlhatlhobang dikarolwana ka go tlhaola lesedi le le di monyang kgotsa lesedi le le di ntshang. Michael Wargo, yo e leng moitsesaense wa lesedi yo o di gogang kwa pele kwa ntlokgolong ya NASA kwa Washington, D.C., o ne a bolela jaana: “Re ithuta dilo tse dintsi ka moagelani wa rona yo o gaufi e leng ngwedi mme e bile re ithuta go le gontsi ka thulaganyo ya rona ya masedi a tlholego.” Bosheng jaana, motšhini o o tlhatlhobang ngwedi o ne wa senola gore go na le ditone di le dimilione tsa metsi kwa karolong e e kwa bokone jwa ngwedi.

Ditena Tsa Gauta go Tswa mo Metšhineng e go Rekwang ka Madi mo go Yone

Mo mafelong a le mmalwa go ralala lefatshe, gone jaanong ditena tsa gauta ke dingwe tsa dilo tse di mo lenaaneng la dilo tse di ka bonwang mo motšhining o go dirisiwang madi go reka mo go one. Ka sekai, hotele nngwe ya kwa Abu Dhabi kwa United Arab Emirates, e ile ya tsenya motšhini o o ntshang dilwana di le 320, go akaretsa le ditena tsa gauta tse di nang le boima jwa digerama di le lesome le madi a tshipi a a dirilweng ka gauta a a kgonang go tsena foo. Ditlhwatlhwa tsa gauta di fetolwa metsotso mengwe le mengwe e le lesome, go dirisiwa mafaratlhatlha a khomputara a a golaganeng le dimmaraka tsa lefatshe. Kwa tshimologong, motšhini o ne o amogela madi a kwa lefelong leo fela mme go ne ga dirwa gore o kgone go dirisa le karata ya sekoloto. Pego ya Reuters e bolela gore lefelo la go rekisa ditena tseno tsa gauta le ne la tlhophiwa “ka gonne batho ba kgaolo eo ba rata go reka gauta thata.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela