LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • jy kgao. 136 ts. 308-ts. 309 ser. 10
  • Kwa Lotshitshing Lwa Lewatle la Galalea

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kwa Lotshitshing Lwa Lewatle la Galalea
  • Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kwa Lewatleng la Galilea
    Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela
  • Kwa Lewatleng la Galilea
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Jesu o Bonala mo Barutweng ba Gagwe
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • O ne A Lwantsha Poifo le Dipelaelo
    Etsa Tumelo ya Bone
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Jesu ke Tsela, Boammaaruri le Botshelo
jy kgao. 136 ts. 308-ts. 309 ser. 10
Petere o tla kwa go Jesu fa lotshitshing lwa lewatle, mme barutwa ba bangwe ba tla kwa morago ka mokoro

KGAOLO 136

Kwa Lotshitshing Lwa Lewatle La Galalea

JOHANE 21:1-25

  • JESU O IPONATSA MO BARUTWENG KWA LEWATLENG LA GALALEA

  • PETERE LE BA BANGWE BA TSHWANETSE GO FEPA DINKU

Mo maitseboeng a bofelo Jesu a na le baaposetoloi ba gagwe, o ne a ba raya a re: “Fa ke sena go tsosiwa, ke tla lo etelela pele ke ya kwa Galalea.” (Mathaio 26:32; 28:7, 10) Jaanong bontsi jwa barutwa ba gagwe ba ya Galalea, mme gone ba ya go dira eng koo?

Fa ba ntse ba le koo, Petere o raya barutwa ba le barataro a re: “Ke ya go tshwara ditlhapi.” Botlhe ba le barataro ba mo raya ba re: “Le rona re tsamaya le wena.” (Johane 21:3) Le fa go ntse jalo, ba fetsa bosigo jotlhe ba sa tshware sepe. Fa go tloga go nna lesedi, Jesu o ema fa lotshitshing lwa lewatle, mme ga ba mo lemoge. O goeletsa kwa go bone a re: “Bongwanaka, a lo na le sengwe se se jewang?” Ba mo raya ba re: “Nnyaa!” Jesu o ba raya a re: “Latlhelang letlowa ka fa mojeng wa mokoro mme lo tla tshwara sengwe.” (Johane 21:5, 6) Ba tshwara ditlhapi di le dintsi thata mo ba palelwang ke go gogela letlowa mo mokorong.

Johane o raya Petere a re: “Ke Morena!” (Johane 21:7) Ka yone nako eo, Petere o ipofa ka seaparo sa gagwe sa ka fa ntle, se a neng a se apotse fa a ntse a leka go tshwara ditlhapi. O itatlhela mo metsing a bo a thuma sekgala sa dimetara di ka nna 90 a ya kwa lotshitshing lwa lewatle. Barutwa ba bangwe ba ba mo mokorong ba tla kwa morago ka bonya, ba goga letlowa le le tletseng ditlhapi.

Fa ba fitlha fa lotshitshing lwa lewatle, ba fitlhela ‘molelo wa malatlha, go na le tlhapi le senkgwe mo godimo ga one.’ Jesu o ba raya a re: “Tlisang ditlhapi tse dingwe tse lo sa tswang go di tshwara.” Petere o goga letlowa le le nang le ditlhapi tse dikgolo di le 153! Jesu o ba raya a re: “Tlang lo jeng.” Ga go na ope wa bone yo o nang le bopelokgale jwa go mmotsa a re: “O mang?” ka gonne ba a lemoga gore ke Jesu. (Johane 21:10-12) Leno ke lekgetlo la boraro Jesu a iponatsa mo barutweng ba gagwe ba le setlhopha.

Jesu o naya mongwe le mongwe wa bone senkgwe le tlhapi gore ba je. Go tswa foo o botsa jaana, gongwe a lebile ditlhapi tse dintsi tse ba di tshwereng: “Simone morwa Johane, a o nthata go feta dilo tseno?” A Petere o rata tiro ya go tshwara ditlhapi thata go feta tiro e Jesu a batlang gore a e dire? Petere o mo araba a re: “Ee Morena, o a itse gore ke a go rata.” Ka jalo, Jesu o mo rotloetsa jaana: “Fudisa dikwanyana tsa me.”—Johane 21:15.

Jesu o mmotsa gape a re: “Simone morwa Johane, a o a nthata?” Petere o mo araba a tiisitse, gongwe e bile a gakgametse a re: “Ee Morena, o a itse gore ke a go rata.” Jesu o mo araba ka karabo e e tshwanang, a re: “Disa dinku tsa me tse dinnye.”—Johane 21:16.

Jesu o botsa Petere lekgetlo la boraro a re: “Simone morwa Johane, a o a nthata?” Jaanong Petere a ka tswa a akanya gore Jesu o belaela boikanyegi jwa gagwe. Petere o araba jaana a utlwile botlhoko: “Morena, o itse dilo tsotlhe; o a itse gore ke a go rata.” Le mo lekgetlong leno, Jesu o gatelela se Petere a tshwanetseng go se dira, a re: “Fudisa dinku tsa me tse dinnye.” (Johane 21:17) Ntle le pelaelo, botlhe ba ba eteletseng pele ba tshwanetse go direla batho ba Modimo a ba gogetseng mo phuthegong ya gagwe.

Jesu o ne a tshwarwa a bo a bolawa ka gonne a ne a dira tiro e Modimo a neng a mo laetse gore a e dire. Jaanong o senolela Petere gore le ene o tlile go diragalelwa ke se se tshwanang. O mo raya a re: “Fa o ne o le monnye, o ne o tlhola o ikapesa o bo o ya kwa o batlang go ya gone. Le fa go ntse jalo, fa o tsofala o tla tsholetsa diatla tsa gago mme motho yo mongwe o tla go apesa a bo a go isa kwa o sa batleng go ya gone.” Le fa go ntse jalo, Jesu o mo kgothatsa jaana: “Tswelela o ntshala morago.”—Johane 21:18, 19.

Petere o bona moaposetoloi Johane a bo a botsa Jesu a re: “Morena, gotweng ka monna yono?” Tota Petere o batla go itse gore go tla direga eng ka moaposetoloi yono yo Jesu a mo ratang thata. Jesu o mo araba a re: “Fa e le gore thato ya me ke gore a tswelele a tshela go fitlha ke tla, seo se go ama jang?” (Johane 21:21-23) Petere o tshwanetse go sala Jesu morago a sa tshwenyege ka se ba bangwe ba se dirang. Mme gone, Jesu o bontsha gore Johane o tlile go tshela lobaka lo loleele go feta baaposetoloi ba bangwe le gore o tla bona ponatshegelo ya ga Jesu a tla e le Kgosi e e maatla.

Ke boammaaruri gore go na le dilo di le dintsi tse Jesu a di dirileng, tse go ka tlhokegang memeno e le mentsi gore di kwalwe mo go yone.

  • Ke eng se se bontshang gore baaposetoloi ga ba itse se ba ka se dirang fa ba le kwa Galalea?

  • Ke eng se se thusang baaposetoloi go lemoga Jesu fa ba le kwa Lewatleng la Galalea?

  • Jesu o gatelela gore ba ba eteletseng pele mo phuthegong ba tshwanetse go dira eng?

  • Jesu o bontsha gore Petere o tlile go swa ka tsela e e ntseng jang?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela