LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • rs ts. 128-ts. 133
  • Botshelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo
  • Go Fetolana ka Dikwalo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Loso le Tsogo ya ga Jesu—Di ka Go Solegela Molemo Jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • A Ruri go a Kgonega go Tshela ka Bosakhutleng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Botshelo Morago ga Loso—Bo ka Kgonega Tota!
    Tsogang!—2008
  • Boikaelelo jwa Modimo Ke Gore Motho A Ipelele Botshelo mo Paradaiseng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Go Fetolana ka Dikwalo
rs ts. 128-ts. 133

Botshelo

Tlhaloso: Boemo jo bo tlhaga jo bo farologanyang dimela, diphologolo, batho, le ditshedi tsa semoya mo dilong tse di sa tsheleng. Dilo tse di nang le mebele tse di tshelang gantsi di na le dinonofo tsa go gola, phetogo ya dikhemikhale, karabelo ya tsiboso ya mmele le tsalo. Merogo e na le botshelo jo bo tlhaga mme eseng jaaka moya o o nang le maikutlo. Mo meyeng ya selefatshe, ebong diphologolo le batho, go na le maatla a a tlhaga a botshelo go di tshedisa le go hema go tshegetsa maatla ao a botshelo.

Botshelo tota-tota, jaaka go lebisitswe bathong ba ba botlhale, ke go nna gone mo go itekanetseng ka tshwanelo ya gone. Moya wa motho ga se o o sa sweng. Mme batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba na le tebelelo ya botshelo jo bosakhutleng ka boitekanelo—ba bantsi e le ba ba tla tshelang mo lefatsheng, mme ba “lecomanyane” e le kwa legodimong jaaka baruaboswa ba Bogosi jwa Modimo. Morago ga gore ba tsosediwe botshelong jwa semoya maloko a setlhopha sa Bogosi gape le one a tla neelwa bosasweng, nonofo ya botshelo eo e sa tlhokeng gore e tshegediwe ka selo sepe se se bopilweng.

Boikaelelo jwa botshelo jwa batho ke eng?

Selo sa motheo mo go nneng le boikaelelo mo matshelong a rona ke go lemoga Motswedi wa botshelo. Fa botshelo e ne e le tiro fela ya kotsinyana, go nna gone ga rona, ka tshwanelo, go ne go ka bo go sena boikaelelo, mme go ne go tla se ke go nne le isagwe epe e e ikanyegang eo re neng re ka e rulaganyetsa. Mme Ditihō 17:24, 25, 28 e re itsise ka gore: “Modimo o o dihileñ lehatshe le dilō cotlhe tse di mo go yeōna, . . . o naea botlhe botshelō, le mōea, le dilo cotlhe; Gonne mo go ōna rea tshela, mo go ōna rea tshikinyèga, re leeō ka ōna.” Tshenolō 4:11, eo e lebisang go Modimo, e oketsa ka gore: “Go gu chwanetse, Morèna oa rona, le Modimo oa rona, oa bo u bōna kgalalèlō, le tlotlō, le thata: gonne u tlhodile dilō cotlhe, me di ne di leeō, me tsa bopiwa ka ntlha ea go rata ga gago.” (Bona gape ditsebe 287-293, tlaseng ga setlhogo se segolo “Modimo.”)

Tlalelo e nna gone ka ntlha ya tsela ya botshelo eo e thulanang le dipatlafalo tsa Mmopi le dikaelo tsa gagwe tsa boitumelo. Bagalatia 6:7, 8 e tlhagisa jaana: “Lo se tsietsege: Modimo ga o shotlwe: gonne se motho o se yalañ, ke shōna se o tla se rōbañ. Gonne eo o yalèlañ nama ea gagwè o tla rōba sebodu se se cwañ mo nameñ.”—Gape Bagalatia 5:19-21. (Bona gape setlhogo se segolo “Boitaolo.”)

Boleo jo bo ruilweng mo go Adame bo thibela batho mo go nneng le boipelo jo bo tletseng jwa jaanong jwa botshelo jaaka Modimo o ne o ikaeletse kwa tshimologong. Baroma 8:20 e tlhalosa gore, ka ntlha ya katlholo ya bomodimo morago ga go leofa ga ga Adame, “lobopō [lwa setho] lo no lo beilwe mo taoloñ ea boithamakō.” Malebana le seemo sa gagwe sa botho jaaka motho yo o leofileng, moaposetoloi Paulo o ne a kwala ka gore: “Nna ke oa senama, ke bapadicwe mo thateñ ea boleo. Gonne molemō o ke o ratañ, ga ke o dihe: me boshula yo ke sa bo rateñ, ke yōna ke bo dihañ. Gonne ke natehèlwa ke molaō oa Modimo kaha bothuñ yoa kaha teñ: Me ke hitlhèla molaō o sele mo ditokololoñ tsa me, o o tlhabanañ le molaō oa pelo ea me, me o ntsenya mo kgolegoñ ea molaō oa boleo o o mo ditokololoñ tsa me. A motho oa mogolo nna!”—Bar. 7:14, 19, 22-24.

Re bona boipelo jo bogolo jo bo ka kgonegang gone jaanong mme matshelo a rona a nna le bokao jo bo humileng fa re dirisa melao-metheo ya Bibela le go baya kwa pele go dira thato ya Modimo. Ga re humise Modimo ka go mo direla; mme o re ruta go ‘itemohalela ka borona.’ (Isa. 48:17) Bibela e gakolola ka gore: “Lo tlhōmame, lo nitamè, lo nntse lo totahetse mo tihoñ ea Morèna ka metlha eotlhe, ka lo itse ha tihō ea lona e se ketla e nna lehèla mo Moreneñ.”—1 Bakor. 15:58.

Bibela e tlhoma mo pele ga rona tebelelo ya botshelo jo bosakhutleng jo bo itekanetseng fa re nna le tumelo mo dipaakanyetsong tsa ga Jehofa ka botshelo jo bo ntseng jalo jo bo tletseng le go sepela mo ditseleng tsa gagwe. Tsholofelo eo e nitamisitswe sentle; ga e ketla e swabisa; tiro e e tumalanong le tsholofelo eo e ka tlatsa matshelo a rona ka bokao jwa mmatota le eleng jaanong.—Yoh. 3:16; Tito 1:2; 1 Pet. 2:6.

A batho ba ne ba diretswe go tshela dingwaganyana fela e be e re go tswa foo ba a swa?

Gen. 2:15-17: “Me Yehofa Modimo a tsaea monna [Adame], a mmaea mo tshimoñ ea Edena, go e baakanya le go e lebèlela. Me Yehofa Modimo a laola monna, a re, U ka ya hèla setlhare señwe le señwe sa tshimo ka go rata: Me setlhare sa kicō ea molemō le boshula, shōna u se ka ua se ya: gonne ka tsatsi ye u yañ ga shōna rure u tla shwa.” (Modimo fano o ne wa bua ka loso, eseng jaaka seemo se se ka se tilweng, mme e leng seo se neng se tla tlisiwa ke go leofa. O ne a kgothaletsa Adame go se tila. Bapisa Baroma 6:23.)

Gen. 2:8, 9: “Me Yehofa Modimo a baea tshimo kaha ntlheñ ea botlhabatsatsi, mo Edena, me a baea gōna motho eo o mmopileñ. Me Yehofa Modimo a medisa mo mbuñ setlhare señwe le señwe se se kgatlhañ mo matlhoñ, le se se molemō go yewa; setlhare sa botshelō le shōna ha gare ga tshimo.” (Morago ga go leofa ga ga Adame batho ba babedi ba ne ba lelekiwa mo Edena e le gore ba tle ba se ka ba ja setlhare seo sa botshelo, go ya ka Genesise 3:22, 23. Ka jalo go bonala gore fa Adame a ka bo a ile a tswelela a ntse a utlwa Mmopi wa gagwe, Modimo e ne e tla re kgabagare o mo letlelele go ja setlhare seo jaaka tshupo ya go bo a tshwanelwa ke go tshelela ruri. Go nna gone ga setlhare sa botshelo mo Edena go ne go supela tebelelo e e ntseng jalo.)

Pes. 37:29: “Basiami ba tla rua lehatshe, ba tla aga mo go yeōna ka bosakhutleñ.” (Tsholofetso eno e go papamatsa sentle gore boikaelelo jwa motheo jwa Modimo malebana le lefatshe le motho ga bo a fetoga.)

Bona gape tsebe 242, tlaseng ga setlhogo se segolo “Loso.”

Mme fa e le ka ga rona gompieno, a go tshela ka bokhutshwanyane, gantsi go mara-marilwe ke pogo, ke sone se se rewang ke botshelo?

Bar. 5:12: “Ke gōna, yaka boleo bo tsenye mo lehatshiñ ka motho [Adame] a le moñwe hèla, le losho ka boleo; me yalo losho loa hetèla mo bathuñ botlhe, ka botlhe ba leohile.” (Seo ke se rotlhe re se jeleng boswa, eseng gore e ne e le boikaelelo jwa Modimo, mme ka ntlha ya boleo jwa ga Adame.) (Bona gape setlhogo se segolo sa “Tlholelo.”)

Yobe 14:1: “Motho eo o tsecweñ ke mosadi o malatsi mannye, o bile o tletse khuduègō.” (Seo se supa thata-thata kafa botshelo bo ntseng ka teng mo tsamaisong eno ya dilo e e sa itekanelang.)

Lefa go ntse jalo, le eleng tlaseng ga maemo a a ntseng jalo matshelo a rona a ka duela ka mo go humileng, a tletse ka bokao. Bona boikitsiso jo bo mo ditsebeng 129, 130 ka boikaelelo jwa botshelo jwa setho.

A botshelo mo lefatsheng ke boetelo jwa go bona gore ke mang yo o tla yang legodimong?

Bona ditsebe 227-234, tlaseng ga setlhogo se segolo “Legodimo.”

A re na le moya (“soul”) o o sa sweng o o tswelelang o tshela morago ga loso lwa mmele wa nama?

Bona ditsebe 295-300, tlaseng ga setlhogo se segolo “Moya” (Soul).

Ke mo motheong ofe ope a ka solofelang go nna le mo go fetang botshelonyana jwa jaanong jwa batho jwa nakwana?

Math. 20:28: ‘Morwa Motho [Jesu Keresete] o ne a sa tla go direlwa mme e le go direla, le go ntsha botshelo jwa gagwe go nna thekololo ya batho ba le bantsi.’

Yoh. 3:16: “Gonne Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.”

Baheb. 5:9: “Me e rile a [Jesu Keresete] sena go dihwa boitekanèlō, a cwa mosimolodi oa poloka e e sa khutleñ mo go botlhe ba ba mo utlwañ.” (Gape Yohane 3:36)

Ditebelelo tsa botshelo jwa isagwe di tla itemogelwa jang?

Dit. 24:15: “Ke na le cholohèlō mo Modimoñ, e le bōnè ba e lebeletseñ, ea go re, go tla nna cogō ea basiami le basiamolodi.” (Seno se tla akareletsa batho bao ka boikanyegi ba neng ba direla Modimo mo nakong e e fetileng gammogo le palo e kgolo eo le ka motlha e iseng e ke e itse mo go lekanyeng kaga Modimo wa boammaaruri go amogela kana go gana ditsela tsa gagwe.)

Yoh. 11:25, 26: “Yesu a mo raea [kgaitsadia monna yo e neng ya re morago a mmusetsa botshelong], a re, Ke nna cogō le botshelō; eo o dumelañ mo go nna, leha a shwa, leha go nntse yalo o tla tshela; Me leha e le mañ eo o tshelañ, a ba a dumèla mo go nna, ga a ketla a shwa gopè. A mo ua go dumèla?” (Jalo, kwantle ga tsholofelo ya tsogo, Jesu o ne a solofetsa batho ba e neng e tla re fa lefatshe le le boikepo la jaanong le fedisiwa ba bo ba santse ba tshela, selo se sengwe gape. Bao ba nang le tsholofelo ya go nna babusiwa ba selefatshe ba Bogosi jwa Modimo ba tla nna le tebelelo ya go falola mme le ka motlha ba se ketla ba a swa gotlhelele.)

A go na le tshupo epe mo modirong wa mmele wa motho gore o ne o tlhametswe go tshelela ruri?

Go dumelwa thata gore boboko jwa motho bo ka kgona go boloka dilo tse di fetang kgakala tse re di tsenyang mo go jone mo botshelong jwa jaanong, go sa kgathalesege gore a motho o tshela dingwaga di le 70 kana le eleng 100. Encyclopædia Britannica e bolela gore boboko jwa motho “bo na le bokgoni jo bogolo thata go feta kafa motho a ka akanyang ka teng fa a ntse a tshela.” (1976, Bol. 12, ts. 998) Rasaense Carl Sagan o bolela gore boboko jwa motho bo ka boloka tshedimosetso “e e ka tlatsang dibolumo tse di ka nnang dimilione tse di masome a mabedi, tse di lekanang le tsa laeborari e kgolo go di feta tsotlhe mo lefatsheng ka bontsi.” (Cosmos, 1980, ts. 278) Malebana le nonofo ya “tsamaiso ya kgobokanyo” ya boboko jwa motho, moithuta matshelo wa dikhemikhale Isaac Asimov o ne a kwala gore “e nonofile sentle mo go tshwareng morwalo mongwe le mongwe wa go ithuta le kgakologelo e motho ka gongwe a ka e tsenyang mo go jone—makgetlo a le dibilione go na le bogolo jwa jone gape.”—The New York Times Magazine, October 9, 1966, ts. 146. (Ke goreng boboko jwa motho bo ne jwa tsenngwa nonofo e e ntseng jalo fa e le gore e ne e ka se dirisiwe? A ga go utlwale go dumela gore ka bokgoni jo bo kalo jwa go ithuta dilo tse dintsi tse di sa feleng, tota motho o ne a bopetswe go tshelela ruri?)

A go na le ditshedi mo dipolaneteng tse dingwe?

The New York Times e bega jaana: “Patlisiso ya gore a go na le ditshedi tse dingwe tse di botlhale golo gongwe mo lobopong . . . e ne ya simolola dingwaga tse 25 tse di fetileng . . . Namane e tona ya tiro, eo e kopanyeletsang go henena makgolo a dibilione tsa dinaledi, go tla go fitlha jaana ga e ise e ntshe bosupi jo bo papametseng gore botshelo bo gone go pota ka kwa ga Lefatshe.”—July 2, 1984, ts. A1.

The Encyclopedia Americana e re: “Ga go dipolanete dipe tse dingwe [ka kwantle ga dibokela tsatsi tsa rona] tseo di ileng tsa bonwa ka tlhamalalo. Mme fa go na le polanete nngwe e e ka tswang e le gone ka kwantle ga dibokela tsatsi tsa rona, go na le phatlhanyana ya gore botshelo bo ne jwa simolola mme jwa bo jwa tlhagelela go tswa tlhabologong nngwe e e botoka thata-thata.” (1977, Bol. 22, ts. 176) (Jaaka go supilwe mo polelwaneng eno, a e ka tswa e le gore tlhotlheletso e kgolo mo patlisisong e e jang madi fela thata thata eno ya botshelo mo lefaufaung ka kwantle ke keletso fela ya go supela kgopolo ya thuto tlhagelelo, tshupo ya gore motho o ne a sa bopiwa ke Modimo mme ka gone ga a ikarabelele go Ene?)

Bibela e senola gore ditshedi tse di mo lefatsheng leno ga se tsone ditshedi fela tse di gone. Go na le batshedi ba bangwe ba semoya—Modimo le baengele—bao ba leng botlhale fela thata thata le maatla a magolo go feta motho. Ba setse ba ile ba nna ba buisana go le gale le setho, ba tlhalosa tshimologo ya botshelo le seo tharabololo eleng sone mo mathateng a a fekeetsang ao lefatshe le thulaneng nao. (Bona ditlhogo tse dikgolo “Bibela” le “Modimo.”)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela