Filemone le Onesimo—Ba Utlwana ka Ntlha ya Bokaulengwe Jwa Bokeresete
LENGWE la makwalo a ga moaposetoloi Paulo a a tlhotlheleditsweng le bua ka bothata fa gare ga banna ba babedi jo bo tlhokang go rarabololwa ka matsetseleko. Yo mongwe e ne e le Filemone mme yo mongwe e ne e le Onesimo. Banna bano e ne e le bomang? Ke eng se se dirileng gore Paulo a kgatlhegele boemo jwa bone?
Filemone yo lekwalo leno le kwaletsweng ene, o ne a nna kwa Kolosa kwa Asia Minor. Go farologana le Bakeresete ba bangwe ba bantsi ba lefelo leo, Filemone ene o ne a tlwaelane le Paulo, o ile a amogela dikgang tse di molemo ka ntlha ya tiro ya moaposetoloi yono ya go rera. (Bakolosa 1:1; 2:1) Paulo o ne a mo itse e le ‘modirimmogo yo o rategang.’ Filemone o ne a tlhoma sekao mo tumelong le mo loratong. O ne a rata go amogela baeng e bile o ne a lapolosa Bakeresetekaene. Mme go bonala gape fa Filemone e ne e le monna yo o neng a itsholetse, e re ka ntlo ya gagwe e ne e le tona sentle gore dipokano tsa phuthego ya bone di tshwarelwe mo go yone. Go ile ga akantshiwa fa Apefia le Arekipo, batho ba babedi ba ba umakiwang mo lekwalong la ga Paulo, e ka tswa e ne e le mosadi wa gagwe le morwawe. Mme gape Filemone o ne a na le bobotlana lekgoba le le lengwe e bong Onesimo.—Filemone 1, 2, 5, 7, 19b, 22.
Motshabi Kwa Roma
Dikwalo ga di re bolelele gore ke ka ntlha yang fa Onesimo a ne a le dikilometara tse di fetang 1400 go tloga kwa gae, a le kwa Roma le Paulo kwa lefelong le lekwalo le le neng le kwaletswe Filemone le neng la kwadiwa gone mo e ka nnang ka 61 C.E. Mme Paulo o ne a bolelela Filemone jaana: “Fa [Onesimo] a go senyeditse ka gongwe, kgotsa fa a na le molato nao, o tle o se beye kwa go nna.” (Filemone 18) Mafoko ano a re lemotsha gore Onesimo o ne a na le mathata le mong wa gagwe e bong Filemone. Lekwalo la ga Paulo le ne le kwadilwe ka boikaelelo jwa go letlanya banna ba babedi bano.
Go ile ga akantshiwa gore Onesimo o ne a nna motshabi fa a sena go utswa madi a ga Filemone gore a tle a duelele go tshabela ga gagwe kwa Roma. Fa a le koo o ne a ikaeletse go nna a sa itshenole fa gare ga batho.a Mo pusong ya Bagerika le Baroma, batshabi ba ne ba baka bothata jo bogolo e seng fela mo go beng ba makgoba mme gape ba ne ba bakela tsamaiso yotlhe ya setšhaba mathata. Go bolelwa fa Roma ka boyone, e ne e “itsege e le botshabelo jo bo tlwaelegileng” jwa makgoba a a tshabileng.
Paulo o ne a kopana jang le Onesimo? Baebele ga e re bolelele. Le fa go ntse jalo, gongwe Onesimo o ne a lemoga gore o itsentse mo boemong jo bo kotsi thata morago ga fa a sa tlhole a itumelela kgololesego ya gagwe. Kwa motseng wa Roma, mapodise a a kgethegileng a ne a senka makgoba a a tshabileng, a molato wa bone e neng e le o o masisi thata o o neng o itsege mo molaong wa bogologolo. Go ya ka Gerhard Friedrich, makgoba a a tshabileng a a neng a tshwarwa a ne a tshwaiwa ka go fisiwa mo diphatleng. Gantsi a ne a setlakwa . . . , a latlhelelwa dibatana mo diserekising kana a bapolwa go kganela makgoba a mangwe go etsa sekao sa one.” Friedrich, o akantsha gore, gongwe fa Onesimo a felelwa ke madi a a a utswileng e bile a palelwa ke go bona lefelo le a ka iphitlhang mo go lone kana tiro, o ne a kopa tshireletso le go tsereganya ga ga Paulo, yo a ileng a utlwa ka ene kwa ntlong ya ga Filemone.
Ba bangwe ba dumela gore gongwe Onesimo o ne a tshabela kwa go mongwe wa ditsala tsa ga mong wa gagwe, a solofetse gore ka tlhotlheletso ya gagwe, a ka nna a boa a nna le botsalano jo bo siameng le mong wa gagwe yo o mo galefetseng ka tshwanelo ka ntlha ya mabaka mangwe. Hisitori e bontsha gore seo e ne e le “tsela e e tlwaelegileng thata e makgoba a a mo mathateng a neng a e dirisa.” Fa e le gore go ntse jalo, go raya gore Onesimo o ile a utswa “e le gore a ke a fitlhe pele kwa go motsereganyi e bong Paulo e seng gore o ne a dira jalo ka maikaelelo a go ngwega,” go bolela jalo mokanoki e bong Brian Rapske.
Paulo o a Thusa
Le fa lebaka e ka tswa e le lefe la go bo Onesimo a ile a ngwega, go bonala fa a ile a senka thuso ya ga Paulo gore a letlanngwe le mong wa gagwe yo o galefileng. Seo se ne sa bakela Paulo bothata. Motho yono e ne e le lekgoba le pele le neng le sa dumele yo e neng e le motshabi yo o molato. A moaposetoloi o ne a tshwanetse go leka go mo thusa ka go thibela tsala ya Mokeresete gore e se ka ya diragatsa tshwanelo ya yone e e kafa molaong ya go mo atlhola ka tsela e e botlhoko? Paulo o ne a tshwanetse go dira eng?
Ka nako ya fa Paulo a kwalela Filemone, go bonala fa motshabi yono a ne a setse a nnile le moaposetoloi ka nakwana. E ne e le lobaka lo loleele sentle mo Paulo a neng a ka re Onesimo o fetogile “mokaulengwe . . . yo o rategang.” (Bakolosa 4:9) Paulo o ne a bolela jaana malebana le kamano ya gagwe ya semoya le Onesimo: “Ke go rotloetsa malebang le ngwanake, yo ke neng ka nna rre mo go ene fa ke ntse ke le mo dikgoleng tsa me tsa kgolegelo.” Filemone o tshwanetse a bo a ne a sa solofela gore selo sa go nna jalo se ka diragala. Moaposetoloi o ne a bolela gore lekgoba le pele le neng le “se na mosola” le ne le boa e le mokaulengwe wa Mokeresete. Onesimo o ne jaanong a ka nna “le molemo,” kana a le “mosola,” se se rayang gore o ne a tshela go ya ka se leina la gagwe le se kayang.—Filemone 1, 10-12.
Onesimo o ne a nna mosola thata mo moaposetoloing yono yo o neng a le mo kgolegelong. Tota e bile, Paulo o ne a ka bo a ile a dira gore a nne koo, mme kwantle ga gore seno se ne se le kgatlhanong le molao, e ne e tla nna go ikgapela ditshwanelo tsa ga Filemone. (Filemone 13, 14) Mo lekwalong le lengwe, le le kwadilweng mo e ka nnang ka nako e e tshwanang le kwaletswe phuthego e e neng e kopanela mo ntlong ya ga Filemone, Paulo o ne a bua ka Onesimo a re ke “mokaulengwe wa me yo o boikanngo le yo o rategang, yo o tswang kwa go lona.” Seno se supa gore Onesimo o ne a setse a itshupile a ka ikanngwa.—Bakolosa 4:7-9.b
Paulo o ne a kgothaletsa Filemone gore a amogele Onesimo ka lorato mme le fa go ntse jalo, ga a ka a dirisa taolo ya gagwe ya boaposetoloi go mo laela gore a dire jalo kana gore a golole lekgoba leno la gagwe. Ka ntlha ya botsalano jwa bone le go ratana ga bone, Paulo o ne a tlhomamisega gore Filemone o tla “dira le eleng go feta” dilo tse a di kopiwang. (Filemone 21) Se ‘go feta’ go neng go se kaya go tlogetswe go sa tlhalosiwa ka gonne e ne e le Filemone fela yo o neng a ka dira tshwetso ka tshwanelo ya gore a direng ka Onesimo. Bangwe ba ile ba tlhalosa mafoko a ga Paulo e le kopo e e sa tlhamalalang ya gore motshabi yono a ‘busediwe kwa go ene gore a tswelele pele a thusa Paulo jaaka a ne a setse a dira.’
A Filemone o ne a amogela dikopo tsa ga Paulo tse a neng a di direla Onesimo? Go bonala go se na pelaelo ya gore o dirile jalo, le fa gone seno se ka tswa se ile sa kgopisa beng ba bangwe ba makgoba a Bakolosa ba ba neng ba ka tswa ba ne ba batla go bona Onesimo a otlhaiwa gore e nne sekao se se tla kganelang makgoba a bone gore ba se ka ba etsa sekao sa gagwe.
Onesimo—Monna yo o Fetogileng
Le fa go ntse jalo, Onesimo o ne a boela kwa Kolosa ka botho jo bosha. Tsela ya gagwe ya go akanya e ne e fetotswe ke maatla a dikgang tse di molemo, kwantle ga pelaelo o ne a nna leloko le le ikanyegang la phuthego ya Bokeresete ya motse oo. Dikwalo ga di tlhalose gore a kgabagare Filimone o ne a golola Onesimo. Le fa go ntse jalo, go ya kafa dilo di lebiwang ka teng ka tsela ya semoya, motho yono yo pele e neng e le motshabi e ne ya nna motho yo o gololesegileng. (Bapisa 1 Bakorintha 7:22.) Batho ba fetoga fela jalo le gompieno. Fa batho ba dirisa melaometheo ya Baebele mo matshelong a bone, maemo le botho jwa bone di a fetoga. Batho ba pele ba neng ba tsewa ba se na mosola mo setšhabeng ba thusiwa gore e nne baagi ba ba tlhomang sekao.c
A bo go sokologela mo tumelong ya boammaaruri go fetola batho thata jang ne! Le fa Onesimo wa pele a ka tswa a ne a “se na mosola” mo go Filemone, kwantle ga pelaelo Onesimo yo mosha o ne a tshela go ya ka se leina la gagwe le se kayang e le motho yo o “molemo.” Mme go tshwanetse ga bo go ile ga nna molemo tota le fa Filemone le Onesimo ba boa ba utlwana ka ntlha ya bokaulengwe jwa Bokeresete.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Molao wa Roma o ne o tlhalosa servus fugitivus (lekgoba le le tshabileng) e le ‘mongwe yo o tlogetseng mong wa gagwe, ka boikaelelo jwa go se tlhole a boa.’
b Mo loetong lono lwa go boela kwa Kolosa, go bonala fa Onesimo le Tikiko ba ne ba filwe makwalo a mararo a ga Paulo, a jaanong a leng mo lenaaneng la dibuka tsa Baebele. Mo godimo ga lekwalo leno la ga Filemone, makwalo ano e ne e le a ga Paulo a a yang kwa Baefesong le kwa Bakoloseng.
c Go bona dikai, tsweetswee bona Tsogang! ya June 22, 1996, ditsebe 18-23 (ya Seesemane); March 8, 1997, ditsebe 11-13; Tora ya Tebelo ya August 1, 1989, ditsebe 30-1; February 15, 1997, ditsebe 21-4.
[Lebokoso mo go tsebe 30]
Makgoba mo Molaong wa Roma
Fa puso ya Roma e ne e le yone e busang mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., lekgoba le ne le laolwa gotlhelele ke megopolonyana, dikeletso le bogale jwa mong wa gagwe. Go ya ka motlhalosi mongwe e bong Gerhard Friedrich, “go tswa kwa tshimologong le go ya ka molao, lekgoba e ne e se motho, mme e ne e le sedirisiwa se mong wa sone a ka se dirisang ka tsela e a batlang ka yone. . . . [O] ne a tsewa ka tsela e e tshwanang le ya diphologolo tsa legae le didirisiwa mme molao wa naga o ne o sa mo akanyetse.” Lekgoba le ne le ka se ka la batla tefetso epe e e kafa molaong ya go bo le ile la tshwarwa ka tsela e e sa tshwanelang. Totatota, o ne a tshwanetse fela gore a diragatse ditaolo tsa mong wa gagwe. Tsela e mong yo o galefileng a neng a otlhaya ka yone e ne e sa lekanyediwa. Tota le ka ntlha ya phoso e nnye, o ne a ka dirisa maatla a gagwe go mmolaya kana go mo tlogela gore a tshele.*
Le fa bahumi ba ka tswa ba ne ba na le makgoba a a makgolokgolo, tota le lelapa le e seng la maemo le ne le ka nna le a le mabedi kana a le mararo. John Barclay yo e leng mokanoki o bolela jaana: “Ditiro tsa makgoba di ne di farologane thata. Makgoba a mangwe e ne e le batlhokomedi ba lelapa, baapei, batsholabaeng, baphepafatsi, barongwa, batlhokomedi ba bana, baamusi le badiri ba ba direlang motho sengwe le sengwe, re sa lebale ba ba nang le bokgoni jo bo farologaneng ba motho a ka ba fitlhelang mo matlong a magolwane a batho ba ba humileng thata. . . . Tota e bile, tsela e lekgoba le neng le tshela ka yone e ne e ikaegile ka botho jwa mong wa gagwe e leng gore e ka nna ya nna monate kana ya se nne monate: go nna lekgoba la mong yo o setlhogo go ne go raya gore o ne o tla boga ka ntlha ya dilo tse dintsi tse di bosula, mme mong yo o molemo yo o pelotshweu o ne a ka dira gore botshelo bo nne monate e bile lekgoba le ne le ka nna le tsholofelo. Go na le dikai tse di itsegeng thata tse di ileng tsa kwalwa mo dikgatisong tsa bogologolo tsa maemo a a kwa godimo tsa tsela e e setlhogo e makgoba a neng a tshwarwa ka yone gape le mekwalo e e supang kamano e e lorato e e neng e le fa gare ga beng bangwe le makgoba a bone.”
*Malebana le bokgoba mo bathong ba Modimo ba metlha ya bogologolo, bona Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., Bolumo 2, ditsebe 977-9.