Go Disa Letsomane la Modimo ka Kutlwano
Bangwe ba a botsa: ‘Phuthego ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa e laolwa jang?’ Re araba jaana: Tsela ya go e laola ke e e tshwanang le ya phuthego ya Bakeresete ya lekgolo la ntlha la dingwaga.
Ka bo-1870 Charles T. Russell le balekane ba gagwe ba ne ba dira boiteko jwa go anamisa seo ba neng ba se ithutile mo Bibeleng ka dipuo le ka dikgatiso. Mo nageng yotlhe, bao ba neng ba ikgethela go kopanela mo tirong eno ba ne ba leba go Russell le balekane ba gagwe jaaka setlhopha sa banna ba ba neng ba na le maitemogelo a le mantsi mo go direng tiro ya Morena le bao kgakololo e e amanang le tiro e neng e ka bonwa mo go bone.
Ka 1884 Zion’s Watch Tower Tract Society le ne la bopiwa semmuso kafa tlase ga melao ya Commonwealth of Pennsylvania. Russell le balekane ba gagwe ba ba sikereng baikarabelo ba ne ba na le seabe se segolo thata mo go laoleng Mokgatlho ono gammogo le mo ditirong tsa Baithuti ba Bibela. Ka 1909 ba ne ba fudusetsa ntlo-kgolo ya bone go ya kwa Brooklyn, New York. Fa dingwaga di ntse di tsweletse batsamaisi ba Mokgatlho wa Watch Tower le banna ba bangwe ba ba atamalaneng thata le bone le ba ba tshwanelegang kafa semoyeng, ba ba tloditsweng, ba ile ba direla jaaka setlhopha se se laolang sa Basupi ba ga Jehofa.
Setlhopha se se Laolang se bopilwe ka banna ba Bakeresete ba ba tloditsweng (ba le 13 ka 1986), go akareletsa ba le 7 ba ba direlang mo lekgotleng la batsamaisi la Mokgatlho wa Watch Tower. Bano ba okamela ditiro tsa lefatshe lotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa. Ga ba a tlhotlhelediwa ke Modimo mme ka jalo ga se ba ba senang phoso, mme ba ikantse Lefoko le le senang phoso la Modimo jaaka le le nang le taolo go feta sengwe le sengwe mo lefatsheng, mme ebile ba na le dingwaga tse ditelele tsa boitemogelo jwa go ineela mo thatong ya Modimo. Mongwe le mongwe o na le rekoto ya dingwaga tse di fetang 40 a ntse a le mo bodiheding jwa nako e e tletseng le Basupi ba ga Jehofa.
Setlhopha se se Laolang se laola seo Mokgatlho o se gatisang. Se se kwalwang se thailwe mo go sekasekeng ditlhokafalo tsa semoya tsa letsomane mme se nna gone ka ntlha ya thuto e e tlhoafetseng ka thapelo le patlisiso mo Lefokong la Modimo. Fa banna bano ba ntse ba tsweletse ka go ithuta Bibela le go tlhokomela go diragala ga maikaelelo a Modimo mo go sa kgaotseng, go diragadiwa ga dipolelelopele mo ditiragalong tsa lefatshe, le boemo jwa batho ba Modimo mo lefatsheng, ka dinako tse dingwe ba ka nna ba bona go tlhokafala go dira dipaakanyo tse di utlwalang sentle tumalanong le kutlwisiso ya dithuto dingwe. Ka tsela eno, kitso ya boammaaruri e nna e oketsega.—Pesalema 97:11; Diane 4:18; Daniele 12:4.
Setlhopha se se Laolang se ile sa tlhoma Komiti ya Lekala ya banna ba ba tshwanelegang kafa semoyeng ba le bararo kana go feta mo go lengwe le lengwe la makala a a fetang 90 a a mo lefatsheng lotlhe go tsamaisa ditiro mo mafatsheng a a fetang 200 le ditlhopha tsa ditlhake. Makala a dirisana le diphuthego tse a di okametseng. Setlhopha se se Laolang se tlhaeletsana ka dipaka tsotlhe le Dikomiti tsa Makala, mme maloko a Setlhopha se se Laolang ka sebele a etela bontsi jwa makala ano ngwaga le ngwaga gore ba nne ba bone gore dilo di tsamaya jang.
Banna bano ga se barena ba tumelo ya ba bangwe mme ke badihedi ba ba dirang ka natla gore ba bangwe ba bantsi ba ithute kaga Lefoko la Modimo. Ga ba direle gore ba bone poelo epe ya madi, mme dilo tse ba di tlhokang gore ba itshedise di baakanyediwa ka tsela e e tshwanang fela le ya maloko a mangwe a malapa a Bethele. Bosupi jwa gore baa ikanyega mo tirelong ya bone bo bonwa mo tlhoafalong, kutlwanong, ditekanyetsong tsa boitsholo tse di kwa godimo, le go ikanyega mo dithutong tsa Bibela mo go supiwang ke Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng ka bophara.—1 Bakorintha 3:5-9; 4:1, 2; 2 Bakorintha 1:24; 3:1-3; 1 Petere 5:2, 3.
• Ke ditsamaiso dife tsa taolo tse di ileng tsa nna gone?
• Ke bomang ba ba direlang mo Setlhopheng se se Laolang gompieno, mme maikarabelo a bone ke afe?
• Tiro e tsamaisiwa jang mo mafatsheng a mangwe?
[Mmapa mo go tsebe 26]
(For fully formatted text, see publication)
Mafelo ao Basupi ba ga Jehofa ba dirang thato ya Modimo mo go one
[Ditshwantsho mo go tsebe 26]
Baokamedi ba Mokgatlho wa Watch Tower
C. T. Russell, 1884-1916
J. F. Rutherford, 1916-1942
N. H. Knorr, 1942-1977
F. W. Franz, 1977-
[Ditshwantsho mo go tsebe 27]
Diofisi tsa makala tse di ka fetang 90 fela tseo ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe di tsamaisiwang gone
Canada
Zambia
Jeremane
Japane
Australia
Brazil