LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 33 ts. 80-ts. 81 ser. 7
  • Jesu o Diragatsa Boporofeti Jwa ga Isaia

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Diragatsa Boporofeti Jwa ga Isaia
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Diragatsa Polelelopele ya ga Isaia
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • A o Ne o ka Tima Lodi lo lo Kuang Mosi?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Jehofa—Morati wa Tshiamo le Tshiamiso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • “Yo o Tlhophilweng wa Me, Yo Moya Wa me O mo Amogetseng!”
    2001 Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe II
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 33 ts. 80-ts. 81 ser. 7
Jesu o ruta boidiidi a ntse mo mokorong o monnye fa lotshitshing lwa lewatle

KGAOLO 33

Jesu O Diragatsa Boporofeti Jwa Ga Isaia

MATHAIO 12:15-21 MAREKO 3:7-12

  • BATHO BA BANTSINTSI BA PITLAGANYA JESU

  • JESU O DIRAGATSA BOPOROFETI JWA GA ISAIA

Fa Jesu a utlwa gore Bafarasai le lekoko la balatedi ba ga Herode ba loga leano la go mmolaya, o ya le barutwa ba gagwe kwa Lewatleng la Galalea. Batho ba le bantsintsi ba tla kwa go ene ba tswa mo mafelong a a farologaneng; ba tswa kwa Galalea, kwa metseng ya Ture le Sidona e e fa thoko ga lewatle, kwa karolong e e kwa botlhaba jwa Noka ya Joredane, kwa Jerusalema le kwa Idumea e e kwa borwa. Jesu o fodisa batho ba le bantsi. Ka ntlha ya seo, batho ba ba nang le malwetse a a masisi, ba a itshukunyetsa gore ba ye kwa pele. Ga ba emele gore Jesu a ba kgome, go na le moo, ba otlolola matsogo gore ba mo kgome.—Mareko 3:9, 10.

E re ka batho bano ba le bantsi thata, Jesu o kopa barutwa ba gagwe gore ba mo tlisetse mokoro o monnye gore a tswe mo go bone fa lotshitshing lwa lewatle. Gape a ka kgona go ba ruta a le mo mokorong kgotsa a ka ya kwa lefelong le lengwe le le fa lotshitshing lwa lewatle gore a kgone go thusa batho ba ba oketsegileng.

Mathaio o lemoga gore Jesu o diragatsa “se moporofeti Isaia a neng a se bua.” (Mathaio 12:17) O diragatsa boporofeti bofe?

Boporofeti joo ke jo bo reng: “Motlhanka wa me yo ke neng ka mo tlhopha, moratwa wa me, yo ke mo amogetseng! Ke tla tsenya moya wa me mo go ene, mme o tla itsise ditšhaba gore tota tshiamiso ke eng. Ga a kitla a omana kgotsa a goela kwa godimo, e bile ga go na ope yo o tla utlwang lentswe la gagwe mo mebileng e megolo. Ga a kitla a tšhwetlakanya lotlhaka lope lo lo obegileng, e bile ga a kitla a tima mogala ope o o kuang mosi, go fitlha a tlisa tshiamiso ka katlego. Eleruri, ditšhaba di tla solofela mo leineng la gagwe.”—Mathaio 12:18-21; Isaia 42:1-4.

Jesu ke ene motlhanka yo o rategang yo Modimo a mo amogetseng. O bontsha gore tshiamiso ya boammaaruri ke eng, e jaanong e hupeditsweng ke dingwao tsa bodumedi jwa maaka. E re ka Bafarasai ba dirisa Molao wa Modimo ka tsela e e sa siamang, ga ba ka ke ba thusa motho yo o lwalang ka letsatsi la Sabata! Jesu o bontsha tshiamiso ya Modimo sentle le gore moya wa Modimo o mo go ene ka go imolola batho morwalo wa dingwao tse di sa bontsheng tshiamiso. Ka ntlha ya seo, baeteledipele ba bodumedi ba batla go mmolaya. Ruri ba bosula!

Mafoko a a reng: “Ga a kitla a omana kgotsa a goela kwa godimo, e bile ga go na ope yo o tla utlwang lentswe la gagwe mo mebileng e megolo,” a kaya eng? Fa Jesu a fodisa batho, ga a letle gore batho bao kgotsa madimona ba ‘dire gore a itsiwe.’ (Mareko 3:12) Ga a batle gore batho ba itse ka ene ka go utlwa magatwe mo mebileng kgotsa ka dipego tse di sokamisitsweng tse batho ba di bolelelang ba bangwe ba itumetse.

Gape Jesu o isa molaetsa wa gagwe o o gomotsang kwa bathong ba ba tshwanang le lotlhaka lo lo obegileng, lo lo wetseng fa fatshe. Ba tshwana le mogala o o kuang mosi, o tlhase ya one ya botshelo e tlogang e tima. Jesu ga a tšhwetle lotlhaka lo lo obegileng e bile ga a time mogala o o kuang mosi. E re ka a le bonolo e bile a le lorato, o kgona go tsholetsa ba ba gateletsweng. Eleruri, Jesu ke ene yo ditšhaba di tla solofelang mo go ene!

  • Jesu o itsise batho jang tshiamiso a sa omane e bile a sa goele kwa godimo mo mebileng e megolo?

  • Ke bomang ba ba tshwanang le lotlhaka lo lo obegileng le mogala o o kuang mosi?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela