A o Motho yo o Ditlhong?
1 Ga re gakgamale fa re bona ngwana yo monnye a re leba a re utswa ka fa morago ga ga mmaagwe kana rraagwe. Go tlwaelegile gore bana ba bannye ba nne ditlhong. Tota go na le batho ba le bantsi ba ba godileng ba ba leng ditlhong ka tlhago fela. Ke eng se o ka se dirang fa e le gore ditlhong di go kgoreletsa go nna le seabe mo bodireding?
2 Go Lepalepana le Ditlhong: Go botlhokwa go ela tlhoko “motho wa sephiri wa pelo.” (1 Pet. 3:4) Godisa tsela e o ratang Jehofa le moagelani wa gago ka yone. Tlhomamisega gore go dira tiro ya go rera ke nngwe ya ditsela tse di molemolemo tsa go bontsha lorato lwa go intsha setlhabelo. Dira thulaganyo e e molemo ya go ithuta ka namana le go nna gone kwa dipokanong. Rapela ka metlha mme segolobogolo o rapelele gore Jehofa a go thuse. Fa o na le tumelo e e nonofileng mo go ene e bile o mo ikanya o tla simolola go mo tshepa le go “bontsha bopelokgale le go feta, go bua lefoko la Modimo ka go tlhoka poifo.”—Bafil. 1:14.
3 Lwantsha maikutlo a go inyatsa. Go bonala Timotheo a ile a tshwanelwa ke go dira seno. Paulo o ne a kgothatsa Timotheo gore “motho ope a se ka a lebela bosha jwa [gagwe] kwa tlase le ka motlha,” a mo gakolola gore “Modimo o ne wa re naya e seng moya wa bogatlapa, fa e se wa maatla.” (1 Tim. 4:12; 2 Tim. 1:7) Timotheo o ne a dirisiwa thata ke Jehofa, mme le wena o tla go dirisa fa o gatela pele o Mo tshepa ka botlalo.—Pes. 56:11.
4 Go tlhatlhanya ka temana ya Baebele e e jaaka Mathaio 10:37 go ile ga thusa kgaitsadi mongwe yo ditlhong di neng tsa dira gore a boife monna wa gagwe yo o ganetsang. Fa a ntse a itshokile jalo, o ne a kgona go dira bodiredi jwa gagwe motlhofo, mme kgabagare monna wa gagwe, mmaagwe le bokgaitsadie ba ne ba amogela boammaaruri botlhe!
5 Go Baakanyetsa go Botlhokwa: Tsela e o itshepang ka yone e tla gola fa o baakanyetsa bodiredi sentle. Tlhopha puisano e e motlhofo mo bukeng ya Go Fetolana kana mo dikgatisong tsa Tirelo ya Rona ya Bogosi tsa nako e e fetileng, ithute yone, o bo o e boeletse kgapetsa. Go na le go ikimetsa ka tlalelo e e sa tlhokegeng, akanya ka tsela e e siameng. O tla kgothadiwa ke go dira le ba bangwe. Gakologelwa gore bontsi jwa batho ba o tla buisanang le bone mo magaeng, ba ditlhong fela jaaka wena. Mongwe le mongwe o tlhoka molaetsa wa Bogosi.
6 Fa o le ditlhong, o se ka wa kgobega marapo. Fa o ntse o iteka, Jehofa o tla go thusa go nna moreri wa dikgang tse di molemo yo o nang le matswela. Go tswa foo o tla itumelela bodiredi jwa gago.—Dia. 10:22.