Kgaolo 130
Kwa Lewatleng la Galilea
BAAPOSETOLOI jaanong ba boela kwa Galilea, jaaka Jesu a ne a ba bolelela pelenyana gore ba dire jalo. Mme ga ba tlhomamisege sentle gore ba tshwanetse go dira eng koo. Morago ga lobakanyana, Petere o raya Thomase, Nathanaele, Jakobe le morwarraagwe Johane, le baaposetoloi ba bangwe ba babedi a re: “Ke ea go chwara ditlhapi.”
“Le rona re ea nau,” ba barataro bao ba fetola jalo.
Mo bosigong joo jotlhe ga ba kgone go tshwara sepe. Lefa go ntse jalo, fela fa bosa bo tla tloga boo sa, Jesu o bonala fa lotshitshing, mme baaposetoloi ga ba lemoge gore ke Jesu. O tlhaeletsa jaana: “Bana, a lo na le señwe se se yewañ?”
“Nya,” ba tlhaeletsa jalo ba le kwa moseja ga metse.
A re, “Digèlañ lotloa kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo ga mokōrō, me lo tla chwara.” Mme fa ba dira jalo, ga ba kgone go gogela lotloa lwa bone mo teng gonne ditlhapi di le dintsi.
“Ke Morèna,” Johane o a khutsa.
Fa Petere a utlwa seo, o apara seaparo sa gagwe sa kafa ntle a bo a thabuela mo lewatleng, gonne a ne a apotse diaparo tsa gagwe. Go tswa foo o thuma sekgala sa dimetara di le 90 go ya kwa lotshitshing. Baaposetoloi ba bangwe ba mo sala morago ka mokorwana, ba goga lotloa lo lo tletseng ditlhapi.
Fa ba goroga kwa lotshitshing, go goditswe molelo wa magala, go besitswe tlhapi ebile go na le senkgwe. “Lereñ ditlhapi diñwe tsa tse lo di chwereñ gompiyeno,” Jesu a rialo. Petere o tsena mo mokorong a bo a gogela lotloa fa lotshitshing. Le na le ditlhapi tse dikgolo di le 153!
“Tlañ lo hitlholè,” Jesu o a ba bitsa.
Ga go ope wa bone yo o pelokgale go mmotsa gore, “U mañ?” gonne botlhe ba a itse gore ke Jesu. Leno ke lekgetlo la bosupa leo a bonalang mo go bone ka lone morago ga tsogo ya gagwe, mme ke la boraro a bonala go baaposetoloi ba gagwe ba le setlhopha. O ba naya sefitlholo, a naya mongwe le mongwe wa bone senkgwe le tlhapi.
Fa ba fetsa go ja, gongwe Jesu a lebile ditlhapi tse dintsi tse ba di tshwereng, o botsa Petere a re: “Simona, morwa Yohane, a ua nthata bogolo go [tse]?” Kwantle ga pelaelo o kaya gore, A o rata tiro ya go tshwara ditlhapi go feta tiro e ke go rutileng go e dira?
“Ua itse ha ke gu rata,” Petere o araba jalo.
“Hudisa dikwanyana tsa me,” Jesu o mo fetola jalo.
O mmotsa gape la bobedi a re: “Simona, morwa Yohane, a ua nthata?”
“E, Morèna ua itse ha ke gu rata,” Petere o araba jalo ka bopeloephepa.
“Disa dinku tsa me,” Jesu o mo laela jalo gape.
Go tswa foo, e le lekgetlo la boraro, o mmotsa a re: “Simona, morwa Yohane, a ua nthata?”
Jaanong Petere o hutsafetse. O ka nna a bo a ipotsa gore a Jesu o belaela gore ga a ikanyege. Tota kana ebile, bosheng jaana fa Jesu a ne a sekisediwa go bolawa, Petere o ne a itatola gore ga a mo itse ka makgetlo a le mararo. Ka jalo, Petere o bolela jaana: “Morèna, u itse dilō cotlhe; ua itse ha ke gu rata.”
“Hudisa dinku tsa me,” Jesu o mo laela jalo e le la boraro.
Jesu ka gone o dirisa Petere go fetisa molaetsa wa gagwe go gatelela mo go ba bangwe tiro eo a batlang ba e dira. O tla tloga a tloga mo lefatsheng, mme o batla gore ba etelele pele mo go direleng bao ba tla tlang mo lesakeng la Modimo la dinku.
Fela jaaka Jesu a ne a tshwarwa a bo a bolawa gonne a ne a dira tiro e Modimo o neng o mo romile go e dira, ka jalo, jaanong o senola gore Petere le ene o tla diragalelwa ke selo se se tshwanang. “E rile u sa le lekau,” Jesu o a mmolelela, “ua nna ua itlama hèla, ua itsamaèla kwa u go ratañ: me u tla re u cohetse, u tla ōtlōlōla mabōgō, me o sele o tla gu tlama, a gu isa kwa u sa go rateñ.” Lemororo Petere a tlile go swa loso lwa boswelatumelo, Jesu o mo kgothatsa jaana: “Ntshala moragō.”
Petere fa a retologa o bona Johane a bo a botsa jaana: “Morèna, me motho eo, o tla dihañ?”
“Ha ke rata a dièga go tlo go tsamaeè ke tlè,” Jesu o a araba, “e be e le eñ go wèna? Wèna u ntshalè moragō hèla.” Bontsi jwa barutwa bo ne jwa tlhaloganya mafoko ano a ga Jesu jaaka a a kayang gore moaposetoloi Johane ga a kitla a swa. Lefa go ntse jalo, fela jaaka moaposetoloi Johane a ne a tlhalosa moragonyana, Jesu ga a ka a re ga a kitla a swa, mme Jesu o ne a buile fela a re: “Ha ke rata a dièga go tlo go tsamaeè ke tlè, e be e le eñ go wèna?”
Moragonyana Johane le ene o ne a bua ntlha eno ya botlhokwa: “Me go bile go na le dilō di le dintsi di sele tse Yesu o di dihileñ, tse e ka reñ ha di ne di ka kwalwa cotlhe, kea gopola, go re, le e leñ lehatshe le ne le sa kake ya bōnèla dikwalō tse di ne di ka kwalwa sebaka sa go di chola.” Yohane 21:1-25; Mathaio 26:32; 28:7, 10.
▪ Ke eng seo se bontshang gore baaposetoloi ga ba tlhomamisege gore ba tshwanetse go dira eng mo Galilea?
▪ Baaposetoloi ba lemoga Jesu jang kwa Lewatleng la Galilea?
▪ Jesu o setse a bonetse ka makgetlo a le kae jaanong fa a sale a tsosiwa mo baswing?
▪ Jesu o gatelela jang seo a batlang baaposetoloi ba se dira?
▪ Jesu o supa jang mokgwa oo Petere a tla swang ka one?
▪ Ke mafoko afe a Jesu a neng a a bua kaga Johane ao bontsi jwa barutwa bo neng jwa se ka jwa a tlhaloganya sentle?