LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 4/15 ts. 23-25
  • ‘Go Rapelana ka Lorato’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Go Rapelana ka Lorato’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Motshabi O A Boa
  • Go Rarabolola Dikgang ka Lorato
  • Seo Bakeresete Ba Se Ithutang Gompieno
  • Buka ya Bibela ya bo 57—Filemone
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Lorato lwa Bokaulengwe Lo A Dira
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Filemone le Onesimo—Ba Utlwana ka Ntlha ya Bokaulengwe Jwa Bokeresete
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Paulo Kwa Roma
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 4/15 ts. 23-25

‘Go Rapelana ka Lorato’

MO E ka nnang ka 60-61 C.E., motlhanka mongwe yo a neng a siile o ne a tloga kwa Roma mme a simolola loeto lwa dikilometara di le 1 400 lwa go boela gae kwa Kolosa, motsemogolo o o kwa Asia Minor e e kafa bokonebophirima. O ne a tsholetse mong wa gagwe molaetsa o o neng o kwadilwe ka seatla, o sa kwala ke ope fela fa e se moaposetoloi Paulo. Gompieno, lokwalo loo ke karolo ya Bibela mme le bidiwa ka leina la motho yo le neng le ya kwa go ene ebong Filemone.

Lokwalo lo lo kwaletsweng Filemone lo tlhomologile thata ka go baya mabaka ka tsela e e botlhale le e e rotloetsang. Lefa go ntse jalo, se se botlhokwa le go feta ke gore le na le dithuto di sekae tse di mosola thata tse Bakeresete ba ka di ithutang gompieno, tseo nngwe ya tsone e supang botlhokwa jwa go rapelana lo rotloediwa ke lorato lwa Bokeresete. A re lebeng ka kelotlhoko lokwalo lono lo lokhutshwane mme lo bua lo nonofile.

Motshabi O A Boa

Filemone e ne e le Mokeresete, e le leloko le le rategang thata la phuthego ya Kolosa. (Filemone 4, 5) Aitsane, phuthego ya koo e ne e kopanela mo ntlong ya gagwe! (Temana 2) Mo godimo ga moo, Filemone o ne a tlwaelane le moaposetoloi Paulo ka namana; moaposetoloi yono a ka tswa e le ene a mo thusitseng go nna Mokeresete. Ke boammaaruri gore Paulo o bontsha gore ga a ka a rera ka namana kwa Kolosa. (Bakolosa 2:1) Lefa go ntse jalo, o ne a nna dingwaga tse pedi kwa Efeso, a rera ka selekanyo se e leng gore “botlhe ba ba agileñ mo lehatshiñ ya Asia [go akaretsa le Kolosa] ba utlwa lehoko ya Modimo.” (Ditihō 19:10) Go lebega Filemone e ne e le mongwe wa bareetsi ba ba neng ba tsaya kgato.

Lefa go ntse jalo, fela jaaka banna ba ba neng ba humile ba nako eo, Filemone o ne a na le batlhanka. Mo metlheng ya bogologolo go nna motlhanka e ne e se selo sa maemo a a kwa tlase ka metlha. Mo Bajudeng, go ithekisa kana go rekisa maloko a lelapa la gago gore e nne batlhanka e ne e le tsela e e amogelwang ya go duela melato. (Lefitiko 25:39, 40) The International Standard Bible Encyclopedia e akgela jaana kaga nako eo ya Baroma: “Palo e ntsi ya batho e ne e ithekisa go nna makgoba ka mabaka a a farologaneng, mo godimo ga one otlhe e ne e le go tshela botshelo jo bo motlhofo le jo bo sireletsegileng go na le go tshela jaaka motho yo o humanegileng mme o gololesegile, go ne go thusa go bona ditiro tse di kgethegileng, le go bona maemo a a kwa godimo. . . . Bontsi jwa batho ba e neng e se Baroma ba ne ba ithekisa mo baaging ba Roma ba lebeletse dilo dingwe, tse molao wa Roma o neng o di laola ka kelotlhoko, eleng go nna baagi ba Roma ka nako ya fa ba tla bo ba gololwa.”

Lefa go ntse jalo, go ne ga tsoga bothata fa mongwe wa batlhanka ba ga Filemone, monna mongwe yo a neng a bidiwa Onesimo, a ne a mo tlogela mme a tshabela kwa Roma, gongwe ebile a utswa madi a ga Filemone gore a kgone go duelela loeto lwa gagwe. (Temana 18) Onesimo o ne a kopana le moaposetoloi Paulo kwa Roma ka nako ya fa a ne a golegilwe koo.

Motlhanka ‘yo o neng a sena thuso yono’ yo a neng a tshabile botlhanka jaanong o ne a fetoga Mokeresete. O ne a itshupetsa Paulo mme a mo direla ditiro tse di molemo tota fa moaposetoloi yono a ne a le mo kgolegelong. Ga go gakgamatse he go bo Paulo a ne a ‘busa pelo ya gagwe tota’ ka Onesimo mme a ne a nna “mokauleñwe eo o ratègañ thata” wa ga Paulo!—Ditemana 11, 12, 16.

Moaposetoloi Paulo o ne a eleditse gore Onesimo a nne nae, mme lefa go ntse jalo Filemone e ne e le mong wa ga Onesimo go ya ka molao. Ka jalo, Onesimo o ne a tshwanetse go boela go ya go direla yo e neng e le mong wa gagwe semolao. Gone mme, Filemone o ne a tla mo amogela jang? A o ne a tla galefa a dirisa tshwanelo ya gagwe ya go mo otlhaya? A o ne a tla belaela gore a tota Onesimo e ne le Mokeresete ka ene jaaka a ne a ipolela?

Go Rarabolola Dikgang ka Lorato

Paulo o ne a tlhotlheletsega go kwalela Filemone kaga Onesimo. O ne a kwala lekwalo leo ka seatla sa gagwe, a sa dirise mokwaledi jaaka a ne a tlhola a dira. (Temana 19) A o ko o tseye metsotsonyana o bale lekwalo le lekhutshwane leno la ga Filemone lotlhe. O tla tlhokomela gore fa a sena go ikitsise le go eleletsa Filemone le lelapa la gagwe gore ‘tshegofatso e nne le bone le kagiso,’ Paulo o ne a akgolela Filemone ‘lorato lwa gagwe le tumelo e a e supang kaga Morena Jesu, le kaga baitshepi botlhe.’—Ditemana 1-7.

Paulo a ka bo a ne a dirisa thata ya gagwe jaaka moaposetoloi motlhofo fela ‘go laolela Filemone go dira se se tshwanetseng,’ mme lefa go ntse jalo Paulo o ‘ne a mo rapela fela ka ntlha ya lorato.’ O ne a ikantse fela ntlha ya gore Onesimo eleruri e ne e le mokaulengwe wa Mokeresete, yo a ileng a itshupa a le molemo mo go Paulo. Moaposetoloi o ne a dumela jaana: “Ke ne ke rata e ka bo ne ne hano ke sa nntse ke na naè [Onesimo], gore a ntihèlè mo boemoñ yoa gago, ke le mo dikgoleñ tsa Mahoko a a Molemō: Me,” Paulo o ne a tswelela jaana, “ga ke na go diha sepè kwa ntlè ga mogopolō oa gago; gore molemō oa gago o se ka oa nna yaka ekete ua o patelediwa, me gore o nnè oa go itaola ga pelo ea gago hèla.”—Temana 8-14.

Moaposetoloi o ne a kopa Filemone jalo gore a amogele yo e kileng ya bo e le motlhanka wa gagwe pele yono jaaka mokaulengwe. “Mo amogèlè hèla yaka e ka bo e le nna,” Paulo o ne a kwala jalo. Seo ga se reye gore Onesimo o ne a tla gololwa mo botlhankeng. Paulo o ne a sa tsose leferetlho ka gope go leka go fetola tsela e dilo di neng di dirwa ka yone mo motlheng wa gagwe. (Bapisa Baefesia 6:9; Bakolosa 4:1; 1 Timotheo 6:2.) Lefa go ntse jalo, kamano ya bone ya mong le motlhanka kwantle ga pelaelo e ne e tlile go lekalekanngwa ka kgolagano ya Bokeresete e jaanong e neng e le teng fa gare ga Onesimo le Filemone. Filemone o ne a tla leba Onesimo “go gaisa motlhanka, e le mokauleñwe eo o ratègañ thata.”—Ditemana 15-17.

Go tweng ka melato e Onesimo a ka tswang a ne a e dirile, gongwe ya go utswa? Paulo o ne a ikuela gape mo go Filemone ka botsalano jwa bone a bolela jaana: “Ha a gu senyeditse ka goñwe, kgotsa ha a le molato nau, u tlo u se beè kwa go nna.” Paulo o ne a supa fa a tlhomamisegile tota gore Filemone o tla supa moya wa go itshwarela, a dira go feta kafa Paulo a neng a kopa ka teng. Ereka Paulo a ne a solofela gore o tla gololwa ka bonako, o bile a rulaganya gore o tla itumelela go amogelwa ke Filemone mo lobakeng lo lo sa fediseng pelo. Fa a sena go mo dumedisa le go eleletsa Filemone ‘tshegofatso ya Morena Jesu Keresete,’ Paulo o ne a konela lokwalo lwa gagwe.—Ditemana 18-25.

Seo Bakeresete Ba Se Ithutang Gompieno

Buka ya ga Filemone e tletse ka dilo tse Bakeresete ba ka di ithutang gompieno. Selo sa botlhokwa ke gore e re gakolola gore re tlhoka go itshwarela ba bangwe, le eleng fa modumedi ka rona a re diretse phoso e e masisi. “Ha lo ichwarèla batho ditlolō tsa bōnè,” Jesu Keresete o ne a bolela jalo, “Rra eno oa legodimo le èna o tla ichwarèla lona.”—Mathaio 6:14.

Bao ba leng mo boemong jwa go laola ba bangwe mo phuthegong ya Bokeresete gompieno ba ka solegelwa molemo segolo ke buka ya ga Filemone. Go bonala sentle gore Paulo o ne a ithiba gore a se ka a dirisa thata ya gagwe jaaka moaposetoloi go laela Filemone gore a dire se se siameng. Mo godimo ga moo, Paulo ga a ka a gatelela gore Onesimo a letliwe go nna kwa Roma gore a direle Paulo. Paulo o ne a tlotla tshwanelo e ba bangwe ba nang nayo ya go laola dithoto tsa bone. O ne a lemoga gape gore le mororo go dirisa taolo go ne go tla felela ka gore a dire jaaka a ne a laelwa, go ne go tla nna botoka gore Filemone a dire dilo go tswa mo pelong. O ne a ikuela ka lorato gore a kgone go mo rotloetsa go dira se se tswang mo pelong.

Ka gone, bagolwane ba Bakeresete gompieno ga ba a tshwanela le ka motlha ba ‘rena mo go bao ba ba tshwaetsweng’ ka go se dirise thata ya bone sentle kana ka go dirisana le letsomane ka tsela ya bodipa, le go le laola ka thata. (1 Petere 5:1-3) Jesu o ne a bolela jaana: “Loa itse ha balaodi ba Badichaba ba bo ba le bogōma mo go bōnè, le bagolo ba bōnè ba gagamatsa taolō mo go bōnè. Ga go ketla go nna yalo mo go lona.” (Mathaio 20:25, 26) Balebedi ka kakaretso ba fitlhela gore maloko a letsomane a tsaya kgato ka selekanyo se segolo fa go ikuelwa mo go bone ka lorato go na le fa ba laelwa. Bao ba tshwenyegileng thata mo maikutlong ba itumelela balebedi ba ba tla nnang le nako ya go reetsa mathata a bone le go ba gakolola ba ba utlwela botlhoko.

Lokwalo lwa ga Paulo gape lo gakolola bagolwane kafa go leng botlhokwa ka teng go akgola le go dirisa botlhale. O simolola ka go dumela gore ‘dipelo tsa baitshepi di ne tsa rudisiwa’ ke Filemone. (Temana 7) Go akgolwa ka pelo yotlhe kwantle ga pelaelo go ne ga dira gore kakanyo ya ga Filemone e nne mo boemong jwa go batla go amogela seo. Ka tsela e e tshwanang le gompieno, gantsi motho a ka akgolwa ka pelo yotlhe, ka lorato pele a ka gakololwa. Mme ebile kgakololo e e ntseng jalo e tshwanetse go bo e “lokilwe ka lecwai” gore e natefele moreetsi wa yone mme e se ka ya nna ka tsela ya go kgadiepetsa kana e e seng botlhale.—Bakolosa 4:6.

Moaposetoloi Paulo gape o ne a bolela fa a ne a tlhomamisegile gore Filemone o ne a tla dira se se siameng fa a ne a bolela jaana: “Ereka ke ikantse kutlō ea gago, kea gu kwalèla, ke nntse ke itse ha u tla diha hèla u ba u hetisa mo ke go buañ.” (Temana 21) Bagolwane, a lo supa fa lo tlhomamisegile ka tsela e e tshwanang ka Bakeresete ka lona? A seno ga se ba thuse gore ba eletse go dira se se siameng?

Se se kgatlhang ke gore, batsadi ba fitlhela gore gantsi go bolelela bana ba gago gore o a ba ikanya le gone go na le matswela a a molemo. Batsadi ba ka naya bana ba bone seriti ka selekanyo se se rileng ba lemoga kafa go leng botlhokwa ka teng fa ba ba ikobela fela ka go rata—ba eletsa go dira se se fetang fela go dira se se tlhokegang. Melao ya batsadi kana dilo tse ba batlang di dirwa, fa go kgonega di tshwanetse go kopiwa ke lentswe le le pelonomi, le le supang lorato. Motho o tshwanetse go ipaya mo boemong jwa yo mongwe, mabaka a tshwanetse go ntshiwa. Batsadi ba tshwanetse go akgola bana ba bone ka lorato ka nako ya fa ba tlhoka go akgolwa, mme ba tile go ba tshwaya diphoso thata, segolobogolo fa ba le fa gare ga batho.

Mo ntlheng eo gape, banna ba ka supa dinonofo tsa go akanyetsa le bopelonomi, ba akgola basadi ba bone ka metlha. Seno se dira gore basadi ba itumelele go ba ikobela ba bo ba lapologe le go ipela!—Diane 31:28; Baefesia 5:28.

Ga go bolelwe ka tlhomamo gore Filemone o ne a tsaya kgato efe ka lokwalo lwa ga Paulo. Lefa go ntse jalo, ga re kake ra akanya gore Paulo o ne a le phoso ka go mo ikanya. A bagolwane ba Bakeresete, batsadi, le banna gompieno ba atlege ka tsela e e tshwanang fa ba dirisana, eseng ka go pateletsa, le go laola, kana go emelelana, mme ka go ‘rapelana ka lorato.’

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Go na le gore a dirise thata ya gagwe jaaka moaposetoloi, Paulo o ne a rapela Filemone a tlhotlhelediwa ke lorato lwa Bokeresete

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela