LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 2/15 ts. 23
  • Lorato lwa Bokaulengwe Lo A Dira

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lorato lwa Bokaulengwe Lo A Dira
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Akgola ka Ntlha ya Lorato le Tumelo
  • Buka ya Bibela ya bo 57—Filemone
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • ‘Go Rapelana ka Lorato’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Filemone le Onesimo—Ba Utlwana ka Ntlha ya Bokaulengwe Jwa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Paulo Kwa Roma
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 2/15 ts. 23

Lorato lwa Bokaulengwe Lo A Dira

Dintlhakgolo go tswa go Filemone

JESU KERESETE o ne a neela balatedi ba gagwe “taolō e ncha” ya gore ba ratane fela jaaka fa a ba ratile. (Yohane 13:34, 35) Ka ntlha ya lorato loo, ba ne ebile ba tla swela ba bangwe. Ee, lorato lwa bokaulengwe le maatla jalo ebile le a dira.

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhomamisegile gore lorato lwa bokaulengwe lo ne lo tla tlhotlheletsa Filemone, ebong Mokeresete yo o neng a le mo phuthegong ya kwa Kolosa, eleng motse o o kwa Asia Minor. Lorato lo ne lo setse lo tlhotlheleditse Filemone gore a bule ntlo ya gagwe gore e dirisiwe jaaka lefelo la dipokano tsa Bokeresete. Motlhanka wa ga Filemone ebong Onesimo o ne a ngwegile, gongwe a utswile madi a go duelela loeto lwa go ya kwa Roma, kwa moragonyana a neng a kopana le Paulo gone mme a amogela Bokeresete.

Fa a ntse a le mo kgolegelong kwa Roma mo e ka nnang ka 60-61 C.E., Paulo o ne a kwala lekwalo leo le neng le kwaletswe Filemone segolobogolo. Le ne le itirela boikuelo mo go Filemone gore a amogele Onesimo yo o boelang kwa go ene ka moya wa lorato lwa bokaulengwe. Bala lekwalo leno, mme o tla bona gore ke sekao se se molemo sa lorato le botlhale—eleng selo se batho ba ga Jehofa ba ka se etsang.

Go Akgola ka Ntlha ya Lorato le Tumelo

Fa a ne a bua le Filemone le ba bangwe, Paulo o simolola ka go ba akgola pele. (Ditemana 1-7) Moaposetoloi yono o ne a tlhola a utlwa ka lorato loo Filemone a neng a rata Keresete ka lone le loo a neng a rata baitshepi botlhe ka lone le ka tumelo ya gagwe. Seno se ne sa tlhotlheletsa Paulo gore a leboge Jehofa mme se ne sa mo leretse boitumelo jo bogolo le kgotsofalo. A rona ka namana re akgola badumedi mmogo le rona bao ba tlhomang sekao se se molemo mo loratong le mo tumelong? Re tshwanetse go dira jalo.

Go laya Bakeresete mmogo le wena ka tsela e e lorato ke selo se se tlhokafalang ka metlha yotlhe, jaaka fa mafoko a ga Paulo a bontsha. (Ditemana 8-14) Morago ga gore a simolole kgang eno ka tsela e e botlhale jalo, moaposetoloi yono o ne a bolela gore lemororo a ne a ka laela Filemone “se se chwanetseñ,” o tlhopile gore bogolo a mo kope. A mo kope gore a direng? Ebu, gore a amogele motlhanka Onesimo gape ka mokgwa o o bonolo! Paulo o ne a ka nna a bo a ratile gore a nne a bone thuso ya diatla tsa ga Onesimo mme o na a ka se ka a dira seno kwa ntle ga tumelelo ya ga Filemone.

Ka mo go bonalang ka gone dilo tse di sa siamang tseo di diregang gantsi di itshupa di le molemo, jaaka fa Paulo a bontsha morago ga moo. (Ditemana 15-21) Tota ebile, go ne ga direga selo se se molemo fa Onesimo a sena go tshaba. Ka ntlha yang? Ka gonne jaanong Filemone o ne a ka kgona go mo amogela gape jaaka mokaulengwe yo o dirang ka pelo e e ratang, yo o ikanyegang wa Mokeresete, eseng jaaka motlhanka yo o sa rateng, yo gongwe a neng a sa ikanyege. Paulo o ne a kopa Filemone gore a amogele Onesimo gape fela jaaka a ne a ka amogela ene Paulo ka sebele. Fa e le gore Onesimo o ne a diretse Filemone phoso ka tsela le fa e le efe fela, moaposetoloi yono o ne a tla mo duela. Go dira gore Filemone a dirisane sentle le ene mo kgannyeng eno le go feta, Paulo o ne a mo gakolola gore ene ka boene o ne a le Mokeresete ka ntlha ya moaposetoloi yono. Ka ntlha ya moo, Paulo o ne a ba a tlhomamisega gore Filemone o ne a tla dira tota le se se fetang seo a kopilweng gore a se dire. Abo seo e ne e le kopo e e botlhale jang ne, le e e lorato! Eleruri, eno ke tsela eo re tshwanetseng ra dirisana le Bakeresete ka rona ka yone.

Paulo o ne a konela lekwalo la gagwe ka tsholofelo, ka ditumediso, le ka dikeleletso tse di molemo. (Ditemana 22-25) O ne a solofela gore ka dithapelo tsa ba bangwe ba mo rapelela, o ne a tla tloga a gololwa mo kgolegelong ka bonako. (Jaaka fa lekwalo la ga Paulo la bobedi leo a neng a le kwalela Timotheo le bontsha, dithapelo tseo di ne tsa arabiwa.) Fa a konela lekwalo la gagwe, Paulo o romela ditumediso ebile o bontsha gore o eletsa ekete bopelonomi jo bo sa tshwanelang jwa ga Jesu Keresete bo ka nna le moya o Filemone a o bontshang le baobamedi mmogo le ene ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 23]

Go Gaisa Motlhanka: Malebana le go boa ga motlhanka wa ga Filemone yo o neng a ngwegile ebong Onesimo, Paulo o ne a bolela jaana: “Gonne motlha moñwe o na a kgaogancwe nau ka lobaka . . . gore u tlo u nnè naè ka bosakhutleñ; E sa tlhole e le motlhanka, me go gaisa motlhanka, e le mokauleñwe eo o ratègañ thata mo go nna, me bogolo yañ mo go wèna, mo nameñ le mo Moreneñ.” (Filemone 15, 16) Mo Mmusomogolong wa Roma, botlhanka bo ne jwa nnisiwa gone ke goromente wa mmusomogolo oo, mme ebile Paulo o ne a utlwa “babusi [ba go nna jalo] ba bagolo.” (Baroma 13:1-7) O ne a sa buelele go tsuologa ga motlhanka yono mme o ne a thusa batho gore ba nne le kgololesego ya semoya jaaka Bakeresete. Tumalanong le kgakololo ya gagwe ya gore batlhanka ba ineele mo go beng ba gagwe, Paulo o ne a romela Onesimo gape kwa go Filemone. (Bakolosa 3:22-24; Tito 2:9, 10) Onesimo jaanong o ne a sa tlhole a le motlhanka fela go ya ka tsela ya selefatshe. E ne e le modumedi mmogo yo o rategang yo o neng a ka ineela ka tshwanelo mo go Filemone jaaka motlhanka yo o botoka, yo o laolwang ke melaometheo ya bomodimo ebile a bontsha lorato lwa bokaulengwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela