LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • gt kgao. 33
  • Go Diragatsa Polelelopele ya ga Isaia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Diragatsa Polelelopele ya ga Isaia
  • Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu o Diragatsa Boporofeti Jwa ga Isaia
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • A o Ne o ka Tima Lodi lo lo Kuang Mosi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • “Yo o Tlhophilweng wa Me, Yo Moya Wa me O mo Amogetseng!”
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
  • Jehofa—Morati wa Tshiamo le Tshiamiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
gt kgao. 33

Kgaolo 33

Go Diragatsa Polelelopele ya ga Isaia

MORAGO ga fa Jesu a sena go lemoga gore Bafarasai le lekoko la balatedi ba ga Herode ba rulaganyetsa go mmolaya, ene le barutwa ba gagwe ba ya kwa Lewatleng la Galilea. Fano matshwititshwiti a batho go tswa mo Palasetina yotlhe, mme le e leng ka kwa ntle ga yone, ba ketemela kwa go ene. O fodisa batho ba le bantsi, mme phelelo ya nna gore botlhe ba ba nang le malwetsi a a maswe ba itshubelela mo go ene gore ba mo ame.

Ka go bo batho ba le boidiidi jo bogolo thata, Jesu o raya barutwa ba gagwe a re ba mo fe mokoro gore a o dirise. Ka go tloga mo lotshitshing la lewatle, o ka kgona gore a kganele matshwititshwiti a batho gore a seka a itshubelela mo go ene. O ka kgona go ba ruta a le mo mokorong kana a ye kwa lefelong le lengwe fa thoko ga lotshitshi go thusa batho koo.

Morutwa Mathaio o tlhokomedisa gore tiro ya ga Jesu e diragatsa se se “builweñ ke moperofeti Isaia.” Go tswa foo Mathaio o tsopola polelelopele eo e Jesu a e diragatsang, ebong:

“Bōnañ motlhanka oa me eo ke mo  itshenketseñ; moratwi oa me, eo mōea oa me o kgatlhègañ thata mo go èna; ke tla baea Mōea oa me mo go èna, me o tla bolèlèla Badichaba katlholō. Ga a ketla a ganèla, leha e le go goa; le opè ga a ketla a utlwa lencwe ya gagwè mo mebileñ. Lotlhaka lo lo phitsegileñ ga a ketla a lo rōba, le lodi lo lo kubañ mosi ga a ketla a lo tima, go tlo go tsamaeè a ntshetsè katlholō phenyoñ. Me Badichaba ba tla sholohèla mo leineñ ya gagwè.”

Legale, Jesu ke motlhanka yo o rategang yo Modimo o mo amogelang. Mme Jesu o phepafatsa sentle gore tshiamiso ya boammaaruri ke eng, eo e thibelwang ke dingwao tsa bodumedi jwa maaka. Ka ntlha ya go sa dirise molao wa Modimo ka tshiamo, Bafarasai ga ba thuse le e leng motho yo o lwalang ka Sabata! Jalo, ka go phepafatsa sentle gore tshiamiso ya Modimo ke eng, Jesu o golola batho mo mokgweleong wa dingwao tse di sa siamang, tseo baeteledipele ba bodumedi ba lekang go di mmolaela.

Go tewang fa go twe ‘Ga a ketla a ganela, lefa e le go goa; le ope ga a ketla a utlwa lentswe la gagwe mo mebileng’? Ee, fa a fodisa batho, Jesu ‘o ba laya thata gore ba seka ba mo utlwatsa.’ Ga a batle gore batho ba tsose modumo ba bolelela ba bangwe kaga gagwe mo mebileng kana dipego tsa batho ba ba tseegileng maikutlo tse di sokamisitsweng tse batho ba di bolelelanang.

Gape, Jesu o isa molaetsa wa gagwe o o gomotsang mo bathong bao ka tshwantshetso ba tshwanang le lotlhaka lo lo phitsegileng, lo lo obameng le go gatakiwa ka dinao. Ba tshwana le lodi lo lo kubang mosi, lo tlhase ya lone ya botshelo e leng gaufi thata le go tima. Jesu ga a robe lotlhaka kana go tima lodi lo lo kubang mosi lo lo benyabenyang. Mme ka bonolo le ka lorato, o tsholetsa bakgobaladi ka botswerere. Eleruri, Jesu ke ene yo merafe e ka solofelang mo go ene! Mathaio 12:15-21; Mareko 3:7-12; Isaia 42:1-4.

▪ Jesu o phepafatsa tshiamiso jang, a sa ganele kana go goa ka lentswe la gagwe mo mebileng?

▪ Ke bomang ba ba tshwanang le lotlhaka lo lo phitsegileng le lodi lo lo kubang mosi, mme Jesu o ba tshwara jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela