LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 12/12 ts. 16-18
  • Go Nna Monna wa Mmatota go Kaya Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nna Monna wa Mmatota go Kaya Eng?
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se batho bangwe ba se bolelang:
  • Se batho ba bangwe ba se bolelang:
  • ‘A Botswelelopele jwa Gago Bo Bonatshege’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Borre ba ka Dira Jang Gore ba Nne ba Atamalane le Bomorwaabone?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • A re Ditsala Fela—Kgotsa re a Ratana?, Karolo 2
    Tsogang!—2012
  • A Motho Yono o Ntshiametse?
    Dipotso Tse Basha ba bi Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo—Bolumo ya 2
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 12/12 ts. 16-18

Basha ba Botsa Jaana

Go Nna Monna wa Mmatota go Kaya Eng?

“Rre o tlhokafetse ke na le dingwaga tse tharo. Ka dinako tse dingwe ke tswela pelo basimane ba ba godileng ba na le borraabone. Ba lebega ba itshepile thata go mpheta.”—Alex.a

“Ga ke na kamano e e gaufi le rre. Ke ile ka tshwanelwa ke go ithuta ka bonna gore go kaya eng go nna monna wa mmatota.”—Jonathan.

A O KILE wa ikutlwa jaaka makawana a a nopotsweng fa godimo? A ka ntlha ya lebaka lengwe kgotsa mabaka mangwe o boifa gore o ka se tsamaye o ithuta gore go kaya eng go nna monna wa mmatota? Fa go ntse jalo, o se ka wa itlhoboga!

Ela tlhoko kafa o ka fenyang ka teng dikgwetlho di le pedi tse di tlwaelegileng.

KGWETLHO 1: Dikgopolo tse di tlwaelegileng tse di seng boammaaruri ka go nna monna

Se batho bangwe ba se bolelang:

  • Banna ba mmatota ga ba bokoa; ga ba ke ba lela.

  • Banna ba mmatota ga ba letlelele ope gore a ba bolelele gore ba dire eng.

  • Banna ba botoka mo basading.

Tsela e nngwe ya go leba kgang eno: Re ka bona gore motho ke monna wa mmatota fa re mmapisa le mosimane—e seng le mosadi. O nna monna wa mmatota fa o tlogela mekgwa ya bongwana. Moaposetoloi Paulo wa Mokeresete o ne a kwala jaana: “E rile ke le losea, ke ne ke tle ke bue jaaka losea, ke akanye jaaka losea, ke tlhalose dilo jaaka losea; mme e re ka jaanong ke le monna, ke nyeleditse mekgwa ya losea.” (1 Bakorintha 13:11) Ka mafoko a mangwe fa o tlogela go akanya, go bua le go dira dilo ka tsela ya bongwana mme o bo o akanya, o bua le go dira dilo ka tsela e e bontshang gore o godile, o itshupa o le monna wa mmatota.b

Leka seno: Kwala dikarabo tsa gago tsa dipotso tse di latelang mo pampiring:

  1. Ke setse ke kgonne go dira dilo dife gore ke tlogele “mekgwa ya losea”?

  2. Nka tokafatsa mo dilong dife?

Go akantshiwa gore o bale: Luke 7:36-50. Bona kafa Jesu a ileng a itshupa ka gone gore ke monna wa mmatota ka go (1) emela se se siameng le go (2) tlotla batho ba bangwe—go akaretsa le basadi.

“Ke kgatlhiwa ke tsala ya me Ken. Ke monna yo o nonofileng—mo mmeleng, mo maikutlong le mo semoyeng—mme gape ke monna yo o pelontle. Sekao sa gagwe se nthutile gore monna wa mmatota ga a tshwaye ba bangwe diphoso fela gore a lebege a le botoka.”—Jonathan.

KGWETLHO 2: Fa o tlhoka sekao se se molemo sa rre

Se batho ba bangwe ba se bolelang:

  • Fa o se na rre mo lapeng, o ka se ithute gore tota go nna monna wa mmatota go kaya eng.

  • Fa rrago a sa go tlhomele sekao se se molemo, eleruri o tla dira diphoso tse a di dirileng.

Tsela e nngwe ya go leba kgang eno: Tota le fa o sa godisiwa sentle, seo ga se reye gore o tla palelwa! O ka kgona go tokafatsa maemo a gago le fa a sa itumedise. (2 Bakorintha 10:4) O ka tlhopha go latela kgakololo e Kgosi Dafide a neng a e naya morwawe e bong Solomone: “O nonofe o itshupe o le monna.”—1 Dikgosi 2:2.

Gone ke boammaaruri gore go thata go godisiwa ke rre yo o sa go kgathaleleng—kgotsa go gola o se na rre gotlhelele. Alex yo o nopotsweng kwa tshimologong a re: “Go sa itse rrago go busetsa morago tota mo botshelong. Ke na le dingwaga di le 25 mme ke utlwa e kete ke gone ke ithutang dilo tse ke ka bong ke di ithutile fa ke ne ke simolola dingwaga tsa bolesome.” Fa e le gore o ikutlwa jaaka Alex, o ka dirang ka gone?

Leka seno: Ipatlele mongwe yo o ka go kaelang—mongwe yo o tlhomang sekao se se molemo sa go nna monna wa mmatota.c Mmotse gore ke dinonofo dife tse a akanyang gore di botlhokwa thata gore motho e nne monna wa mmatota. Go tswa foo, mmotse gore wena o ka dira jang gore o nne le dinonofo tseno.—Diane 1:5.

Go akantshiwa gore o bale: Diane kgaolo 1-9. Ela tlhoko kgakololo e e newang ke rre e e ka thusang mosimane gore a gole a nne monna yo o botlhale wa semoya.

“Ke motlotlo go nna mofuta wa monna yo ke nnang ene. Le fa ke eletsa e kete rre a ka bo a le gone go bona kgatelopele ya me, ke na le tsholofelo ka isagwe. Ke tlhatswegile pelo gore go bo ke godile ke se na rre ga go reye gore ke tla palelwa mo botshelong.”—Jonathan.

Morago ga makasine wa Tsogang! wa December 2012, ditlhogo tsa “Basha ba Botsa Jaana” di tla fitlhelwa fela mo atereseng

a Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.

b Bona lebokose le le reng “Mosimane o Bapisiwa le Monna.”

c Bagolwane mo phuthegong ya Bokeresete e ka nna batho ba ba molemo go go kaela.

Ian—Go nna monna wa mmatota ga go kaye fela gore o itshwere jaaka monna, mme gape go kaya gore o iketleeditse go dira ka natla, go laola maikutlo a gago le go ikarabelela dilo tse o di dirang.

MOSIMANE O BAPISIWA LE MONNA

Gantsi ngwana . . .

  • a ka tlhoka maitseo.

  • a ka ikakanyetsa a le nosi.

  • a ka rata menate fela.

  • a ka laolwa ke maikutlo.

Monna wa mmatota o leka . . .

  • go nna tlotlo.—Baroma 12:10.

  • go nna le moya wa go thusa ba bangwe.—1 Bakorintha 10:24.

  • go nna le maikarabelo.—Bagalatia 6:5.

  • go laola maikutlo a gagwe.—Diane 16:32.

KE ENG O SA BOTSE BATSADI BA GAGO?

Lo akanya gore go kayang go nna monna wa mmatota? A ke bontsha gore ke godile?

MOLAETSA O O YANG KWA BATSADING

BORRE—

O na le seabe se segolo mo go thuseng morwao go ithuta gore monna wa mmatota o tshwanetse go nna jang. Fa o tlotla mosadi wa gago, o ruta morwao gore a tlotle basadi. Fa o dira ka natla go tlamela ba lelapa la gago—tota le fa seo se go tlhoka go dira tiro e e lebelwang kwa tlase kgotsa e e lapisang—o ruta morwao go dira ka natla le go nna le maikarabelo.—1 Timotheo 5:8.

Gongwe o ne o se na kamano e e molemo le rrago. Gongwe rrago le ene o ne a se na kamano e e molemo le rraagwe. Mme gakologelwa: O ka kgona gore o se ka wa latela mokgwa oo. O se ka wa letla tshono eno e go feta! Tlhopha go nna o atamalane le ngwana wa gago wa mosimane.d Mo tlhomele sekao se se molemo mme go ka direga thata gore a gole a nne monna wa mmatota—monna yo o tla nnang motlotlo go mmitsa morwao.—Diane 23:24.

BOMMÈ—

O ka thusa morwao jang gore a gole a nne monna wa mmatota? Tila go mo tshwantsha le monna wa gago fa o mo tshwaya diphoso. Ka sekai, a re re morwao o dira phoso e e go gopotsang monna wa gago. O ka nna wa bua jaana o sa akanya: “O a bo o dirang? O tshwana fela le rrago!” Gone ke boammaaruri gore o tshwanetse go kgalema morwao fa a dira phoso. Mme gakologelwa: Fa se o se buang le se o se dirang se bontsha gore sengwe le sengwe se monna wa gago a se dirang se phoso, o ka tswa o kgoreletsa morwao o sa lemoge, gore a se ka a gola a nna monna wa mmatota.

Thusa monna wa gago gore a nne le kamano le morwawe. Ba kgothaletse go fetsa nako ba le mmogo, mme o batle ditshono tsa go bontsha morwao dinonofo tse di molemo tsa monna wa gago le dilo tse dintle tse a di dirang. A o dira ka natla go tlamela lelapa? A o fetsa nako le bana ba gagwe? A o tlotla batho ba bangwe? Bolelela morwao kafa o anaanelang dilo tseo ka gone. Dikakgelo tse di ntseng jalo di tla thusa morwao gore a ithute dilo tse dintle mo sekaong sa ga rraagwe..

d Go bona tshedimosetso e e oketsegileng bona setlhogo se se reng “Borre ba ka Dira Jang Gore ba Nne ba Atamalane le Bomorwaabone?” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 1, 2011 o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela