LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/12 ts. 25-27
  • A di Ka Sirelediwa Gore Di se Ka Tsa Fela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A di Ka Sirelediwa Gore Di se Ka Tsa Fela?
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ditshedi Tse di Farologaneng Tsa Kwa New Zealand
  • Maiteko a a Molemo
  • Thulaganyo e e Raraaneng ya Botshelo
    Tsogang!—2001
  • Mefuta ya Ditshedi E e Mo Kotsing ya go Nyelela—Bogolo Jwa Bothata Jono
    Tsogang!—1996
  • Lebaka La go Bo Mefuta ya Ditshedi E le Mo Kotsing ya go Nyelela
    Tsogang!—1996
  • Go Boloka le go Sireletsa Kgatlhanong le go Nyelela
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 4/12 ts. 25-27

A di Ka Sirelediwa Gore Di se Ka Tsa Fela?

KA 2002, lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng le ne la itsise ka mokgele wa gore fa dingwaga tse di lesome tse di tlang di wela, selekanyo se mefuta ya ditshedi di felang ka sone le se tikologo e senngwang ka sone se tla bo se fokoditswe. Go dumalana le mokgele oo, 2010 e ne e tla nna Ngwaga wa Boditšhabatšhaba wa Ditshedi Tse di Farologaneng.

Ka maswabi, fa ngwaga oo o fitlha, go ne go le kgakala gore go ka fitlhelelwa mokgele oo. BBC e ne ya bega jaana: “Ka ntlha ya dilo tse di dirwang ke batho, mefuta ya ditshedi e fela ka lobelo lo lo fetang lo di ka bong di fela ka lone ka tlholego go menagane ga 1 000.” Lokwalodikgang lwa New Zealand Herald lone lo ne lwa bua jaana ka tlhamalalo: “Semela se le sengwe mo go tse tlhano, seamusi se le sengwe mo go tse tlhano, nonyane e le nngwe mo go tse supa le setshedi se se nnang mo lefatsheng le mo metsing se le sengwe mo go tse tharo jaanong di mo kotsing ya go fela mo lefatsheng lotlhe.” Bongwe jwa bothata jono bo bonala fa re sekaseka se se diragetseng kwa New Zealand fa go ntse go feta makgolokgolo a dingwaga.

Ditshedi Tse di Farologaneng Tsa Kwa New Zealand

Pele batho ba nna kwa New Zealand, dimela le diphologolo tsa koo di ne di tshela sentle. Le fa go ntse jalo, batho ba ba neng ba thibelela koo lantlha ba ne ba tla ka mefuta ya ditshedi e e neng e tla dira gore go nne le diphelelo tse di sa siamang mo diphologolong tsa naga tsa koo. Ka sekai, Bamaori ba ne ba tla ka dintša go kgabaganya lewatle la Pacific, gongwe ba ne ba tla le ka di-kiore (kgotsa magotlo a kwa Polynesia) tse ba neng ba di ja.

Go tswa foo, ka lekgolo la bo17 le la bo18 la dingwaga, Bayuropa ba ne ba goroga mme ba tla ka di-ship rat, dipeba, le dikatse—dikatse tse moragonyana di neng tsa nna tlhaga. Gape Bayuropa ba ne ba tla ka dipodi, dikolobe le mofuta mongwe wa phuti gore di jewe. Ka lekgolo la bo19 la dingwaga ba ne ba tlisa phologolo nngwe e e bidiwang brush-tailed possum le mmutla—gore ba dirise boboa jwa tsone le go ja nama ya tsone—ba sa akanyetse ka gope gore ditshedi tseo di tla ama jang ditlhare, dinonyane le dimela tsa koo.

Ka bo1860, mebutla e ne e setse e le mentsi go feta selekanyo, ka jalo go ne ga tlisiwa phologolo nngwe e e bidiwang stoat. Le fa go ntse jalo, di-stoat di ne di rata go tsoma dinonyane tsa koo tse di seng bofefo e bile di sa kgone go itshireletsa. Ka ntlha ya seo, mebutla e ne ya tswelela e ata.

Gompieno, ka ntlha ya mathata a a ntseng a oketsega a a bakwang ke diamusi tse di senyang, Lefapha la Tshomarelo ya Tlhago la kwa New Zealand le bega gore gone jaanong ditsuanyane di le 9 mo go di le 10 tsa brown kiwi tsa naga di tla swa pele di wetsa ngwaga. Mefuta e le mentsi ya ditshedi e setse e fedile gotlhelele: dinonyane, mefuta e feta 40; digwagwa, e le 3; bommamathwane, o le 1; le mekgantitswane, bobotlana e le 3—mmogo le mefuta e le mentsi ya ditshenekegi. Palo e e fetang halofo ya mefuta e le 5 819 ya dimela le diphologolo tsa kwa New Zealand di tsewa di le mo kotsing ya go fela, se se dirang gore diphologolo tsa naga kwa nageng eo e nne tse di mo kotsing go gaisa tsotlhe mo lefatsheng.

Maiteko a a Molemo

Jaanong dikemedi tsa puso di ntshitse matlho dinameng go thibela mefuta e e kotsi ya dimela le diphologolo gore e se ka ya tsena mo New Zealand. Mo godimo ga moo, Lefapha la Tshomarelo ya Tlhago le dirile maiteko a mantsi a go fedisa ditshedi tse di senyang, bogolosegolo kwa ditlhaketlhakeng mme gape le dirile mafelo a a sireletsang diphologolo tsa naga.

Sengwe sa ditlhaketlhake tse di tsosolositsweng ke sa Tiritiri Matangi, se se gaufi le lotshitshi lwa Sekasetlhaketlhake sa Whangaparaoa se se kwa Auckland. Magotlo a ne a fedisiwa mo lefelong leno ka 1993 ga ba ga jalwa sesha ditlhare tsa koo di ka nna 280 000, mme gone jaanong lefelo leno ke lefelo le le sireletsegileng le baeng ba ka tlang go reetsa le go bona mefuta ya dinonyane tsa koo tse di buseditsweng mo lefelong leno, tse di akaretsang tseno tse di bonwang sewelo: saddleback, takahe, kokako, rifleman le stitchbird. Ditshedi tseno tse dintle di gola sentle mo lefelong leno le le se nang dibatana mme gantsi di letla baeng gore ba di bonele gaufi.

Ka 2003, go ne ga bolelwa fa Setlhaketlhake sa Campbell se se kafa bokone jwa Antarctic Circle se sa tlhole se na le magotlo morago ga thulaganyo ya dingwaga di le pedi ya go a fedisa. Fa e sa le ka nako eo, dimela tsa koo di gola gape le dinonyane tsa lewatle di a boa. Tota le pidipidi ya mofuta o o sa tlwaelegang e e bidiwang teal ya kwa Setlhaketlhakeng sa Campbell e buseditswe mo lefelong leno.

Bosheng fela jaana, go ne ga simololwa porojeke e kgolo ya go busetsa dimela le diphologolo tsa ditlhaketlhake tsa Rangitoto le Motutapu mmogo le tsa Kgogometso ya Hauraki e e kwa Auckland. Boikaelelo jwa porojeke eno ke go sireletsa sekgwa se segolo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng sa kwa Pohutukawa le go tlhokomela diphologolo tsa naga tse di buseditsweng mo nageng ya tsone. Fa ditshedi tse dintsi tse di senyang—go akaretsa mebutla, di-stoat, ditlhong, dikatse tse di tlhaga, di-Norway rats, di-ship rat le dipeba—di sena go fedisiwa, go ne ga bonwa di-red-crowned parakeet le di-bellbird mo ditlhaketlhakeng tseno morago ga gore di nyelele ka dingwaga di le lekgolo!

Dikai tseno di bontsha dilo tse di ka dirwang go busetsa mefuta ya ditshedi e e mo kotsing le go baakanya diphoso tse di dirilweng mo tikologong mo nakong e e fetileng ka ntlha ya go sa lebele dilo pele. Batho botlhe ba ba ratang dilo tsa tlholego ba ka lebelela pele segolobogolo kwa tsholofetsong ya Baebele ya gore Jehofa Modimo, “Modiri wa legodimo le lefatshe,” o tla fedisa mekgwa e e kotsi e e tsenyang dilo tsa tlholego mo kotsing, go akaretsa le diphologolo tsa naga.—Pesalema 115:15; Tshenolo 21:5.

[Mafoko a a mo go tsebe 25]

Gone jaanong ditsuanyane di le 9 mo go di le 10 tsa kiwi di swa pele di wetsa ngwaga

[Lebokoso mo go tsebe 26]

GO DIRISA MADI KA BOTLHALE

Bothata jo batho ba ba tlhokometseng tlhago mo lefatsheng lotlhe ba lebaneng le jone ke lenaane le le ntseng le oketsega la mefuta ya ditshedi tse di mo kotsing ya gore di ka fela mme go se na madi a a lekaneng go rarabolola bothata jono. Mokgwa mongwe o ba o dirisang o bidiwa conservation triage, o o theilweng mo mokgweng o o dirisiwang mo diphaposing tsa thuso ya potlako kwa dikokelong tsa lefatshe lotlhe wa go alafa batho ba ba gobetseng go feta ba bangwe pele. Mokgwa ono o gape o bidiwang ecological triage o leka go dirisa madi mo ditirong tse di tla nnang le matswela a a botoka, go akanyeditswe dilo tse di tshwanang le (1) gore go tsewa gore mofuta o o rileng wa setshedi kgotsa lefelo le se nnang mo go lone le tla nna le molemo o o kana kang (2) gore tsela e e akantshitsweng e ka atlega go le kana kang le (3) gore go tla tlhokega madi a a kana kang. Le fa e se batho botlhe ba ba dumalanang le mokgwa ono, batho ba ba dumalanang le one ba re o thusa gore go dirisiwe madi a mannye a a leng teng ka tsela e e molemolemo, go tlhomilwe mogopolo mo ditirong tse di ka nnang le matswela a a molemo.

[Mmapa mo go tsebe 26]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

NEW ZEALAND

Kgogometso ya Hauraki

Setlhaketlhake sa Tiritiri Matangi

Rangitoto le Motutapu

Setlhaketlhake sa Campbell

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

“Brown kiwi”

[Motswedi wa Setshwantsho]

© S Sailer/​A Sailer/​age fotostock

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Nonyane e e godileng ya “takahe” mo Setlhaketlhakeng sa Tiritiri Matangi

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Setlhaketlhake sa Campbell

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 27]

Takahe: © FLPA/​Terry Whittaker/​age fotostock; Campbell Island: © Frans Lanting/​CORBIS

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela