LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/15 ts. 16
  • Maotwana a a Lomaganang a Tsie ya Issus

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Maotwana a a Lomaganang a Tsie ya Issus
  • Tsogang!—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2015
  • Masaitsiweng a Magolo a Saense a Rarabolotswe
    Tsogang!—2009
  • Nna le Bokgoni Jwa go Buisana le ba Bangwe!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Leoto la Pitse
    Tsogang!—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 8/15 ts. 16
Tsie ya Issus

A A TLHAMILWE?

Maotwana a a Lomaganang a Tsie ya Issus

Maotwana a a lomaganang a tsie ya Issus a a gakgamatsa

GA GO bolo go akanngwa gore metšhine e e nang le maotwana a a lomaganang e bontsha gore batho ba botlhale. Mme go ne ga lemogiwa gore seo ga se boammaaruri! Maotwana a a lomaganang a bonwe mo setsheding sengwe—tsie e nnye ya Issus, e e fitlhelwang mo ditshingwaneng tsa kwa Yuropa.a

Tsie eno e kgona go tlola dimetara di ka nna 3.9 ka motsotswana e bo e kgorometsa mmele wa yone ka makgetlo a le 200 go feta kafa maatla kgogedi a dirang ka gone! E kgona go tsapoga ka ponyo ya leitlho. Gore e kgone go tsapoga jalo, maoto a yone a mabedi a kwa morago a tshwanetse go dirisa maatla a a lekanang ka nako e le nngwe. E kgona jang go dira seno?

Akanya ka seno: Baitsesaense ba ne ba lemoga gore maoto a a kwa morago a tsie eno a na le maotwana a mabedi a a lomaganang fa e tsapoga. Go lomagana jalo go thusa gore maoto a yone a tsapoge ka nako e le nngwe le ka maatla a a lekanang. Fa seno se sa direge e tla dikologa go na le gore e tsapoge!

Ditshedi tse dingwe tse dikgolo di ikaega ka ditshika tsa mmele tse di tsamaisanang le boboko le mokwatla gore maoto a tsone a tlole ka nako e le nngwe. Mme seno se ne se tla diegela tsie eno. Ka jalo, e dirisa maoto a a lomaganang fa e tlola. Mokwadi le mmatlisisi e bong Gregory Sutton a re: “Gantsi fa re akanya ka metšhine ya maotwana a a lomaganang re akanya ka selo se se dirilweng ke batho.” O oketsa ka gore seno se bakwa ke gore “ga re a dira dipatlisiso tse di tseneletseng.”

O akanyang? A maotwana a a lomaganang a tsie ya Issus a itlhagetse ka boone fela? Kgotsa a a tlhamilwe?

a Meno a maotwana a a lomaganang a tshenekegi eno a a fela fa e gola.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela