LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 415-ts. 423
  • Tlholelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tlholelo
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o Ka Kgona go Laola Isagwe ya Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Jehofa o Bolela “Bokhutlo go Tswa Kwa Tshimologong”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • A Botshelo Jwa Gago bo Laoletswe E sa Le Gale?
    Tsogang!—2007
  • Isagwe ya Gago e tla Nna Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 415-ts. 423

Tlholelo

Tlhaloso: Matswela a a ka se tilweng ebile gantsi a le maswe. Botlhodi ke tumelo ya gore ditiragalo tsotlhe di tlhomamisiwa ka thato ya bomodimo kana ka maatla mangwe a a fetang motho, le gore tiragalo nngwe le nngwe e tshwanetse ya diragala jaaka e ntse ka go bo e ile ya tlhomamisiwa go le pele. Ga se lefoko la Bibela ebile ga se thuto ya yone.

A mongwe le mongwe o tlhomamiseditswe gale “nako ya go swa”?

Tumelo eno e ne e tumile mo Bagerikeng le mo Baromeng. Go ya ka ditlhamane tsa Bagerika tsa boheitane, Batlholedi e ne e le medimo ya sesadi e meraro e e neng e otlha thapo ya botshelo, le go tlhomamisa boleele jwa yone, le go e kgaola.

Moreri 3:1, 2  e bua ka “motlha oa go shwa.” Mme, go bontsha gore seno e ne e se motlha o o tlhomamiseditsweng motho go le gale, Moreri 7:17 e gakolola ka go re: “U se ka ua nna boikèpō yoa mo go heteletseñ, le gōna u se nne boeleele: ana u ka bo u shwèlañ e e se e nne motlha oa gago.” Diane 10:27 e re: “Me dinyaga tsa moikepi di tla khutsahadiwa.” Mme Pesalema 55:23 e oketsa ka go re: “Bacholola madi le ba ba tsietsañ, ga ba ketla ba tshela go shwetsa bontlha boñwe yoa malatsi a bōnè.” Ka jalo he, Moreri 3:1, 2 e raya eng? Tota e itlotlela fela ka modikologo o o tswelelang wa botshelo le loso wa tsamaiso eno e e sa itekanelang ya dilo. Go na le motlha o batho ba tsalwang le motlha o batho ba swang ka one—gantsi e seng go feta dingwaga tse 70 kana tse 80, mme ka dinako tse dingwe ka bofefo mme ka dinako tse dingwe moragonyana.—Pes. 90:10; bona gape Moreri 9:11.

Fa motlha wa mongwe le mongwe le mokgwa wa loso tota di ne di tlhomilwe gale ka nako ya botsalo kana go le pele, go ne go se ketla go tlhokafala go tila maemo a a kotsi kana go tlhokomela botsogo jwa mongwe, mme ditlhagiso tse di babalelang di ne di se ketla di fetola dipalo tsa go swa. A o dumela gore botlhabanelo ka nako ya ntwa bo ka tswa bo babalesegile jaaka legae la motho je le kgakala le kgaolo ya ntwa? A o tlhokomela botsogo jwa gago kana o isa bana ba gago ngakeng? Ke goreng bagogi ba motsoko ba a swa dingwaga tse tharo go ya go tse nne kwa tlase, mo palogareng, go na le ba ba sa gogeng? Ke goreng go na le dikotsi di se kae tse di maswe fa bapagami ba dikoloi ba ipofa ka mabante a tsone mme bakgweetsi ba obamela melao ya tsela? Ka phepafalo, go tlhokomela ditlhagiso go mosola.

A sengwe le sengwe se se diragalang ke “thato ya Modimo”?

2 Pet. 3:9: “[Jehofa] . . . o pelotelele mo go lona, a sa rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ.” (Mme ga se botlhe ba ba arabelang bopeloteleleng jwa gagwe. Ka phepafalo, ga se “thato ya Modimo” fa bangwe ba palelwa ke go ikotlhaya. Bapisa Tshenolō 9:20, 21.)

Yer. 7:23-26: “Me ka ba [Baiseraele] laolèla selō se, ka re, Reetsañ lencwe ya me, me ke tla nna Modimo oa lona, lo tla nna batho ba me: me lo sepelè mo tseleñ eotlhe e ke e lo laolèlañ, gore go tlè go nne molemō mo go lona. Me ga baa ka ba reetsa, . . . ke nntse ke roma batlhanka ba me eboñ baperofeti kwa go lona, ke phakèla ka meshō meshō ke ba roma: Leha go ntse yalo ga baa ka ba ntheetsa, leha e le go sekèga tsèbè, me ba ikwatlalatsa thamo.” (Go phepafetse gore bosula jo bo neng bo diragala mo Iseraela e ne e se “thato ea Modimo.”)

Mar. 3:35: “Gonne leha e le mañ eo o tla dihañ go rata ga Modimo, èna eouō ke nnake, le kgantsadiake, le mmè.” (Fa e le gore sengwe le sengwe se mongwe o neng a se dira e ne e le “thato ya Modimo,” ka jalo mongwe le mongwe o ka bo a ile a ipelela mofuta wa botsalano jo Jesu a neng a bo tlhalosa koo. Mme o ne a raya bangwe a re: “Lo ba rra eno diabolo.”—Yoh. 8:44.)

Ke eng se se ikarabelelang mo dilong tse dintsi tse go bonalang di se na tlhaloso mme di diragala?

Mor. 9:11: “Me ba dihalèlwa botlhe ke motlha le bowèlō.” (Ka gone, e seng ka ntlha ya go lebela pele botshelo jwa motho, mme ka ntlha ya tshoganetso motho o ka welwa ke bomadimabe ka go tlhoka lesego.)

A batho ba na le boikarabelo bongwe ka bothata jo bontsi jo ba bo bogang le go bogisa batho ba bangwe?

Bar. 5:12: “Ke gōna, yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho [Adame] a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” (Rotlhe re ruile, bosaitekanelang, ditshekamelo tsa go dira phoso, mo go Adame.)

Mor. 8:9: “Go na le motlha o motho o nañ le thata mo go eo moñwe ka ōna go ikutlwisa botlhoko.”

Dia. 13:1: “Ñwana oa mosimane eo o botlhale o utlwa thutō ea ga rragwè.” (Se batsadi ba se dirang se na le tlhotlheletso e kgolo mo matshelong a bana ba bone.)

Bagal. 6:7: “Lo se tsietsege; Modimo ga o shotlwe: gonne se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se robañ.” (Gape, Diane 11:17; 23:29, 30; 29:15; 1 Bakorintha 6:18)

A go na le maatla a a fetang motho ka nonofo a gape a tlisang tatlhego mo sethong?

Tshen. 12:12: “A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.” (Gape, Ditihō 10:38)

A Modimo o itse gale le go laola go le pele sengwe le sengwe?

Isa. 46:9, 10: “Gonne ke Nna Modimo, me ga go na opè o pele; ke Nna Modimo, me ga go na opè eo o chwanañ le nna; Eo ke bolèlañ bokhutlō e sa nntse e le tshimologō, ke bolele e sale bogologolo dilō tse di e señ di dihwe; ka re, Kgakololō ea me e tla èma, ke tla diha go kgatlhèga ga me gotlhe hèla.” (O itsise boikaelelo jwa gagwe, a laola go sa le gale dikgang tse di rileng malebana le phitlhelelo ya tsone mme o na le maatla otlhe a go tlhomamisa gore tseno di tla diragadiwa.)

Isa. 11:1-3: “Me go tla cwa letlhogèla mo thitoñ ea ga Yese, me lecwèla ye le cwañ mo mecwiñ ea gagwè le tla uñwa. [Jesu o ne a tsalelwa mo losikeng lwa ga Jese.] Me mōea oa ga Yehofa o tla nna mo go èna, . . . Me go thama ga gagwè go tla nna mo go boiheñ Yehofa.” (Jehofa o ne a ka bolelela pele ka tsholofelo seno malebana le Morwawe ka go bo A ile a elatlhoko boikutlo le boitshwaro jwa gagwe mo magodimong fa e sa le tshimologo ya popo.) (Malebana le go nna gone ga pele ga botho ga ga Jesu, bona tsebe 204, tlase ga setlhogo sa “Jesu Keresete.”)

Dute. 31:20, 21: “Gonne ke tla re ke sena go ba [morafe wa Iseraele] hitlhisa mo lehatshiñ ye ke le ikanetseñ borrabō, ye le èlañ mashi le dinotshe; me ba yelè, ba kgotshe, me ba nonne; hoñ ba tla menogèla kwa medimoñ e sele, ba e dihèla, me ba nnyatse, ba senye kgōlaganō ea me. Me go tla dihala, go re, mogañ mashula a le mantsi le mahutsana a ba wèlañ, sehela se [a tlhalosa kafa ba ileng ba itshwara ka teng ka ntlha ya go tlhaela kanaanelo ya kamogelo ya Modimo], se tla bo se shupa ha pele ga bōnè yaka moshupi; . . . ecwa ke itse ditlhatlhanyō tsa bōnè tse ba di tlhatlhanyañ, le yana, ke e se ke ba hitlhise mo lehatshiñ ye ke ikanneñ kaga yeōna.” (Tlhokomela gore kgono ya Modimo go lemoga matswela a tsela ya bone e ne e sa reye gore o ne a ikarabela go one kana e ne e le sone se a neng a batla ba nna sone, mme mo motheong wa se ba neng ba se dira o ne a ka lebela pele matswela. Ka mo go tshwanang, mo motheong wa se se lebeletsweng, molepi wa tsa loapi o ka bolelela pele boemo jwa loapi ka tlhomamo e kgolo fela thata, mme ga a bo dire kana gore tota o bo rata bo ntse jalo.)

A kgono ya Modimo ya go itse gale le go laola go le pele ditiragalo go supa gore o dira seno malebana le ditiro tsa dibopiwa tsotlhe tsa gagwe?

Tshen. 22:17: “Le eo utlwañ, a a kè a re, Tla. Le eo o nyorilweñ a a tlè: eo o ratañ, a a tseè metse a botshelō, a a tseè hèla a sena thèkō.” (Kgetho ga e ya laolwa go sa le gale; e tlogeletswe motho ka bongwe.)

Bar. 2:4, 5: “Kgotsa a u nyatsa letlōtlō ya molemō, le ya boiphapaanyō, le ya bopelotelele yoa ōna, u sa itse ha molemō oa Modimo o gu gōgèla kwa boikwatlhaoñ? Me u re u le logwadi, u le pelo e e sa ikwatlhaeeñ, u ipeèla bogale mo letsatsiñ ya bogale, le ya tshenolō ea tshekishō e e siameñ ea Modimo.” (Ga go na pateletso ya batho ka bongwe go latela tsela e e setseng e tlhalositswe go le pele. Mme se motho a se dirang o tla se ikarabelela.)

Sefa. 2:3: “Batlañ Yehofa, lona bakgōbaladi botlhe ba lehatshe; . . . batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō; e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.” (A Modimo o o tshiamo le o o lorato o ne o ka kgothaletsa batho go dira se se siameng, ka tsholofelo ya tuelo, fa e le gore o ne a itse gore ba ne ba laoletswe go le gale go sa atlege?)

Tshwantshetso: Mong wa seromamowa o ka reetsa dikgang tsa lefatshe. Mme lebaka la gore o ka reetsa seteitšhane se se rileng ga le reye gore o dira jalo. Santlha o tshwanetse go bulela seromamowa mme go tswa foo a bo a batla seteitšhane sengwe. Ka mo go tshwanang, Jehofa o na le kgono ya go itsetse pele ditiragalo, mme Bibela e bontsha gore o dirisa kgono eo ka kgetho le ka matsetseleko, ka go lemoga boikgethelo jo a ileng a bo tsenya mo popong ya gagwe ya batho.—Bapisa Genesise 22:12; 18:20, 21.

Fa Modimo o ne o bopa Adame, a o ne a itse gore Adame o tla leofa?

Seno ke se Modimo a se beileng fa pele ga ga Adame le Efa: “Me Modimo oa ba segōhatsa; me Modimo oa ba raea, oa re, Atañ, lo ntsihalè lo tlalè ka lehatshe, lo le henyè; me lo laolè ditlhapi tsa lewatlè, le dinōnyane tsa loapi, le señwe le señwe se se tshedileñ le se se tsamaeañ mo lehatshiñ.” “Me Yehofa Modimo a laola monna, a re, U ka ya hèla setlhare señwe le señwe sa tshimo ka go rata: Me setlhare sa kicō ea molemō le boshula, shōna u se ka ua se ya: gonne ka tsatsi ye u yañ ga shōna rure u tla shwa.” (Gen. 1:28; 2:16, 17) A o ne o ka kgothaletsa bana ba gago go dira tiro e e nang le isagwe e e galalelang, o itse fela go tloga kwa tshimologong gore e tla ba palela? A o ne o tla ba tlhagisa ka ga bodiphatsa, ntswa gone o itse gore o rulagantse sengwe le sengwe gore ba tle ba hutsafale fela thata? A go a utlwala, he, go kaya gore Modimo o ntse jalo?

Math. 7:11: “Me ke gōna ha e bo ne ne yana, lona lo le boshula, lo itse go naea bana ba lona dinèō tse di molemō, bogolo yañ Rra eno eo o kwa legodimoñ o tla naea ba ba mo lōpañ dilō tse di molemō?”

Fa Modimo o ne wa laola go sa le gale le go itsetse pele boleo jwa ga Adame le sotlhe se se neng se tla felela ka jone, go ne go tla raya gore ka go bopa Adame, Modimo ka bomo o ne a simolodisa bosula jotlhe jo bo dirilweng mo ditsong tsa motho. O ne o tla bo e le Motswedi wa dintwa tsotlhe, bokebekwa, boitsholo jo bo maswe, kgatelelo, maaka, boitimokanyi, le bolwetsi. Mme Bibela ka papamalo e re: “Ka gonne ga u Modimo o o nañ le go kgatlhwa ke boikèpō.” (Pes. 5:4) “Me moikepi le eo o ratañ go thubaka, mōea oa gagwè oa ba ila.” (Pes. 11:5) “Modimo, oo sa kakeñ oa aka.” (Tito 1:2) “O tla golola meōea ea bōnè mo pogishoñ le mo thubakoñ [Ene yo o kgethilweng ke Modimo jaaka Kgosi ya Bomesia]; me madi a bōnè a tla tlōtlèga mo matlhoñ a gagwè.” (Pes. 72:14) “Modimo o loratō.” (1 Yoh. 4:8) “O rata tshiamō le tshiamishō.”—Pes. 33:5.

A Modimo o ne a laolela gale Jakobe le Esawe?

Gen. 25:23: “Me Yehofa a mo raea [Rebeka], a re, Merahe e le mebedi e mo sebopeloñ sa gago, dichaba di le pedi di tla kgaogana le di cwa mo mpeñ ea gago: chaba ñwe e tla nna thata bogolo go chaba e ñwe; me eo mogolo [Esawe] o tla dihèla eo mmōtlana [Jakobe].” (Jehofa o ne a kgona go lemoga motlhala wa dilaola-bong wa mawelana a ise a tsalwe. O ka tswa a ile a akanyetsa seno fa a ne a bonela pele dinonofo tse mongwe le mongwe wa basimane a neng a tla di tlhagolela le go bolelela pele matswela. [Pes. 139:16] Mme ga go na tshupo fano ya gore o ne a beetse mafelelo a bone a bosakhutleng kana o ne a tlhomamisa go sa le gale kafa tiragalo nngwe le nngwe mo matshelong a bone e neng e tla nnang ka gone.)

A Judase Isekariota o ne a laoletswe go sa le gale go oka Jesu?

Pes. 41:9: “E, tsala ea me e ke tlwaelanyeñ naeō, e ke ne ke e ikantsè, e e neñ e ya diyō tsa me, e bile e ncholeleditse serèthè sa eōna.” (Mme tlhokomela gore boperofeti ga bo papamatse gore ke molekane ofe wa ga Jesu yo a neng a tla dira jalo. Jehofa o ne a itse gore Diabolo o ne a dirisa mogakolodi wa ga Dafide Ahitofele go mo oka, mme Ene o ne a dira gore se se kwalwe ka go bo se ne se bontsha kafa Diabolo a neng a ka dira ka teng le se a neng a tla se dira mo isagweng. E ne e se Modimo mme e leng “Diabolo . . . [yo o neng a] tlhotlheleditse pelo ea ga Yudase Isekariota, morwa Simeone, gore a mo ōkè [Jesu].” [Yoh. 13:2] Mo boemong jwa go gana, Judase o ne a ineela mo tlhotlheletsong eo ya bosatane.)

Yoh. 6:64: “Gonne Yesu o na a itse, le ka tshimologō, . . . le eo o tla mo ōkañ.” (Eseng kwa tshimologong ya popo, lefa e le mo nakong ya botsalo jwa ga Judase, mme ka “tshimologō” ya go dira ga gagwe ka bonokwane. Bapisa Genesise 1:1, Luke 1:2 le 1 Yohane 2:7, 13, mo mekwalong e mengwe le e mengwe eno, “tshimologō” e dirisiwa ka tlhaloganyo e khutshwane. Elatlhoko gape Yohane 12:4-6.)

A moaposetoloi Paulo ga a bue ka Bakeresete jaaka ba ba “itsileñ galè”?

Bar. 8:28, 29: “Rea itse ha dilō cotlhe di dihisanya mmōgō go dihèla ba ba ratañ Modimo molemō, eboñ bōnè ba ba bidicweñ kaha boikaeleloñ yoa ōna. Gonne ba o ba itsileñ galè, o bile o ba laoletse gale gore ba bopègè mo chwanoñ ea Morwa ōna, gore a nne motsalwapele mo baneñ ba le bantsi.” (Gape Baef. 1:5, 11) Lefa go le jalo, go bone bano ba ba tshwanang, 2 Petere 1:10 e re: “Ke gōna ba ga echo, lo tlhōahalèlè bogolo go rurehatsa go bidiwa ga lona le go itshenkèlwa ga lona: gonne ha lo diha dilō tse, ga lo ketla lo kgocwa gopè.” (Fa batho ka bongwe ba ne ba laoletswe go le pele poloko, ga go bonale ba ne ba ka palelwa, go sa kgathalesege se ba neng ba se dira. Ereka boiteko bo batlega mo letlhakoreng la batho ka bongwe, e tshwanetse ya bo e le setlhopha se se itsilweng gale. Modimo o ne o ikaeletse gore setlhopha sotlhe se tle se dumalane le motlhala o o beilweng ke Jesu Keresete. Lefa go ntse jalo, ba ba kgethilweng ke Modimo go nna karolo ya setlhopha seo, ba tshwanetse go itshupa ba ikanyega fa e le gore e tla re kgabagare ba bone tuelo e ba e tlhomilweng pele.)

Baef. 1:4, 5: “Hèla yaka o sa le o re itshenkèla mo go èna [Jesu Keresete] pele ga mothèō oa lehatshe, gore re nnè boitshèpō le botlhōka bogōlè ha pele ga ōna mo loratoñ; Ka o re laoletse galè, gore re bōnè boèmō yoa boñwana ka Yesu Keresete, kaha go rateñ ga ōna.” (Go a kgatlha gore, mo go Luke 11:50, 51, Jesu o bapisa “mothèō oa lehatshe” le nako ya ga Abele. Abele ke motho wa ntlha yo o neng a tswelela go nna le kamogelo ya Modimo mo botshelong jotlhe jwa gagwe. Ka gone, e ne e le morago ga botsuolodi jwa mo Edena mme pele ga botsalo jwa ga Abele Modimo a neng a bopa boikaelelo jwa gagwe jwa go tlisa “losika” loo ka lone go neng go tla baakanyediwa kgololo. [Gen. 3:15] Modimo o ne o ikaeletse gore ba ba neng ba tla kopana le Losika lo logolo, ebong Jesu Keresete, e ne e tla nna setlhopha sa balatedi ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba neng ba tla tlhakanela le ene mo goromenteng yo mosha mo godimo ga lefatshe, Bogosi jwa Bomesia.)

A dinaledi le dipolanete di tlhotlheletsa ditiragalo mo matshelong a rona kana di dira botlhodi jo re tshwanetseng go bo akanyetsa fa re dira diphetso?

Tepo-dinaledi e simologile kae?

“Bolepa-dinaledi jwa bophirima bo ka latedisiwa ka tlhamalalo mo matlhajaneng le mo ditlwaelong tsa Bakaladia le Bababelona ba 2000 B.C.”—The Encyclopedia Americana (1977), Bol. 2, ts. 557.

“Bolepa-dinaledi bo ne bo ikaegile mo megopolong e le mebedi ya Sebabelona: zodiac, le bomodimo jwa dipopo tsa selegodimo. . . . Bababelona ba ne ba bolela fa dipolanete di ka ntsha tlhotlheletso e mongwe a ka e lebelelang mo medimong ya tsone.”—Great Cities of the Ancient World (New York, 1972), L. Sprague de Camp, ts. 150.

“Mo Babelona ga mmogo le mo Asiria jaaka letlhogela le le tlhamaletseng la ngwao ya Sebabelona . . . tepo-dinaledi e itsetsepetse mo kobamelong ya puso jaaka nngwe ya ditsela tse pedi tse dikgolo tse di neng di dirisiwa ke baperisita . . . mo go tlhomamiseng thato le boikaelelo jwa medimo, e nngwe e le ka go tlhatlhoba sebete sa phologolo e e ntshitsweng setlhabelo. . . . Metsamao ya letsatsi, ngwedi le dipolanete tse dingwe tse tlhano di ne di lejwa jaaka tse di emelang tiro ya medimo e metlhano e go buiwang ka yone, ga mmogo le modimo wa ngwedi Sin le modimo wa letsatsi Shamash, mo go baakanyetseng ditiragalo tsa lefatshe.”—Encyclopædia Britannica (1911), Bol. II, ts. 796.

Pono ya Mmopi wa setho ke efe mabapi le tlwaelo eno?

Dute. 18:10-12: “Go se ka ga hitlhèlwa mo go wèna opè eo o . . . moitseanape, leha e le moñwe eo o shwabañ ka eñ le eñ, leha e le morai, . . . Gonne leha e le mañ eo o dihañ dilō tse, o makgapha mo go Yehofa.”

O ne a raya ba Babelona a re: “A balepa dinaledi ba gago, le balebi ba dinaledi ba ba bonelang bokamoso jwa gago kgwedi le kgwedi, ba tswelele, mme ba go boloke! Mme bona, ba tla nna jaaka mmoko . . . Go tla nna fela jalo le ka boramaselamose ba gago ba o kaetseng botshelo jotlhe jwa gago ka bone: ba ile ba kgotšwa, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe, mme ga go na ope yo o tla go bolokang.”—Isa. 47:13-15, NE.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela