LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 4/15 ts. 8-9
  • Kwa Lewatleng la Galilea

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kwa Lewatleng la Galilea
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kwa Lewatleng la Galilea
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Kwa Lotshitshing Lwa Lewatle la Galalea
    Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Jesu o Bonala mo Barutweng ba Gagwe
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • O ne A Lwantsha Poifo le Dipelaelo
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 4/15 ts. 8-9

Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu

Kwa Lewatleng la Galilea

BAAPOSETOLOI jaanong ba boela kwa Galilea, jaaka Jesu a ne a ba bolelela pelenyana gore ba dire jalo. Mme ga ba tlhomamisege sentle gore ba tshwanetse go dira eng koo. Morago ga lobakanyana, Petere o raya Thomase, Nathanaele, Jakobe le morwarraagwe Johane, le baaposetoloi ba bangwe ba babedi a re: “Ke ea go chwara ditlhapi.”

“Le rona re ea nau,” ba barataro bao ba araba jalo.

Ba fetsa bosigo joo jotlhe ba sa kgone go tshwara sepe. Lefa go ntse jalo, fela fa go tla tloga go sa, Jesu o tlhaga fa lotshitshing, mme baaposetoloi ga ba lemoge gore ke Jesu. O tlhaeletsa jaana: “Bana, a lo na le señwe se se yewañ?”

“Nya,” ba tlhaeletsa jalo ba le kwa moseja ga metse.

“Digèlañ lotloa kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo ga mokōrō, me lo tla chwara,” o bolela jalo. Mme fa ba tshwara, ga ba kgone go gogela lotloa lwa bone mo teng gonne ditlhapi di le dintsi. Johane o tlhaeletsa jaana: “Ke Morèna.” Petere o apara hempe ya gagwe mme o tsena mo lewatleng, a bo a thumela dimetara di le 90 go ya kwa lotshitshing. Baaposetoloi ba bangwe ba mo sala morago ka mokorwana, ba goga lotloa lo lo tletseng ditlhapi.

Fa ba goroga kwa lotshitshing, go goditswe molelo wa magala, go besitswe tlhapi ebile go na le senkgwe. “Lereñ ditlhapi diñwe tsa tse lo di chwereñ gompiyeno,” Jesu o bolela jalo. Petere o tsena mo mokorong a bo a gogela lotloa fa lotshitshing. Le na le ditlhapi tse dikgolo di le 153.

“Tlañ lo hitlholè,” Jesu o a ba bitsa.

Ga go ope wa bone yo o pelokgale go mmotsa gore, “U mañ?” gonne ba a itse gore ke Jesu. Leno ke lekgetlo la bosupa leo a itlhagisitseng mo go bone ka lone morago ga tsogo ya gagwe, mme ke la boraro a itlhagisa mo baaposetoloing ba gagwe ba le setlhopha. O ba naya sefitlholo, a naya mongwe le mongwe wa bone senkgwe le tlhapi.

Fa ba fetsa go ja, gongwe Jesu o supa ditlhapi tse dintsi tse ba di tshwereng ka tlhogo a bo a botsa Petere jaana: “Simona, morwa Yohane, a ua nthata bogolo go [tse]?” A ka tswa a kaya gore, A o rata tiro ya go tshwara ditlhapi go feta tiro e ke go rutileng go e dira?

“Ua itse ha ke gu rata,” Petere o a araba.

“Hudisa dikwanyana tsa me,” Jesu o a mo araba.

O mmotsa gape la bobedi jaana: “Simona, morwa Yohane, a ua nthata?”

“E, Morèna ua itse ha ke gu rata,” Petere o a araba.

“Hudisa dikwanyana tsa me,” Jesu o mo laela gape.

Mme o mmotsa gape jaana ka lekgetlo la boraro: “Simona, morwa Yohane, a ua nthata?”

Jaanong Petere o a hutsafala. A ka tswa a ipotsa gore a Jesu o belaela gore ga a ikanyege. Mme gone, bosheng jaana fa Jesu a ne a sekisediwa go bolawa, Petere o ne a itatola gore ga a mo itse ka makgetlo a le mararo. Ka jalo, Petere o bolela jaana: “Morèna, u itse dilō cotlhe; ua itse ha ke gu rata.”

“Hudisa dinku tsa me,” Jesu o mo laela la boraro.

Jesu ka gone o dirisa Petere go fetisa molaetsa wa gagwe go gatelela seo mo go ba bangwe mmogo le tiro eo a batlang ba e dira. O tla tloga a tloga mo lefatsheng, mme o batla gore ba etelele pele mo go direleng bao ba tla tlang mo lesakeng la Modimo la dinku.

Fela jaaka Jesu a ne a tshwarwa le go bolawa gonne a ne a dira tiro e Modimo o neng o mo romile go e dira, ka jalo, jaanong o senola gore Petere le ene o tla diragalelwa ke selo se se tshwanang. “E rile u sa le lekau,” Jesu o a mmolelela, “ua nna ua itlama hèla, ua itsamaèla kwa u go ratañ: me u tla re u cohetse, u tla ōtlōlōla mabōgō, me o sele o tla gu tlama, a gu isa kwa u sa go rateñ.” Lemororo Petere a tlile go swa loso lwa boswelatumelo, Jesu o mo kgothatsa jaana: “Ntshala moragō.”

Petere fa a retologa o bona Johane a bo a botsa jaana: “Morèna, me motho eo, o tla dihañ?”

“Ha ke rata a dièga go tlo go tsamaeè ke tlè,” Jesu o a araba, “e be e le eñ go wèna? Wèna u ntshalè moragō hèla.”

Bontsi jwa barutwa bo ne jwa tlhaloganya mafoko ano a ga Jesu jaaka a a kayang gore moaposetoloi Johane ga a kitla a swa. Lefa go ntse jalo, fela jaaka moaposetoloi Johane a ne a tlhalosa moragonyana, Jesu ga a ka a re ga a kitla a swa, mme Jesu o ne a buile fela jaana: “Ha ke rata a dièga go tlo go tsamaeè ke tlè, e be e le eñ go wèna?” Yohane 21:1-25; Mathaio 26:32; 28:7, 10.

◆ Ke eng seo se bontshang gore baaposetoloi ga ba tlhomamisege gore ba tshwanetse go dira eng kwa Galilea?

◆ Baaposetoloi ba lemoga Jesu jang kwa Lewatleng la Galilea?

◆ Jesu o setse a tlhagile ka makgetlo a makae jaanong fa a sale a tsosiwa mo baswing?

◆ Jesu o gatelela jang seo a batlang baaposetoloi ba se dira?

◆ Jesu o supa jang mokgwa oo Petere a tla swang ka one?

◆ Ke dikakgelo dife tsa ga Jesu kaga Johane tseo bontsi jwa baaposetoloi bo neng jwa se ka jwa di tlhaloganya sentle?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela