Buka ya Bibela ya bo 57—Filemone
Mokwadi: Paulo
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Roma
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 60–61 C.E.
1. Dingwe tsa dilo tse di tlhaolang lokwalo lwa ga Filemone ke dife?
LOKWALO lono lo lo kwadilweng ka botswerere le ka lorato lwa ga Paulo ke le Bakeresete ba le kgatlhegelang thata gompieno. Ga se fela gore ke lokwalo lo lokhutshwane go a feta otlhe mo dikwalong loo lo neng lwa kwalwa ke “moaposetoloi oa Badichaba” mme mo Bibeleng yotlhe ke Yohane wa Bobedi fela le wa Boraro tse di senang tshedimosetso e e kalo kalo jaaka yone. Gape, ke lone lokwalo lwa “botsala” fela lo Paulo a neng a lo kwala, ka gore lo ne lo sa kwalelwa phuthego epe kana molebedi mongwe yo o nang le boikarabelo mme lo ne lo kwaletswe motho wa tsala mme ebile lo bua fela ka bothata jo bo kgethegileng joo Paulo a neng a batla go bua ka jone le mokaulengwe mongwe wa Mokeresete, eleng Filemone, yo go lebegang a ne a itsholetse fela thata, yo o neng a nna mo motseng wa Ferigia wa Kolosa, fa gare fela ga Asia Minor.—Bar. 11:13.
2. Ke eng se se neng se bakile gore Filemone a kwalelwe lokwalo mme lo ne lo kwalwa ka boikaelelo bofe?
2 Boikaelelo jwa lokwalo lono bo tlhalosiwa sentle: Ka nako ya bogolegwa jwa gagwe jwa ntlha a le kwa Roma (59-61 C.E.), Paulo o ne a gololesegile go rera kaga Bogosi jwa Modimo fela thata. Gareng ga batho bao ba neng ba reetsa thero ya gagwe e ne e le Onesimo, motlhanka yo o neng a ngwegetse ba ntlo ya ga Filemone, tsala ya ga Paulo. Ka baka leo, Onesimo o ne a nna Mokeresete, mme e ne ya re Paulo a sena go dumalana le Onesimo, a fetsa ka gore a mmusetse kwa go Filemone. Gape Paulo o ne a kwala dikwalo tse a neng a di romela kwa diphuthegong tsa Efeso le Kolosa ka yone nako eno. Mo dikwalong tseno ka bobedi, o ne a gakolola batlhanka ba Bakeresete le beng ba batlhanka ka tsela e e molemo kafa ba tshwanetseng go itshwara ka tshwanelo ka gone mo kamanong eno. (Baef. 6:5-9; Bakol. 3:22–4:1) Lefa go ntse jalo, mo godimo ga seno sotlhe, Paulo o ne a kwalela Filemone lokwalo loo mo go lone a neng a ikuela mo go ene ka boene mo boemong jwa ga Onesimo. E ne e le lokwalo lo o neng a lo kwadilwe ka seatla sa gagwe—selo se se neng se sa tlwaelega ka Paulo. (File. 19) Go bo a ne a kwadile ka monwana wa gagwe go ne ga tsenya moko mo boikuelong jwa gagwe fela thata.
3. Lokwalo lwa Filemone lo ka nna lwa bo lo ne lwa kwalwa leng, mme lo ne lwa romelwa jang?
3 Lokwalo lono lo ka nna lwa bo lo ne lwa kwalwa ka 60-61 C.E., ereka go lebega Paulo a ne a rera mo Roma ka lobaka lo loleele mo a neng a kgona go sokolola batho bangwe. Gape, ereka mo temaneng ya 22 a bolela fa a solofela gore o tla gololwa, re ka nna ra digela ka gore lokwalo lono lo ne lwa kwalwa morago ga a sena go nna mo kgolegelong ka lobaka lo lo rileng. Go lebega gore dikwalo tse tharo tseno, le le kwaletsweng Filemone le tseo di neng di kwaletswe diphuthego tsa Efeso le Kolosa, di ne tsa romelwa ke Tukiko le Onesimo.—Baef. 6:21, 22; Bakol. 4:7-9.
4. Ke eng se se supang gore ke mang yo o neng a kwala lokwalo lwa Filemone le gore le boammaaruri?
4 Go bonala sentle gore Paulo ke ene yo o neng a kwala lokwalo lwa Filemone go ya ka temana ya ntlha, koo a umakiwang ka leina. Origen le Tertullian le bone ba itsise fa go ntse jalo.a Gore buka eno e boammaaruri gape go tshegediwa ke go bo e fitlhelwa go Muratorian Fragment ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E., mmogo le dikwalo tse dingwe tsa Dikwalo tsa Segerika tsa ga Paulo.
SEO SE LENG MO GO FILEMONE
5. (a) Lokwalo loo lo simolola ka ditumediso dife le kakgolo? (b) Paulo o bolelela Filemone eng malebana le motlhanka wa gagwe Onesimo?
5 Onesimo o busediwa kwa go mong wa gagwe ‘a gaisa motlhanka’ (Dit. 1-25). Paulo o romelela Filemone, Apefia “kgantsadia rona,” Arekipo “motlhabani ka rona,” le phuthego e e mo ntlong ya ga Filemone ditumediso tse di bothitho. O akgolela Filemone (yo leina la gagwe le rayang “Go Rata”) lorato le tumelo tse a nang le tsone mo go Morena Jesu le baitshepi. Dipego kaga lorato lwa ga Filemone di tliseditse Paulo boipelo le kgomotso. Paulo, yo o neng a setse a le monna yo o tsofetseng ebile a le legolegwa, jaanong o bua ka kgololesego e kgolo kaga ‘ngwana’ wa gagwe Onesimo, yoo o fetogileng ‘rraagwe’ fa a le mo dikgolegong. Onesimo (yo leina la gagwe le rayang “Se Se Nang le Morokotso”) pele o ne a sena thuso epe mo go Filemone, mme jaanong o thuso go Filemone mmogo le Paulo ka bobedi.—Dit. 2, 10.
6. Paulo o akantsha gore Onesimo a tshwarwe jang, mme a ntsha mabaka afe ka matsetseleko?
6 Moaposetoloi yono o batla gore Onesimo a nne a mo direle fa a santse a le mo kgolegelong, mme o ka seka a dira jalo kwantle ga go dumalana le Filemone. Jalo o mmusetsa kwa morago, a “sa tlhole e le motlhanka, me [a] gaisa motlhanka, e le mokauleñwe eo o ratègañ thata.” Paulo o kopa gore Onesimo a amogelwe ka bopelonomi, ka tsela e e tshwanang le e Paulo ka boene a neng a ka amogelwa ka yone. Fa e le gore Onesimo o ne a foseditse Filemone, a e nne molato wa ga Paulo, ka gonne, Paulo o bolelela Filemone gore “le wèna ka wesi u le molato sebele sa gago mo go nna.” (Tem. 16, 19) Paulo o solofela gore o tloga a gololwa le gore ekete o ka etela Filemone, mme o digela ka ditumediso.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
7. Malebana le Onesimo, Paulo o ne a dirisa kabelo ya gagwe e kgolo jang jaaka moaposetoloi?
7 Jaaka lokwalo lono lo bontsha, Paulo o ne a sa rere “efangele ya loago,” a leka go fedisa tsamaiso e e neng e le gone ka nako eo le dikamano tsa yone, tse di tshwanang le bokgoba. Le gone o ne a seka a golola batlhanka ba Bakeresete ka bogagagwe fela, mme, go na le moo, o ne a dira gore motlhanka yo o neng a tshabile Onesimo a tsee loeto lo lo neng lo feta dikilometara di le 1 400 go tswa kwa Roma go ya kwa Kolosa, a boela kwa go mong wa gagwe Filemone. Ka gone Paulo o ne a dira tumalanong le pitso ya gagwe ya maemo a a kwa godimo jaaka moaposetoloi, a dira tumalanong le thomo ya gagwe ya bomodimo ya go “rèra bogosi yoa Modimo, a ba a ruta batho dilō tse di leñ kaga Morèna Yesu Keresete” ka masisi.—Dit. 28:31; File. 8, 9.
8. Filemone e tshwantsha go dirisiwa ga melaometheo efe ya Bokeresete ka tsela e e nang le mosola?
8 Lokwalo lwa ga Filemone le tlhalosa dilo dingwe ka jaana lo bontsha lorato le kutlwano tseo di neng di le gone gareng ga Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Mo go lone re ithuta gore Bakeresete ba ntlha ba ne ba bitsanya ba re ‘mokaulengwe’ le ‘kgaitsadi.’ (File. 2, 20) Mo godimo ga moo, e tlhalosetsa Bakeresete gompieno gore ba tshwanetse go dirisa melaometheo ya Bokeresete gareng ga bakaulengwe ba Bakeresete. Fa e le ka Paulo, re fitlhela go buiwa ka lorato lwa bokaulengwe, go tlotla dikamano tsa molao wa selefatshe le dilo tsa batho ba bangwe, go nna matsetseleko ka mo go nang le mosola, le boikokobetso jo bo ka akgolelwang. Go na le go leka go pateletsa Filemone gore a itshwarele Onesimo ka taolo ya gagwe e kgolo eo a neng a na nayo jaaka molebedi yo mogolo mo phuthegong ya Bokeresete, Paulo ka boikokobetso o ne a ikuela mo go ene ka baka la lorato lwa Bokeresete le botsalano jo a neng a na najo nae. Balebedi gompieno ba ka solegelwa molemo ke go bo Paulo a ne a bua le Filemone ka matsetseleko.
9. Tumalanong le kopo ya ga Paulo, Filemone o ne a tla bo a beela Bakeresete ba gompieno malebela afe ao a ba solegelang molemo?
9 Kwantle ga pelaelo Paulo o ne a lebeletse gore Filemone a dire jaaka a ne a kopa, mme fa Filemone a ne a ka dira jalo o ne a tla bo a dirisa seo Jesu a neng a ile a se bua mo go Mathaio 6:14 le seo Paulo a neng a se bua mo go Baefesia 4:32 ka mo go nang le mosola. Bakeresete gompieno le bone ba ka lebelelwa gore ba nne pelonomi ba bo ba itshwarele mokaulengwe yo o fositseng. Fa Filemone a ne a ka itshwarela motlhanka yo a neng a mo ruile le yoo a neng a gololesegile go ya kafa molaong go mo sotla kafa a neng a batla ka gone, Bakeresete gompieno ba tshwanetse go kgona go itshwarela mokaulengwe yo o fositseng—ka e le selo se se seng bokete jaaka seo.
10. Go dira ga moya wa ga Jehofa go bonala jang mo lokwalong lwa Filemone?
10 Go bonala sentle mo lokwalong lono lo lo kwaletsweng Filemone gore moya wa ga Jehofa o ne o dira. Go bontshiwa ke tsela ya botswerere e Paulo a neng a dirisana le bothata jo bo masisi ka yone. Go bonala mo kutlwelobotlhokong, mo loratong lo lo pepetletsang, le go tshepa Mokeresete ka ene tseo di bontshiwang ke Paulo. Go bonala mo ntlheng ya gore lokwalo lwa Filemone, fela jaaka Dikwalo tse dingwe, di ruta melaometheo ya Bokeresete, di kgothaletsa gore Bakeresete ba utlwane, mme ebile di tlotlomatsa lorato le tumelo tseo di leng dikgolo mo ‘baitsheping,’ bao ba solofelang mo Bogosing jwa Modimo le bao boitshwaro jwa bone bo bontshiwang mo bopelonoming jo bo lorato jwa ga Jehofa.—Tem. 5.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a The International Standard Bible Encyclopedia, e e kwadilweng ke G. W. Bromiley, Bol. 3, 1986, tsebe 831.