LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 23
  • Ditoro Tsa ga Faro

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditoro Tsa ga Faro
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “A Diphuthololo ga se Tsa Modimo?”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Leuba le le Bolayang mo Motlheng wa Kgora
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • Jehofa Ga a Ka a Lebala Josefa
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • “Ga ba Ketla ba Tlhōla ba Bolawa ke Tlala Gopè”
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 23
Faro o a lora

POLELO 23

Ditoro Tsa ga Faro

GO FETA dingwaga di le pedi, mme Josefa o sa ntse a le mo kgolegelong. Motsholasenwelo ga a ise a mo gakologelwe. Letsatsi lengwe Faro o lora ditoro tse pedi tse di kgethegileng fela thata, mme o tshwenyegile thata ka gore di kaya eng. A o a mmona jaaka a robetse? Mo mosong Faro o bitsa banna ba gagwe ba ba botlhale mme o ba bolelela dilo tse a di lorileng. Ga ba kgone go mmolelela bokao jwa ditoro tsa gagwe.

Kgabagare motsholasenwelo o gakologelwa Josefa. O raya Faro a re: ‘Fa ke ne ke le mo kgolegelong go ne go na le monna mongwe yo o neng a kgona go tlhalosa ditoro.’ Gone fela foo, Faro o laela gore Josefa a ntshiwe mo kgolegelong.

Dikgomo tse supa tse di nonneng, dikgomo tse supa tse di bopameng

Faro o bolelela Josefa ditoro tsa gagwe: ‘Ke ne ka bona dikgomo di le supa tse di nonneng, tse dintle. Go tswa foo, ka bona dikgomo di le supa tse di bopameng fela thata. Mme dikgomo tse di bopameng tsa ja tse di nonneng.

‘Mo torong ya bobedi ke ne ka bona diako di le supa tsa mabele tse di tletseng, tse di buduleng di gola mo lotlhakeng lo le longwe. Go tswa foo, ke ne ka bona diako di le supa tsa mabele tse di tshesane, tse di omeletseng. Mme diako tse di tshesane tsa mabele tsa simolola go kometsa diako tse supa tse di siameng.’

Seako se sesesane se se omeletseng sa mabele le seako se se tletseng

Josefa o raya Faro a re: ‘Ditoro tse pedi tseno di kaya selo se le sengwe. Dikgomo tse supa tse di nonneng le diako tse supa tsa mabele tse di tletseng di kaya dingwaga di le supa, mme dikgomo tse supa tse di bopameng le diako tse supa tse di tshesane tsa mabele di kaya dingwaga tse dingwe tse supa. Go tla nna le dingwaga di le supa tse go tla melang dijo di le dintsi thata mo Egepeto. Go tswa foo, go tle dingwaga di le supa tse go tla melang dijo di le dinnye.’

Ka jalo, Josefa o raya Faro a re: ‘Tlhopha monna yo o botlhale mme o mo tlhome go okamela go phuthiwa ga dijo ka dingwaga di le supa tsa kgora. Mme batho ga ba na ba bolawa ke tlala mo dingwageng tse supa tse di latelang tsa fa go tla bo go na le dijo tse dinnye.’

Faro o rata mogopolo ono. Mme o tlhoma Josefa go phutha dijo le go di boloka. Jaanong Josefa o nna monna yo o tlotlegang thata mo Egepeto, yo o tlhatlhamang Faro.

Dingwaga di le robedi moragonyana, ka nako ya leuba, Josefa o bona banna bangwe ba tla. A o itse gore ke bomang? Ke bomogolowe ba ba 10! Rraabone e bong Jakobe o ba romile kwa Egepeto ka gonne ba ne ba feletswe ke dijo kwa motseng wa bone wa Kanana. Josefa o lemoga bomogolowe mme bone ga ba mo lemoge. A o itse gore ke ka ntlha yang? Ke ka gonne Josefa o setse a godile, e bile o apere diaparo tse di farologaneng.

Josefa o gakologelwa gore fa a ne a sa ntse a le mosimane o ne a lora bomogolowe ba tla go ikoba fa pele ga gagwe. A o gopola o bala ka seo? Ka jalo, Josefa o lemoga gore Modimo ke ene a mo rometseng mo Egepeto, mme e le ka lebaka le le molemo. O akanya gore Josefa o tla dirang? A re bone.

Genesise 41:1-57; 42:1-8; 50:20.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela