Kgaolo 31
Kafa Modimo o ba Tlhophang le go ba Etelela Pele ka Teng
“GO A utlwala fela gore go ne go tla nna le bodumedi bo le bongwe fela jwa boammaaruri. Seno se dumalana le lebaka la gore Modimo wa boammaaruri ga se Modimo, ‘oa tlhakatlhakanyō, ha e se oa kagishō hèla.’ (1 Bakorintha 14:33) Bibela e bolela gore totatota go na le ‘tumèlō e le ñwe hèla.’ (Baefesia 4:5) He, ke bomang ba ba bopang setlhopha sa baobamedi ba boammaaruri gompieno? Re bolela fela re tlhamaletse gore ke Basupi ba ga Jehofa,” go bolela jalo buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise.a
‘Ke eng fa lo tlhomamisa thata jaana gore bodumedi jwa lona ke jwa boammaaruri?’ ba bangwe ba ka nna ba botsa jalo. ‘Ga lo na nonofo epe e e sa tlwaelegang e e supang seo—jaaka dineo tsa go dira dikgakgamatso. Ebile a ga lo a ka lwa nna lwa fetola tsela e lo neng lo ntse lo leba dilo ka yone fa dingwaga di ntse di feta? Ka jalo he, ke eng fa lo tlhomamisa thata jaana gore lo eteletswe pele ke Modimo?’
Gore re arabe dipotso tseo, go ka nna botoka gore la ntlha re sekaseke kafa Jehofa a ileng a tlhopha batho ba gagwe le go ba etelela pele ka teng mo metlheng ya bogologolo.
Tsela E Modimo A Neng A Tlhopha ka Yone mo Metlheng ya Bibela
Mo lekgolong la bo16 la dingwaga B.C.E., Jehofa o ne a phuthela Baiseraele kwa Thabeng ya Sinai mme a ba kopa gore ba nne batho ba ba ratwang ke ene. Lefa go ntse jalo, sa ntlha, Jehofa o ile a ba itsise gore go ne go na le dilo dingwe tse ba neng ba tshwanetse go di dira. O ne a ba raya a re: “Ha rure lo ka reetsa lencwe ya me . . . , hoñ lo tla nna boshwa bo chwerwe yoa me.” (Ekes. 19:5) Jehofa o ile a ntsha melao ka Moshe, eo morago batho bano ba neng ba bolela jaana ka yone: “Mahoko aotlhe a Yehofa o a buileñ re tla a diha.” Morago ga foo Jehofa o ne a dira kgolagano le Baiseraele a bo a ba neela Molao wa gagwe.—Ekes. 24:3-8, 12.
Ba ne ba itlhophetswe ke Modimo—abo seo e ne e le tshiamelo e kgolo jang ne! Mme lefa go ntse jalo tshiamelo eo e ne e naya Baiseraele boikarabelo jwa go obamela Molao wa Modimo ka botlalo. Fa ba ne ba ka palelwa ke go dira jalo go ne go tla felela ka gore a ba latlhe jaaka morafe. Gore a ba dire gore ba mmoife tota gore ba tle ba mo ikobele, Jehofa o ne a dira ditshupo tse di sa tlwaelegang—“ditumō tsa maru le dikgadima,” gape “thaba eotlhe ea reketla thata.” (Ekes. 19:9, 16-18; 20:18, 20) Mo e ka nnang dingwaga di le 1 500 tse di neng tsa latela, Baiseraele ba ne ba le mo boemong jo bo sa tshwaneng le jwa ga ope—e ne e le batho ba ba itlhophetsweng ke Modimo.
Lefa go ntse jalo, mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., boemo bo ile jwa fetoga fela thata. Baiseraele ba ne ba latlhegelwa ke boemo jwa bone jo bo kwa godimo, fa Jehofa a ne a ba latlha ka gonne ba ne ba gana Morwawe. (Math. 21:43; 23:37, 38; Dit. 4:24-28) Morago ga foo Jehofa o ile a bopa phuthego ya pele ya Bokeresete, e e neng e theilwe mo go Keresete. Ka Pentekosete 33 C.E., Jehofa o ne a tshololela moya wa gagwe o o boitshepo mo balateding ba ga Jesu kwa Jerusalema, a ba dira “losika lo lo itshenkecweñ, . . . morahe o o boitshèpō, [le] chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele.” (1 Pet. 2:9; Dit. 2:1-4; Baef. 2:19, 20) Ba ne ba nna “ba ba itshenkecweñ ke Modimo.”—Bakol. 3:12.
Go ne go na le dilo dingwe tse di rileng tse di neng di laola gore motho a ka nna leloko la morafe o Modimo a o itlhophetseng. Jehofa o ne a tlhoma melao ya boitsholo le ya semoya eo ba neng ba tshwanetse go e ikobela. (Bagal. 5:19-24) Ba ba neng ba dira go ya ka melao eno o ne a ka nna a ba tlhopha. Lefa go ntse jalo, fela fa Modimo o sena go ba tlhopha, ba ne ba tshwanetse gore ba ikobele melao ya gagwe ka metlha. ‘Ba ba neng ba mo obamela jaaka mmusi’ ke bone fela ba ba neng ba tla tswelela ba amogela moya wa gagwe o o boitshepo. (Dit. 5:32) Ba ba neng ba palelwa ke go mo obamela ba ne ba le mo kotsing ya go ntshiwa mo phuthegong mme ba latlhegelwe ke go rua boswa mo Bogosing jwa Modimo.—1 Bakor. 5:11-13; 6:9, 10.
Mme lefa go ntse jalo ba bangwe ba ne ba ka itse jang gore eleruri Modimo o ile a tlhopha phuthego eo ya pele ya Bokeresete jaaka “phuthègō ea Modimo” go emisetsa Baiseraele? (Dit. 20:28) Go ne go bonala sentle gore Modimo o tlhophile bafe. Morago ga loso lwa ga Jesu, O ne a neela maloko a phuthego eo ya Bakeresete ya pele dineo tsa go dira dikgakgamatso go supa gore jaanong ba ne ba itlhophetswe ke Modimo.—Baheb. 2:3, 4.
Lefa go ntse jalo, a go ne go tlhokega ka dinako tsotlhe gore, ba ba neng ba tlhophilwe ke Modimo le ba a neng a ba etelela pele mo metlheng ya Bibela ba bonwe ka dinonofo tse di sa tlwaelegang, kana ka dikgakgamatso? Nnyaa, le e seng. Dikgakgamatso di ne di sa diragale ka dinako tsotlhe mo hisitoring ya Bibela. Bontsi jwa batho ba ba neng ba tshela mo metlheng ya Bibela ga ba ise ba ke ba bone kgakgamatso epe. Bontsi jwa dikgakgamatso tse di kwadilweng mo Bibeleng di ne tsa diragala mo motlheng wa ga Moshe le Joshua (mo lekgolong la bo 16 le la bo 15 la dingwaga B.C.E.), ka motlha wa ga Elija le Elisha (mo lekgolong la bo 10 le la bo 9 la dingwaga B.C.E.), le ka motlha wa ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe (mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.). Batho ba bangwe ba ba ikanyegang ba ba neng ba itlhophetswe ke Modimo gore ba diragatse maikaelelo a a rileng, ba ba jaaka Aberahame le Dafide, ba ile ba bona kana ba itemogela fa Modimo o ne o supa maatla a one, mme lefa go ntse jalo ga go na bosupi bope jo bo bontshang gore ba ile ba dira dikgakgamatso ka bobone. (Gen. 18:14; 19:27-29; 21:1-3; bapisa 2 Samuele 6:21; Nehemia 9:7.) Fa e le ka dineo tsa go dira dikgakgamatso tse di neng di le teng mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Bibela e ne ya bolelela pele gore di ne di “tla khutlisiwa.” (1 Bakor. 13:8) Mme boperofeti jono bo ne jwa diragadiwa fa wa bofelo wa baaposetoloi ba ba 12 a ne a swa lefa go ne go swa ba ba neng ba amogela dineo tsa go dira dikgakgamatso.—Bapisa Ditihō 8:14-20.
Modimo O Tlhopha Jang Gompieno?
Morago ga lekgolo la ntlha la dingwaga, botenegi jo bo neng bo boleletswe pele bo ne jwa gola bo sa kgorelediwe ke sepe. (Dit. 20:29, 30; 2 Bathes. 2:7-12) Lobone lwa Bokeresete jwa boammaaruri lo ne lo tukela kwa tlase fela thata ka makgolokgolo a mantsi a dingwaga. (Bapisa Mathaio 5:14-16.) Lefa go ntse jalo, Jesu o ne a bontsha mo setshwantshong sengwe gore kwa ‘bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo,’ go tla nna le pharologano e e phepafetseng gareng ga “mabele” (Bakeresete ba boammaaruri) le “mohoka” (Bakeresete ba e seng bone). Mabele, kana “baitshenkedwi ba gagwe,” ba ne ba tla phuthiwa gore e nne phuthego e le nngwe fela ya boammaaruri ya Bokeresete, jaaka go ne go ntse mo lekgolong la ntlha la dingwaga. (Math. 13:24-30, 36-43; 24:31) Jesu gape o ne a tlhalosa maloko a phuthego eo a a tloditsweng a re ke “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” mme o ne a bontsha gore mo motlheng wa bofelo, ba ne ba tla aba dijo tsa semoya. (Math. 24:3, 45-47) Motlhanka yoo yo o boikanngo o ne a tla patiwa ke “boidiidi yo bogolo” jwa baobamedi ba boammaaruri ba ba tswang mo merafeng yotlhe.—Tshen. 7:9, 10; bapisa Mika 4:1-4.
Baobamedi ba boammaaruri ba ba tshelang mo motlheng ono wa bofelo ba ne ba tla tlhaolwa jang? A ba ne ba tla nepa dilo ka metlha, a tsela e ba atlholang dilo ka yone e ne e se kitla e nna phoso? Baaposetoloi ba ga Jesu ba ne ba ntse ba tlhoka go tlhamaladiwa. (Luke 22:24-27; Bagal. 2:11-14) Fela jaaka baaposetoloi, balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ba mo motlheng wa rona ba tshwanetse ba ikokobetsa, ba iketleetse go dumela fa ba kgalemelwa, ba dire diphetogo, fa go tlhokega, gore ba akanye jaaka Modimo.—1 Pet. 5:5, 6.
Fa lefatshe le ne le tsena mo metlheng ya bofelo ka 1914, ke setlhopha sefe se se neng sa itshupa e le phuthego e le nngwe fela ya boammaaruri ya Bokeresete? Labokeresete e ne e na le dikereke tse dintsi tse di neng di ipolela gore di emela Keresete. Mme potso ke gore: Ke efe mo go tsone e e neng ya ikobela melao ya Dikwalo, fa e le gore e teng?
Phuthego e le nngwe fela ya boammaaruri ya Bokeresete e tshwanetse ya bo e tsaya Bibela jaaka buka ya makgaolakgang e e di gaisang tsotlhe, mme ga e nopole ditemana kwa le kwa e bo e gana tse dingwe fa di sa dumelane le thutabomodimo ya bone ya jaanong. (Yoh. 17:17; 2 Tim. 3:16, 17) E tshwanetse ya nna phuthego e maloko otlhe a yone—eseng mangwe a one fela—eleruri a se nne karolo ya lefatshe, fela jaaka Keresete. Ka jalo ba ka tsena jang mo dipolotiking jaaka dikereke tsa Labokeresete di ile tsa nna tsa dira? (Yoh. 15:19; 17:16) Phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete e ne e tla tshwanelwa ke go itsise leina la Modimo ebong Jehofa, le go dira tiro e Jesu a e ba fileng—ya go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Jaaka phuthego ya lekgolo la ntlha la dingwaga, ga se maloko a sekaenyana fela a a rerang efangele ka moya otlhe mme ke maloko otlhe. (Isa. 43:10-12; Math. 24:14; 28:19, 20; Bakol. 3:23) Gape baobamedi ba boammaaruri ba ne ba tla itsiwe ka lorato lwa go intshetsa ba bangwe setlhabelo, lorato loo lo neng lo tla fenya dikgoreletsi tsa lotso le tsa bomorafe ebile lo ba kopanya mo bokaulengweng jwa lefatshe lotlhe. Lorato lo lo ntseng jalo lo ne lo sa tshwanela go bontshiwa fela mo maemong a a rileng mme lo ne lo tshwanetse lwa bontshiwa ka tsela e ruri e neng e tla ba tlhaola jaaka phuthego.—Yoh. 13:34, 35.
Go phepafetse gore, fa motlha wa bofelo o ne o simolola ka 1914, go ne go sena epe ya dikereke tsa Labokeresete e e neng e ikobela melao ya Bibela e e laolang phuthego ya boammaaruri ya Bokeresete. Lefa go le jalo, go tweng ka Baithuti ba Bibela, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe ka nako eo?
Go Batla Boammaaruri Go Go Neng Ga Nna le Maungo
Fa e ne e santse e le lekawana, C. T. Russell o ne a swetsa ka gore Labokeresete e ile ya sokamisa Bibela fela thata. Gape o ne a dumela gore e ne e le nako jaanong ya gore Lefoko la Modimo le tlhaloganngwe le gore ba ba neng ba ithuta Bibela ka bopeloephepa le go e dirisa mo matshelong a bone ba ne ba tla e tlhaloganya.
Ditiragalo tsa botshelo jwa ga Russell, tse di neng tsa phasaladiwa ka bofefo fela fa a sena go tlhokafala, di ne tsa tlhalosiwa jaana: “Ga a ka a simolola bodumedi bope jo bosha, ebile ga a ise a ko a bolele gore o dirile jalo. O ne a tsosolosa boammaaruri jo bo molemolemo jo bo neng bo rutiwa ke Jesu le Baaposetoloi, mme o ne a retolosetsa lesedi la lekgolo leno la bo someamabedi la dingwaga mo go jone. Ga a ka a bolela gore Modimo o mo senoletse sengwe ka tsela e e kgethegileng, mme lefa go ntse jalo o ne a dumela gore nako ya Modimo ya gore Bibela e tlhaloganngwe e ne e atametse; mme ka gone, jaaka a ne a ineetse mo Moreneng le mo go direng tiro ya Gagwe, o ne a letliwa go e tlhaloganya. Ka gonne a ne a ineela mo go tlhagoleleng maungo a Moya O O Boitshepo le masego a one, he tsholofetso eno ya Morena e ne ya diragadiwa ka ene: ‘Gonne fa dilo tse di le mo go lona ebile di le dintsi, di tla lo dira gore lo se ka lwa nna lolea fela lefa e le go tlhoka leungo mo kitsong ya Morena wa rona Jesu Keresete.’—2 Petere 1:5-8.”—Tora ya Tebelo (ka Seesemane), December 1, 1916, ts. 356.
Go senka go tlhaloganya Dikwalo ga ga C. T. Russell le balekane ba gagwe go ile ga nna le maungo. Jaaka batho ba ba neng ba rata boammaaruri, ba ne ba dumela gore Bibela ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. (2 Tim. 3:16, 17) Ba ne ba gana megopolo ya ga Darwin ya thutotlhagelelo le dikgopolo tse di senyang tumelo tsa batshwayadiphoso ba maemo a a kwa godimo ba Bibela. Ka go amogela Dikwalo jaaka motswedi wa tshedimosetso e e sa lekanngweng le sepe, gape ba ne ba gana dithuto tsa Tharonngwe, gore moya ga o swe, le go tlhokofadiwa ka bosakhutleng gore ga se tsa Dikwalo—dithuto tse di simologileng mo bodumeding jwa boheitane. Gareng ga “boammaaruri jo bo molemolemo” jo ba neng ba bo amogela e ne e le jwa gore Jehofa ke Mmopi wa dilo tsotlhe, gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo, yoo a ileng a ntsha botshelo jwa gagwe jaaka thekololo, le gore fa Jesu a boa o tla nna teng a sa bonale jaaka sebopiwa sa moya. (Math. 20:28; Yoh. 3:16; 14:19; Tshen. 4:11) Gape ba ne ba tlhaloganya sentle gore motho ke moya o o swang.—Gen. 2:7; Esek. 18:20.
Seno ga se reye gore Baithuti ba Bibela ba ba neng ba dira le Russell ba ne ba senola boammaaruri jono jotlhe; jo bongwe jo bontsi bo ile jwa tlhaloganngwa pelenyana ke batho ba ba peloephepa ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete, ba tota bangwe ba bone ba ileng ba ema ba nitame fa dilo tse ba neng ba di dumela tseno di ne di sa amogelwe. A mme batho bao ba ile ba ikobela melao yotlhe ya Dikwalo ya kobamelo ya boammaaruri? Ka sekai, a eleruri e ne e se karolo ya lefatshe, jaaka Jesu a ne a bolela gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla nna jalo?
Mo godimo ga tsela e ba neng ba leba Bibela ka yone, Baithuti ba pele ba Bibela ba ba neng ba dira le Russell ba ne ba farologane ka ditsela dife? Eleruri e ne e le ka tlhoafalo e ba neng ba e supa mo go boleleleng ba bangwe dilo tse ba di dumelang, ba gatelela thata go bolela leina la Modimo le Bogosi jwa gagwe. Le mororo palo ya bone e ne e le nnye, ba ne ba fitlha kwa dinageng tse dintsi ka mafoko a a molemo. A le bone ruri jaaka balatedi ba ga Keresete e ne e se karolo ya lefatshe? Go ne go ntse jalo mo dikarolong tse dingwe. Mme go lemoga ga bone boikarabelo jo bo akarediwang ke seno go ile ga oketsega thata go tloga ka Ntwa ya Lefatshe I, mme go fitlha jaanong ke mokgwa o o tlhomologileng thata wa Basupi ba ga Jehofa. Ga go a tshwanela ga itlhokomolosiwa ntlha ya gore fa ditlhopha tse dingwe tsa bodumedi di ne di tlotlomatsa Lekgotla la Kgolagano ya Merafe mme, moragonyana, di tlotlomatsa Lekgotla la Merafe E E Kopaneng, Basupi ba ga Jehofa bone ba ne ba bolela kaga Bogosi jwa Modimo—mme eseng lekgotla lepe le le tlhomilweng ke batho—ke jone fela jo batho ba ka bo ikanyang.
A mme dilo tse dingwe tse Basupi ba ga Jehofa ba di dumelang ga di a ka tsa fetolwa fa dingwaga di ntse di feta? Fa e le gore eleruri ba ne ba tlhophilwe ke Modimo ebile o ba etelela pele lefa e le gore dithuto tsa bone di ne di tshegediwa ke Dikwalo, ke ka ntlha yang fa go ile ga tlhokega gore ba dire diphetogo tse di ntseng jalo?
Kafa Jehofa A Etelelang Batho ba Gagwe Pele ka Teng
Ba ba bopang phuthego e e leng yone fela ya boammaaruri ya Bokeresete gompieno ga ba senolelwe ke baengele kana go tlhotlhelediwa ke Modimo. Mme lefa go ntse jalo ba na le Dikwalo Tse Di Boitshepo tse di tlhotlheleditsweng, tse di senolang se Modimo o se akanyang le thato ya gagwe. Jaaka phuthego le jaaka batho ka bongwe, ba tshwanetse go tsaya Bibela jaaka boammaaruri jwa Modimo, ba e ithute ka kelotlhoko, le go tshela ka yone. (1 Bathes. 2:13) Mme go tla jang gore ba tlhaloganye Lefoko la Modimo ka tsela e e tshwanetseng?
Bibela ka boyone e bolela jaana: “Diphuthololō a ga se tsa Modimo?” (Gen. 40:8) Fa go diragala gore ba se ka ba tlhaloganya karolo nngwe ya Dikwalo fa ba ntse ba ithuta, ba a batlisisa gore ba bone dikarolo tse dingwe tse di tlhotlheleditsweng tse di tla ba thusang go tlhaloganya kgang eo. Ka gone ba ne ba letla Bibela gore e iphutholole ka boyone, mme go tswa foo ba leka go tlhaloganya “sekaō” sa boammaaruri se se leng mo Lefokong la Modimo. (2 Tim. 1:13) Jehofa o ba etelela pele kana o ba kaela ka moya wa gagwe o o boitshepo gore ba kgone go tlhaloganya. Mme gore ba bone kaelo ya moya oo, ba tshwanetse ba tlhagolela maungo a one, ba sa o hutsafatse kana ba dira kgatlhanong le one, mme ba tswelela pele ba dira se o ba tlhotlheletsang go se dira. (Bagal. 5:22, 23, 25; Baef. 4:30) Mo godimo ga moo, fa ba dirisa seo ba se ithutang ka tlhoafalo, tumelo ya bone e a gola, jaaka e le selo se se tla ba thusang go tlhaloganya sentlentle kafa ba tshwanetseng go dira thato ya Modimo ka teng mo lefatsheng leno le ba seng karolo ya lone.—Luke 17:5; Bafil. 1:9, 10.
Jehofa o ile a etelela pele batho ba gagwe ka metlha gore ba tlhaloganye thato ya gagwe sentle. (Pes. 43:3) Re ka tshwantsha kafa a ileng a ba kaela ka teng ka tsela eno: Fa motho a ne a ntse mo kamoreng e e lefifi ka nako e telele, a go ne go ka se nne molemo fa a ne a ka bona lesedi ka bonya ka bonya? Jehofa o ile a senolela batho ba gagwe lesedi la boammaaruri ka mokgwa o o tshwanang; o ile a le ba phatsimisetsa fa nako e ntse e tsamaya. (Bapisa Yohane 16:12, 13.) Ke fela jaaka seane se ne sa bolela jaana: “Tselana ea mosiami e nntse yaka lesedi ye le phatsimañ, ye le phatsimèlañ pele hèla go ea motshegariñ o mogolo.”—Dia. 4:18.
Tsela e Jehofa a neng a dirisana ka yone le batlhanka ba gagwe ba a ba itlhophetseng mo metlheng ya Bibela e re tlhomamisetsa gore thato ya gagwe le boikaelelo jwa gagwe di tlhaloganngwa sentle ka bonya ka bonya. Ka gone, Aberahame o ne a se ka a tlhaloganya ka botlalo kafa boikaelelo jwa ga Jehofa malebana le “losika” bo neng bo tla diragala ka gone. (Gen. 12:1-3, 7; 15:2-4; bapisa Bahebera 11:8.) Daniele o ne a se ka a tlhaloganya gore boperofeti jo a neng a bo kwala bo ne bo tla felela jang. (Dan. 12:8, 9) Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a bolela gore o ne a sa itse letsatsi lefa e le nako ya gore tsamaiso ya jaanong ya dilo e ne e tla khutla leng. (Math. 24:36) Kwa tshimologong baaposetoloi ba ne ba sa tlhaloganye gore Bogosi jwa ga Jesu bo ne bo tla nna jwa selegodimo, gore bo ne bo ka se tlhomiwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga, le gore tota le e leng Baditšhaba ba ne ba tla bo rua.—Luke 19:11; Dit. 1:6, 7; 10:9-16, 34, 35; 2 Tim. 4:18; Tshen. 5:9, 10.
Gape, ga re a tshwanela go gakgamala gore le e leng mo dinakong tsa segompieno, gantsi Jehofa o ile a nna a kaela batho ba gagwe jaaka phuthego e e gatelang pele ka iketlo, a ba sedifaletsa boammaaruri jwa Bibela ka iketlo. Boammaaruri ga se jone bo fetogang. Boammaaruri jone bo sala e ntse e le boammaaruri. Thato ya ga Jehofa le boikaelelo jwa gagwe, jaaka di tlhalositswe mo Bibeleng, ga di fetoge. (Isa. 46:10) Mme lefa go ntse jalo go tlhaloganya ga bone boammaaruri jono go nna go ntse go phepafalela kwa pele “ka dipaka tse e leñ cōna,” ka nako ya ga Jehofa e e tshwanetseng. (Math. 24:45; bapisa Daniele 12:4, 9.) Ka dinako tse dingwe, ka ntlha ya go dira diphoso ga batho kana go tlhoafalela dilo tse e seng tsone, go ka nna ga tlhokega gore tsela e ba lebang dilo ka yone e baakanngwe.
Ka sekai, ka dinako tse di farologaneng mo hisitoring ya bone ya motlha wa gompieno, Basupi ba ga Jehofa, ka ntlha ya go tlhoafalela le go tlhagafalela go bona bolaodi jwa ga Jehofa bo tlotlomadiwa go ile ga felela ka gore ba lebelele gore bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo e e boikepo ya ga Satane bo tla nna ka nako nngwe. (Esek. 38:21-23) Mme Jehofa o ne a ise a senole gore nako e tla nna efe. (Dit. 1:7) Ka gone, batho ba ga Jehofa ba ne ba tshwanelwa ke go fetola dikgopolo tsa bone ka seno.
Kafa go ntseng ka teng go fetola ga bone tsela e ba neng ba leba dilo ka yone ga go reye gore boikaelelo jwa Modimo bo ile jwa fetoga. Mme ebile ga go akantshe gore bokhutlo jwa tsamaiso eno bo ka tswa bo le kgakala. Go farologana le seno, go diragadiwa ga boperofeti jwa Bibela jo bo kaga ‘bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo’ go re tlhomamisetsa gore bokhutlo bo gaufi. (Math. 24:3) Mme gone, a lebaka la go bo Basupi ba ga Jehofa ba ile ba lebelela dilo dingwe pele ga nako le raya gore ga ba kaelwe ke Modimo? Ruri ga go a nna jalo fela jaaka fa potso e baaposetoloi ba neng ba e botsa ka go tlhongwa ga Bogosi mo motlheng wa bone e ne e sa reye gore ba ne ba sa tlhophiwa le go etelelwa pele ke Modimo!—Dit. 1:6; bapisa Ditihō 2:47; 6:7.
Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba tlhomamisa gore tota bodumedi jwa bone ke jwa boammaaruri? Ke ka gonne ba a dumela ebile ba dumela kafa Bibela e tlhaolang badumedi ba boammaaruri ka teng. Hisitori ya bone ya motlha wa segompieno, jaaka e ile ya tlhalosiwa mo dikgaolong tsa ntlha tsa kgatiso eno, e bontsha gore, bone jaaka phuthego, mme e seng jaaka motho ka bongwe, ba dira dilo tse di lebeletsweng gore ba di dire: Ba buelela Bibela ka boikanyegi gore ke Lefoko le le boitshepo la Modimo la boammaaruri (Yoh. 17:17); ba ikgaoganya gotlhelele le dikgang tsa lefatshe (Yak. 1:27; 4:4); ba neela bosupi ka leina la Modimo ebong Jehofa, le go bolela ka Bogosi jwa Modimo gore ke jone fela jo batho ba ka bo ikanyang (Math. 6:9; 24:14; Yoh. 17:26); mme ba ratana ka tsela ya mmatota.—Yoh. 13:34, 35.
Ke ka ntlha yang fa lorato e le letshwao le le tlhomologileng le le tlhaolang baobamedi ba Modimo wa boammaaruri? Bakeresete ba boammaaruri ba tlhaolwa ka mofuta ofe wa lorato?
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Mafoko a a mo go tsebe 705]
Fela fa Modimo o sena go ba tlhopha, ba ne ba tshwanetse gore ba ikobele melao ya gagwe ka metlha
[Mafoko a a mo go tsebe 706]
Baobamedi ba boammaaruri ba ba tshelang mo motlheng wa bofelo ba ne ba tla tlhaolwa jang?
[Mafoko a a mo go tsebe 707]
“Ga a ka a bolela gore Modimo o mo senoletse sengwe ka tsela e e kgethegileng”
[Mafoko a a mo go tsebe 708]
Ba ne ba letla Bibela gore e iphutholole ka boyone
[Mafoko a a mo go tsebe 709]
Gantsi Jehofa o ile a nna a kaela batho ba gagwe jaaka phuthego e e neng e gatela pele, a ba sedifaletsa boammaaruri jwa Bibela ka iketlo