Kgaolo 15
Ke Ka Ntlhayang Fa Ke Le Ditlhong Jaana?
“MONGWE le mongwe o mpolelela gore ke montle thata,” go ne ga kwala jalo lekgarebe lengwe a kwalela motlhatlheledi mongwe wa pampiri ya dikgang. Lefa go le jalo o ne a tswelela pele a tlhalosa ka go re: “Ke na le bothata jwa go buisana le batho. Fa ke leba motho mo matlhong fa a bua, sefatlhego sa me se a fufula mme ke bo ke tsenwe ke letshogo . . . Ke utlwile bangwe kwa tirong ba akgela kafa ke leng ‘mabela’ ka gone ka gonne ke sa buise ope. . . . Ga ke mabela, ke fela gore ke ditlhong.”
Patlisiso nngwe e ile ya bontsha gore 80 lekgolong ya batho ba ba neng ba botsolotsiwa ba ne ba kile ba nna ditlhong ka nako nngwe mo botshelong jwa bone, mme ba le 40 lekgolong ba ne ba bolela fa ba le ditlhong mo nakong ya gompieno. Eleruri, go nna ditlhong ke selo se se sa bolong go tlwaelega mo bathong go tswa metlheng ya bogologolo. Bibela e re bolelela gore Moshe o ne a tlhabiwa ke ditlhong go direla jaaka mmueledi wa Modimo fa pele ga morafe wa Iseraele. (Ekesodo 3:11, 13; 4:1, 10, 13) Gape, go lebega gore morutwa wa Mokeresete Timotheo o ne a le ditlhong a bile a tshaba go bua kgatlhanong le seo se sa siamang le go dirisa bolaodi jwa gagwe ka tshwanelo.—1 Timotheo 4:12; 2 Timotheo 1:6-8.
Seo Ditlhong e Leng Sone
Go nna ditlhong ke go nna o kokobetse fa o na le batho—batho ba o sa ba itseng, batho ba ba nang le taolo, batho ba bong bo sele, kana le eleng balekane ba gago. Ke go tshaba matlho a batho mo go feteletseng mo go amang batho ba ba nang le bokoa jwa gone ka ditsela tse di farologaneng. Ba bangwe ba jewa ke kgala; ba korobeditse matlho ebile pelo ya bone e iteela kwa godimo, ba ikutlwa ba sa kgone go bua. Ba bangwe ba palelwa ke go itshwara ba bo ba simolola go balabalela ruri. Lefa go le jalo ba bangwe ba retelelwa ke go ntsha mafatlha a bone le go bolelela ba bangwe dipono tsa bone le tseo ba di ratang.
Lefa go le jalo, go na le mabaka mangwe a a siameng a gore motho a nne ditlhong ka selekanyo se se rileng. A amana le bori le boikokobetso, mme sengwe sa dilo tseo Modimo o di lebelelang ebile o di akgolelang batho ke ‘go nna bori mo go sepeleng le ene.’ (Mika 6:8) Gape go na le molemo o mongwe mo go nneng botlhale le go sa nneng boikgogomoso, mo go sa itseeleng kwa godimo le go nna dikgoka. Gantsi motho yo o ditlhong o ratwa ke batho ka gonne e le moreetsi yo o molemo. Mme fa re sa kgone ebile re retelelwa ke go lemoga kgono ya rona ka botlalo ka baka la go nna ditlhong ebile go ama go tsalana ga rona le batho fela thata, tiro, le maikutlo a rona, ke nako ya gore re dire sengwe ka gone!
O ka simolola sentle ka go tlhaloganya bothata joo. (Diane 1:5) Go nna ditlhong ga go tlhalose gore o motho wa mofuta ofe; go tlhalosa boitshwaro jwa gago, kafa o itshwarang ka teng mo maemong a a rileng, mokgwa oo o o ithutileng o bile wa o tiisa fa o ntse o tsalana le batho ba bangwe. O akanya gore ba bangwe ba go akanyetsa ka tsela e e sa siamang, gore ga ba go rate. O akanya gore ba bangwe ba botoka kana ke batho ba ba nang le tlhaloganyo go go gaisa. O akanya gore ga go na sepe se se tla siamang fa o leka go itsalanya le batho ba bangwe. O solofela gore dilo ga di na go felela sentle, mme ebile gantsi go nna fela jalo—ka gonne o a tshoga o bo o dira kafa o dumelang ka teng.
Kafa Ditlhong di Amang Botshelo jwa Gago ka Gone
Ka go ikgogona, go sa ntsheng mafatlha a gago, kana ka go bo o akanya thata kaga gago mo o senang nako le ba bangwe, o ka nna wa dira gore ba akanye gore o mabela, ga o botsalano, o sulafalelwa ke botshelo kana le eleng gore ga o kgathalele batho kana ga o botlhale. Fa o tlhola o akantse kaga gago, go thata gore o nwetse mogopolo mo puisanong e e tshwerweng. Ka gone ga o reetse thata tshedimosetso e o e amogelang. Go bo go diragala seo o se boifang thata—o lebega o le seeleele.
Tota-tota, go ntse jaaka ekete o itotleletse mo teng ga kgolegelo ya ditlhong mme jaanong o latlhile selotlolo sa yone. O lesa ditshono di go feta. O amogela dilo kana maemo ao tota o sa a batleng—e le fela ka gonne o boifa go ntsha mafatlha a gago le go bolelela ba bangwe pono ya gago. Ga o bone boitumelo jwa go kopana le batho le go dira ditsala tse disha kana go dira dilo tseo di ka tokafatsang botshelo jwa gago. Mme ba bangwe le bone ba a latlhegelwa. Ga ba kgone go itse gore tota o motho wa mofuta ofe.
Go Fenya Ditlhong
O ka kgona go fetola boitshwaro jwa gago, fa nako e ntse e tsamaya le fa o dira boiteko. Santlhantlha, tlogela go tlhola o itshwentse ka gore a motho yo mongwe o a go tlotla kana nnyaa. Gongwe o ikakanyeditse fela kaga gagwe le seo a tla se buang le go se dira. Mme fa motho yoo ka bongwana a go ja setshego, tlhaloganya gore ke ene yo o nang le bothata. “Eo o nyatsañ oa ga gabō ga a na botlhale.” (Diane 11:12) Batho ba o ka solegelwang molemo ke go nna tsala ya bone ba tla go atlhola eseng kafa o lebegang ka teng kafa ntle mme gore o motho wa mofuta ofe.
Gape, leka go akanya sentle. Ga go na motho ope yo o itekanetseng; rotlhe re na le dilo tseo re di kgonang le makoa. Gakologelwa gore, go na le ditsela tse di farologaneng tsa go leba dilo, batho ba na le dilo tse di sa tshwaneng tseo ba di ratang le tseo ba sa di rateng. Fa motho a na le pono e e sa tshwaneng le ya gago ga go reye gore ga a go rate jaaka motho.
Gape ithute go atlhola batho ba bangwe ka tekatekano. Lekawana lengwe leo le kileng la bo le le ditlhong le bolela jaana: “Ke ne ka simolola go lemoga dilo di le pedi kaga me . . . Santlha, ke ne ke le motho yo o ithatang thata. Ke ne ke akanya thata kaga me, ke tshwenyega kaga seo batho ba neng ba se akanya kaga seo ke se buileng. Sa bobedi, ke ne ke akanya gore batho ba bangwe ba na le maikutlo a a sa siamang—ke sa ba tshepe ebile ke akanya gore ba ne ba tla ntseela kwa tlase.”
Lekawana leno le ne la nna teng kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa. “Fa ke le koo ke ne ka reetsa polelo e tota e neng ya nthusa,” o gakologelwa jalo. ‘Sebui se ne sa lemotsha gore lorato lo dira gore motho a nne botsalano le batho; gore fa o na le lorato o akanyetsa batho dilo tse di molemo, eseng tse di maswe thata. Jalo ke ne ka tlogela go tlhola ke akantse gore batho ba bangwe ba na le maikutlo a a maswe. Ke ne ka ithaya ka re: “Ba tla ntlhaloganya, ba tla nna pelonomi, ba tla nkakanyetsa.” Ke ne ka simolola go tshepa batho. Ke ne ka lemoga gore ba bangwe ba ka nna ba nkatlhola ka go sele, mme jaanong ke ne ke ikutlwa gore ke bone ba neng ba na le bothata.’
“Gape ke ne ka lemoga botlhokwa jwa go bontsha lorato ka tlhagafalo—go inaakanya le batho ba bangwe,” a tlhalosa jalo. “Santlha ke ne ka lekeletsa mo bathong ba babotlana. Moragonyana ke ne ka simolola go etela batho ba bangwe mo magaeng a bone. Ke ne ka ithuta go amega ka ditlhokafalo tsa bone, ka akanyetsa kafa ke neng ke ka ba thusa ka gone.” Ka gone o ne a ithuta boammaaruri jwa kgakololo ya ga Jesu e e mo go Luke 6:37, 38 e e reng: “Lo se ka loa sekisa, me ga lo ketla lo sekisiwa; se boneñ batho molato, me ga lo ketla lo bōnwa molato: . . . Naeañ, me lo tla nèwa; . . . Gonne ka selekanyō se lo lekanyañ ka shōna lo tla ba lo lekanyediwa ka shōna hèla.”
Go Simolola
Jalo ithute go itsalanya le batho—go ba dumedisa o bo o simolola puisano. E ka nna selo se eseng sa sepe fela jaaka go akgela ka maemo a bosa. Gakologelwa: Boikarabelo jwa gago ke go dira 50 lekgolong fela ya puisano. Sephatlo se sengwe ke sa motho yo mongwe. Fa o dira phoso fa o bua, o seka wa ikutlwa o nyatsega. Fa ba bangwe ba tshega, ithute go tshega le bone. Go bua o re “Ga ke a bua sentle” go tla go thusa go wela dibete le go tsweledisa motlotlo pele.
Apara diaparo tse di siameng, mme tlhomamisa gore diaparo tsa gago di phepa ebile di gatisitswe sentle. Fa o ikutlwa gore o lebega sentle seo se tla kokobetsa letshogo la gago mo ntlheng eno ebile se tla go thusa go nwetsa mogopolo mo puisanong e e tshwerweng. Ema o tlhamaletse, lefa go le jalo o wetse dibete. Lebega sentle o bo o nyenye. Leba ba bangwe ka botsalano gape koma ka tlhogo kana bolelela motho yo mongwe gore o dumalana le seo a se buang.
Fa o lebane le seemo se se thata, se se tshwanang le go neela puo fa pele ga batho kana go tlhatlhobelwa tiro, tla o ipaakanyeditse kafa o ka kgonang ka gone. Ikatisetse go sale gale gore o tlile go bua o reng. Mathata a go bua le one a ka kgona go fenngwa kana go ngotliwa ka gore motho a ikatise. Go tla tsaya nako, fela jaaka go tsaya nako go nna setswerere mo dilong dipe fela tse disha. Mme fa o bona dilo di tsamaya sentle, o tla kgothatsega gape go dira ka katlego.
Seo se sa tshwanelang go tlodisiwa matlho ke thuso eo Modimo o ka e nayang. Saulo, kgosi ya ntlha ya morafe wa bogologolo wa Iseraele, o ne a le ditlhong fela thata kwa tshimologong. (1 Samuele, dikgaolo 9 le 10) Mme fa nako e ne e tla ya gore a tseye kgato, “mōea oa Modimo oa tla ka thata mo go èna,” mme o ne a etelela batho bao pele mo phenyong!—1 Samuele, kgaolo 11.
Gompieno basha ba Bakeresete ba na le boikarabelo jwa go thusa ba bangwe go ithuta ka Modimo le lefatshe la gagwe le lesha la tshiamo leo le solofeditsweng. (Mathaio 24:14) Go bolelela batho ka mafoko a a molemo ano le go emela Molaodi yo mogolo mo lobopong lotlhe eleruri go tshwanetse go tlhotlheletsa motho go itshepa le go mo thusa gore a seka a tshaba matlho a batho thata. Jalo, o ka tlhomamisega gore fa o direla Modimo ka boikanyego, o tla go segofatsa a ba a go thusa go fenya go nna ditlhong.
Dipotso tsa Puisano Kgaolo 15
◻ Tota go nna ditlhong ke eng, mme motho yo o ditlhong o itshwara jang fa a na le ba bangwe? A seno se boammaaruri ka wena ka tsela nngwe?
◻ Ke ka ntlhayang fa motho yo o ditlhong a latlhegelwa ke go itshepa fa a na le ba bangwe?
◻ Go nna ditlhong go ka dira motho gore a latlhegelwe ke dilo dingwe jang?
◻ Ditsela dingwe tsa go fenya go nna ditlhong ke dife? A dingwe tsa dikakantsho tseno di go rarabololetse dilo?
[Mafoko a a mo go tsebe 123]
Motho yo o ditlhong o latlhegelwa ke ditsala le ditshono tse di rileng
[Lebokoso mo go tsebe 124]
O ka kgona go fenya go nna ditlhong ka
Go batla go fetoga le ka go dumela gore eleruri o ka kgona go fetoga
Go emisetsa dikakanyo tse di sa siamang ka go tsaya kgato e e siameng
Go itlhomela mekgele e e ka kgonegang le e e nang le mosola
Go itse kafa o ka itapolosang ka gone wa ba wa kgona go dirisana le ditlhodiego
Go akanyetsa seemo pele ga nako
Go bapala go itshepa ka go nna o atlega gangwe le gape
Go gakologelwa gore batho ba na le dipono tse di sa tshwaneng le gore ba bangwe le bone ba a tle ba fose
Go ikatisa go oketsa dikgono tsa gago le go ithuta tse disha
Go tsaya kgato ya go bontsha ba bangwe lorato le go ba thusa
Go apara sentle le go itshwara ka go itshepa
Go ikaega ka thuso eo Modimo o e nayang
Go tshwarega mo dipokanong tsa Bokeresete le go abalana le ba bangwe tumelo ya gago
[Ditshwantsho mo go tsebe 123]
Motho yo o ditlhong o akanya gore batho ba bangwe ba mo tseela kwa tlase
[Setshwantsho mo go tsebe 125]
Ithute go itsalanya le batho—go nyenya, go dumedisa ba bangwe, le go tshwara motlotlo le bone