LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • ws kgao. 10 ts. 82-89
  • Seo Modimo a Ikanetseng go se Direla Setho—Jaanong se Atametse!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Seo Modimo a Ikanetseng go se Direla Setho—Jaanong se Atametse!
  • Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo o Tsaya Kgato ka Ikano
  • Go ya Bokgakaleng Bofe?
  • Bafalodi Ba Ba Tswang Merafeng Yotlhe
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Ikobele Modimo, O Solegelwe Molemo ke Ditsholofetso Tse A Re Di Ikanetseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Kgolagano ya Modimo le “Tsala” ya Gagwe e Setse e Solegela Didikadike Molemo
    Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
  • “Nitamisang Dipelo Tsa Lona”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Polokesego Mo Lefatsheng Lotlhe Tlase ga “Kgōsana ea Kagishō”
ws kgao. 10 ts. 82-89

Kgaolo 10

Seo Modimo a Ikanetseng go se Direla Setho—Jaanong se Atametse!

1, 2. (a) Modimo o ikana ka tlhaloganyo efe, mme ka ntlhayang? (b) Ke eng se Modimo a se bolelang go Isaia 45:23? (c) Ke ditlhaloso dife tsa ga moperofeti Isaia tseo re tshwanetseng go dumalana le tsone?

A MODIMO oa ikana? Ee, Modimo oa ikana, mme ga a dirise matlhapa, a kgomoga ka bogale le go latlhegelwa ke boikgapo. Go ikana ga gagwe ka metlha yotlhe ke go tiisetsa seo a bolelang e le boikaelelo jwa gagwe. Go oketsa tlhomamisego ya bao ba amegang. Jalo he, setho sotlhe se tla bo se dira sentle go tlhokomela mafoko a gagwe go Isaia 45:23: “Ke ikanne ka nna ka nosi, lehoko le dule mo molomuñ oa me mo tshiamoñ, me ga le ketla le boea, ya go re, Mañōlè aotlhe a tla nkhubamèla, le diteme cotlhe di tla ikana ka nna.”

2 Gompieno, go feta dingwaga tse 2 700 morago ga polelelopele eo, a re tlhatswegile pelo gore tlhaloso ya moperofeti go Isaia 45:24 ke boammaaruri: “Mo go Yehofa a le esi go tshiamō le thata; le kwa go èna batho ba tla ea, le botlhe ba ba kileñ ba ne ba mo gakaletse ba tla tlhaywa ke ditlhoñ”? Fa go ntse jalo, he re ka dumalana gape le mafoko a a latelang a ga Isaia mo temaneng 25: “Yehofa, ke èna eo losika lotlhe loa Iseraela lo tla siamisiwañ mo go èna, lo ba lo kgantsha ka èna.”

3, 4. (a) Ke ka ntlhayang fa Isaia 45:25 e sa tshwanela go dira gore re akanye ka Repaboliki ya Iseraele? (b) A go nnile le tlholego nngwe mo tiragatsong ya Isaia 45:23-25, mme ke ka ntlhayang fa o araba jalo?

3 Fa re bala Isaia 45:25, a re tshwanetse ra gopola ka Repaboliki ya Iseraela? Nnyaa! Baiseraele bao ga ba kaye fa phenyo ya bone e tswa Modimong wa Dikwalo tse di boitshepo tsa Sehebera. Ka tshisimogo e e phoso ba gana le eleng go bitsa leina la gagwe.

4 Ka seno, a re ganelela mo go reng Isaia 45:23-25 e paletswe ke go diragadiwa go tla go fitlha mo ngwageng eno? Nnyaa! Tiragatso ya polelelopele eo ga e a palelwa ka nako e e beilweng ya ga Jehofa. Mo go ene, go palelwa ga polelelopele ya gagwe ga se selo se se ka kgonegang! Lefoko la gagwe ka bolone ga se le le ka ikanngwang fela le go ka ikaegwa ka lone mme go ntse jalo gape thata fa Jehofa a ikana ka lone, a oketsa ikano ya gagwe, go tiisetsa dikgang.

Modimo o Tsaya Kgato ka Ikano

5. Bahebera 6:13-18 e tlhalosa jang ikano ya Modimo fa a ne aa fa Aberahame tsholofetso?

5 Malebana le seno, re bala jaana go Bahebera 6:13-18: “Gonne e rile ha Modimo o dihèla Aberahame polèlō ea choloheco, ereka go sena opè eo mogolo eo o no o ka ikana ka èna, ga ikana ōna ka osi, Oa re, Rure ke tla gu segōhatsa, ke ba ke gu segōhatsa; ke tla gu atisa, ke ba ke gu atisa. Me yalo, o rile a sena go ichōka ka bopelotelele, a amogèla se o na a se sholohedicwe. Gonne batho ba tle ba ikane ka eo o leñ mogolo: me mo kgañeñ eotlhe ea bōnè, go ikana ke bowèlō yoa tlhōmamishō. Ke gōna kaha e rileñ ka Modimo o laotse go kaèla barui ba polèlō ea choloheco bosahetogeñ yoa kgakologèlō ea ōna ka botlalō, oa tsèna ka ikanō: Gore e tle e re ka dilō di le pedi tse di sa kakeñ tsa hetoga, tse go retetseñ mo Modimoñ go aka mo go cōna, re bo re nnè le nametsègō e kgolo, eboñ rona ba re tshabetseñ kwa botshabeloñ, ra ea go ichwarèlèla ka cholohèlō e re e beecweñ pele.”

6. (a) Ke tlhotlheletso efe e e neng e dira gore Modimo a ikane ka sebele sa gagwe mabapi le tsholofetso ya gagwe go Aberahame? (b) Jehofa o ne a ka dirisa “tsala” ya gagwe jang?

6 Gantsi, go na le tlhotlheletso e e nonofileng ya go ikana, go bua lefoko la ikano. Seno se ntse jalo segolo-bogolo fa go ikana go dumalana le Modimo, e le ga boithatelo. Tlhotlheletso e e ntseng jalo e bonatshega mo kgannyeng eno eo Jehofa a begwang jaaka yo o ikanang, ee, yo o ikanang ka sebele sa gagwe. Tsholofetso e e nang le ikano eo Jehofa a neng a e dira mo go Aberahame, “tsala” ya gagwe, e re ama rotlhe gompieno. Jehofa o ne a go anaanela fa Aberahame a ne a dira go ya kafa taletsong ya bomodimo mme a tlogela lefatshe la ga bone go ya lefatsheng leo Jehofa a neng a tla le neela ditlogolwana tsa ga Aberahame jaaka boswa. Jehofa ka tlhomamo o ne a ka kgona go godisa leina la “tsala” eno mme a mo dirisetse go segofatsa ba bangwe. Jehofa o ne a ka mo raya sentle a re: “Ke tla segohatsa bōnè ba ba gu segohatsañ, le èna eo o gu hutsañ ke tla mo hutsa: me mo go wèna, ditshika cotlhe tsa lehatshe di tla segōhala.”—Genesise 12:3; Isaia 41:8.

7. (a) Modimo o ne a segofatsa Aberahame ka kgakgamatso efe fa mosadi wa gagwe a ne a le bogodi jwa dingwaga di le 90? (b) Aberahame o ne a bontsha tumelo ya gagwe jang le kutlo ka tsela ya mofuta wa yone fela?

7 Fa mosadi wa ga Aberahame, ebong Sara, a ne a le dingwaga tse 90, a fetile kgakala-kgakala lobaka lwa go ka tshola bana, Modimo ka kgakgamatso o ne wa mo tlhogonolofatsa ka gore a tsholele Aberahame morwa wa bone yo o rategang, ebong Isake, e le tswelediso pele ya tsholofetso ya Gagwe e e molemo-lemo go Aberahame. Aberahame o ne a itshupa a iketleeleditse ebile a ikemiseditse go ntsha le eleng morwawe yo o tlhokegang thata yono jaaka motho wa setlhabelo e le ka go utlwa taolo ya Modimo wa gagwe, Jehofa. Pontsho eno ya tumelo ya mofuta wa yone fela le kutlo e ne ya ama Jehofa thata mo a neng a raya Aberahame tsala ya gagwe a re:

8, 9. (a) Jehofa o ne a arabela jang mo pontshong eno ya tumelo ya ga Aberahame le kutlo? (b) Modimo o ne a itira yo o ikarabelang go mang?

8 “Ke ikannè ka nna ka nosi, go bua Yehofa, ka u dihile selō se, ua se ka ua gana ka morwao, morwao eo esi: Ka re, Mo go segōhatseñ ke tla gu segōhatsa, le mo go ntsihatseñ ke tla ntsihatsa losika loa gago yaka dinaledi tsa legodimo, le yaka moshawa o o mo dintshiñ tsa lewatlè: me losika loa gago lo tla rua kgōrō ea motse ea baba ba lōna. Me merahe eotlhe ea lehatshe e tla segōhala mo losikeñ loa gago; ka u utlwile lencwe ya me.”—Genesise 22:15-18.

9 Fano ke felo ga ntlha mo Bibeleng moo go bolelwang gore Jehofa o ikanne. Ereka jaana a ne a ka se ikane ka ope yo mogolwane, o ne a ikana ka sebele sa gagwe, a ipofelela ka gone. Ka tsela eno o ne a seka a itira yo o ikarabelelang go mongwe o sele fa e se go ene ka sebele. Ke ene a tshwanetseng a bona tlotlo ka go diragatsa boikaelelo jwa gagwe jo bo boletsweng.

Go ya Bokgakaleng Bofe?

10. Ke ka lobaka lo lo kana kang lo lo fetileng loo ka lone Modimo a neng a dira kgolagano ya gagwe le Aberahame, mme ke potso efe e ka gone e tsogang?

10 Aberahame o ne a tsena mo lefatsheng la tsholofetso la Kanana mo e ka nnang dingwaga tse 4 000 tse di fetileng. Jalo go tla go fitlha jaanong, ke go ya bokgakaleng bofe kgolagano eo e dirilweng ka 1943 B.C.E. e ileng ya diragadiwa?

11. (a) Ke eng se se supiwang ke go nna leloko la UN ga Repaboliki ya Iseraele, mme ka matswela afe? (b) A ditlogolwana tsa tlholego tsa ga Aberahame di fitlhelela dipatlafalo tsa go nna “losika” lo lo solofeditsweng?

11 Gompieno, go na le Repaboliki ya Iseraele e e mo Botlhaba Gare. Ka go itlamela, ke leloko la Merafe e e Kopaneng. UN e emela kgano ya Bogosi jwa ga Jehofa Modimo ka “losika” lo lo solofeditsweng lwa ga Aberahame mme jalo e tla senngwa mo “ntweñ ea letsatsi ye legolo ya Modimo, Mothataeotlhe,” ya Hara-Magedone. Maloko otlhe a UN, go akareletsa le Repaboliki ya Iseraele, a tla nyelediwa gore a seka a nna gone. Ka maswabi, ditlogolwana tsa ga Aberahame tsa nama, tsa tlholego, ga di fitlhelele dipatlafalo tsa go nna “losika” lo lo solofeditsweng lwa Bomesia loo ka lone Jehofa Modimo a tla segofatsang setho sotlhe.—Tshenolō 16:14-16.

12, 13. (a) Ka go sa tshwane le rragwe-mogolo Dafide, ke ka ntlhayang fa “Kgōsana ea Kagishō” a sena go busa a le nosi? (b) A Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tshwanetse go letela go fitlhelela Bogosi bo tlhongwa ka 1914 e le gore ba tle ba amogele lesego le le solofeditsweng, mme re itse seo jang?

12 E le mo go phepafetseng sentle gore mongwe le mongwe a go tlhokomele, Mesia yo o solofeditsweng ga a buse mo Botlhaba Gare, mo Jerusalema wa selefatshe go diragatsa kgolagano ya ga Aberahame. Ka go sa tshwane le rragwe mogolo ebong Dafide wa bogologolo, Mesia le “Kgōsana ea Kagishō” ga a ne a busa a le nosi. O ne a solofetsa gore o tla kopanela puso ya gagwe le baaposetoloi ba gagwe ba ba 12 le barutwa ba bangwe ba ba tsetsweng ka moya, ba ba palo ya 144 000. (Tshenolō 7:1-8; 14:1-4) Go santse go na le masalela a barutwa ba ba ntseng jalo mo lefatsheng. Ke eng seo ba se diretsweng go tsweledisa pele tiragatso ya kgolagano ya ga Aberahame eo Modimo a neng a e ikanela? Moaposetoloi Paulo, ene yo o neng a le kwa pele mo go ba ba tla nnang maloko a Bogosi joo, o ne a kwala jaana go Bagalatia 3:8: “Me dikwalō, ereka di bonye galè ha Modimo o tla siamisa Badichaba ka tumèlō, tsa rèrèla Aberahame Mahoko a a Molemō galè, tsa re, Merahe eotlhe e tla segōhadiwa mo go wèna.”

13 Go ne ga seka ga tlhokafala gore Bakeresete ba ba neng ba tlhophilwe gareng ga merafe ba letele go fitlhelela morago ga go tlhongwa ga Bogosi ka 1914 go amogela lesego le le solofeditsweng, ka go bo moaposetoloi Paulo o ne a tswelelapele ka go re: “Me yalo ba e leñ ba tumèlō ba segōhadiwa le Aberahame modumedi.” (Bagalatia 3:9) Paulo o ne a le Mokeresete mme o ne a segofadiwa, mme le Bakeresete botlhe ba bangwe ba ba tsetsweng ka moya ba motlha wa gagwe.a Ka mo go tshwanang, gompieno, masalela, a a dirilweng ka Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya ba ba nang le tumelo mo go Mesia jaaka “losika” lwa konokono lwa ga Aberahame go segofatsa setho sotlhe, a itemogela lesego le le solofeditsweng.

14. (a) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ile ba segofadiwa segolo jang go ya ka kgolagano ya ga Aberahame? (b) Seno se ile sa tlotlomatsa Jehofa ka tsela efe?

14 Ka go ineela go Jehofa le go tshwantshetsa boineelo jono ka kolobetso ya metsing mme e re go tswa foo ba bo ba tsalwa ka moya wa Modimo go nna mo bonnong jwa semoya, Bakeresete bano ba ile ba nna barwa ba semoya ba ga Aberahame yo Mogolwane, ebong Jehofa Modimo. Ba ile ba nna gape barua-boswa mmogo le Jesu Keresete, ebong Isake yo Mogolwane. (Baroma 8:17) Tota ruri ba segofaditswe segolo go ya kafa kgolaganong ya ga Aberahame. Jehofa o ile a diragatsa seo a neng a ikanela gore o tla se dira, ka gone a itlotlomatsa jaaka mmui wa boammaaruri, Ene yo o ka kgonang go diragatsa ka botlalo seo a ileng a ikanela gore o tla se dira mo leineng la gagwe.

15. Ke eng seo moaposetoloi Paulo a reng leloko lengwe le lengwe la masalela a Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya le sone?

15 Leloko lengwe le lengwe la masalela a Bakeresete ba ba tsetsweng ka moya ke Mojuda kafa tlhaloganyong ya semoya. Fela jaaka moaposetoloi Paulo a ile a re: “Eo o leñ Moyuda ka bokahantlè hèla, e be e se èna; le go rupa mo go leñ kaha ntlè, eboñ mo nameñ hèla, e be e se gōna; Me Moyuda tōta ke eo e leñ èna mo teñ; le go rupa ke ga pelo, mo go emeñ mo moeeñ, e señ mo ditlhakeñ tsa lokwalō.”—Baroma 2:28, 29.

16. Bajuda ba semoya ba dira setlhopha sefe se se boleletsweng pele go Sekaria 8:23?

16 Mo ‘bokhutlong jono jwa tsamaiso ya dilo,’ Bakeresete bao ba ba itshenketsweng ka moya, ba ba leng Bajuda ba mofuta oo, kafa teng ba rupileng mo dipelong tsa bone, ba dira setlhopha sa Mojuda se se boleletsweng pele go Sekaria 8:23, koo go kwadilweng ga twe: “Yehofa oa mashomōshomō o bua yana: a re, Mo metlheñ euō go tla dihala, go re, batho ba le shomè ba dipuō cotlhe tsa merahe, ba tla chwara, E, ba tla chwara lokoye loa eo e leñ Moyuda, ba re, Re tla ea le lona, gonne re utlwile ha Modimo o nntse le lona.”

17. (a) Ke bomang ba ba emelwang ke “batho ba le shomè” ba ba batlang go obamela Jehofa le masalela a Bajuda ba semoya ba motlha wa gompieno? (b) Ka go kopanela le Bajuda ba semoya mo go obameleng Jehofa, ke eng seo maloko a “dinku di sele” a se ipelelang jaanong?

17 “Batho” bao “batho ba le shomè” ba batlang go obamela le bone Jehofa Modimo ke masalela a motlha wa segompieno a bao eleng Bajuda ba semoya, setlhopha seo se bopang “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” sa Mathaio 24:45-47. Ereka jaana palo lesome e emela se se feletseng sa mofuta wa selefatshe, “batho ba le shomè ba dipuō cotlhe tsa merahe” ba tla emela dinku tsotlhe tsa tshwantshetso tse di boleletsweng pele go Mathaio 25:32-46. Bano ke setlhopha sa “dinku di sele” seo Jesu a neng a re o tla se kopanya le masalela a seka-dinku go dira “lecomane le le leñwe hèla” le le tlhokomelwang ke “modisa a le moñwe hèla,” ebong ene ka boene. (Yohane 10:16) Ka tsela eno ba lekeletsa go sa le gale masego a kgolagano ya ga Aberahame ka “losika” lwa ga Aberahame yo Mogolwane, ebong Jehofa Modimo. Ruri, he, se Modimo a neng a ikanela gore o tla se direla setho sotlhe se atametse!

[Ntlha e e kwa tlase]

a O lebisa leineng “Bakeresete,” mokwalo o o kwa tlase wa Reference Bible go Ditihō 11:26 o re: “Sehebera, Meshi·chi·yimʹ, ‘Messianists.’”

[Setshwantsho mo go tsebe 89]

Bibela e ne ya bolelelapele gore batho go tswa merafeng yotlhe ba ne ba tla kopanela le Iseraele wa semoya

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela