LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 92 ts. 214-ts. 215 ser. 1
  • Jesu o Bonala mo Barutweng ba Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Bonala mo Barutweng ba Gagwe
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kwa Lotshitshing Lwa Lewatle la Galalea
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Kwa Lewatleng la Galilea
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Kwa Lewatleng la Galilea
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Go Direla Jaaka Batshwari ba Batho
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 92 ts. 214-ts. 215 ser. 1
Jesu a bua le barutwa ba gagwe fa ba ntse ba besitse ditlhapi

THUTO 92

Jesu o Bonala mo Barutweng ba Gagwe

Nakonyana fa Jesu a sena go tlhagelela mo baaposetoloing ba gagwe, Petere o ne a ya go tshwara ditlhapi kwa Lewatleng la Galalea. Thomase, Jakobe, Johane le barutwa bangwe ba ne ba tsamaya le ene. Ga ba a ka ba tshwara sepe bosigo jotlhe.

Mo mosong, ba ne ba bona monna mongwe a eme fa lotshitshing lwa lewatle. O ne a ba goeletsa a re: ‘A lo tshwere sengwe?’ Ba ne ba re: “Nnyaa!” Monna yoo o ne a ba raya a re: “Latlhelang letlowa kafa mojeng wa mokoro.” Ba ne ba dira jalo mme ba tshwara ditlhapi tse dintsi. Ka bonako fela ke fa Johane a lemoga gore monna yoo ke Jesu mme a re: “Ke Morena!” Ke fa Petere a itatlhela mo metsing a bo a thumela kwa go Jesu. Barutwa ba bangwe ba ne ba tla ka mokoro.

Fa ba goroga, ba ne ba fitlhela a besitse senkgwe le tlhapi. Jesu o ne a ba kopa gore ba tlise ditlhapi tse dingwe gore a di bese. Go tswa foo, o ne a ba raya a re: ‘Tlang lo jeng.’

Petere a tswa mo lewatleng a ya kwa go Jesu fa lotshitshing mme barutwa ba bangwe ba tla ka mokoro

Fa ba sena go ja, Jesu o ne a botsa Petere a re: ‘A o nthata go feta ditlhapi tseno?’ Petere o ne a re: ‘Ee Morena, o a itse gore ke a go rata.’ Jesu o ne a mo raya a re: ‘Fepa dinku tsa me.’ Jesu o ne a mmotsa gape a re: ‘Petere, a o a nthata?’ Petere o ne a re: ‘Morena o a itse gore ke a go rata.’ Jesu o ne a mo raya a re: “Fudisa dikwanyana tsa me.” Jesu o ne a mmotsa potso eo gape. Petere o ne a utlwa botlhoko mme a mo raya a re: ‘Morena o itse sengwe le sengwe. O a itse gore ke a go rata.’ Jesu o ne a mo raya a re: “Fepa dinku tsa me tse dinnye.” Go tswa foo, Jesu o ne a re: “Tswelela o ntshale morago.”

“[Jesu] a ba raya a re: “Ntshaleng morago, mme ke tla lo dira batshwari ba batho.” Ka yone nako eo, ba ne ba tlogela matlowa a bone ba bo ba mo sala morago.”​—Mathaio 4:19, 20

Dipotso: Jesu o ne a dira kgakgamatso efe kwa lewatleng? O akanya gore ke eng fa Jesu a ne a botsa Petere makgetlo a le mararo gore a o a mo rata?

Johane 21:1-19, 25; Ditiro 1:1-3

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela