THUTO 36
Go Tlhalosa Setlhogo Sentle
DIBUI tse di nang le maitemogelo di a itse gore go botlhokwa go nna le setlhogo. Fa di baakanyetsa puo, setlhogo se ba thusa go tlhoma mogopolo mo karolong e e rileng ya tshedimosetso le go e jela marapo a tlhogo. Diphelelo tsa seno ke gore, go na le gore ba bue ka dintlha di le dintsintsi ka go di okola fela mo godimo, ba tlhalosa dintlha tsa bone ka tsela e e tla tswelang bareetsi ba bone mosola thata. Fa ntlha nngwe le nngwe ya konokono e amana ka tlhamalalo le setlhogo e bile e thusa go se godisa, bareetsi le bone ba thusiwa go gakologelwa dintlha tseo le go lemoga botlhokwa jwa tsone.
Le mororo go ka bolelwa gore setlhogo sa gago ke kgang e o buang ka yone, o tla lemoga gore boleng jwa dipuo tsa gago bo a tokafala fa o leba setlhogo sa gago e le ntlha e o e dirisang go godisa kgang ya gago. Bogosi, Baebele le tsogo ya baswi ke dikgang tse di atlabetseng thata. Di ka dirisiwa go tlhalosa ditlhogo tse di farologaneng. Dikai dingwe ke tseno: “Bogosi, Goromente wa Mmatota,” “Bogosi Jwa Modimo bo Tla Dira Lefatshe Paradaise,” “Baebele e Tlhotlheleditswe ke Modimo,” “Baebele ke Kaelo e e Mosola mo Motlheng wa Rona,” “Tsogo ya Baswi e Naya ba ba Hutsafetseng Tsholofelo,” le “Tsogo ya Baswi e re Thusa go Nna re Nitame fa re Lebane le Pogiso.” Ditlhogo tseno tsotlhe di batla go tlhalosiwa ka ditsela tse di farologaneng gotlhelele.
Go dumalana le setlhogo sotlhe sa Baebele, tiro ya go rera e Jesu Keresete a neng a e dira mo bodireding jwa gagwe jwa mo lefatsheng e ne e buelela setlhogo se se reng: “Bogosi jwa magodimo bo atametse.” (Math. 4:17) O ne a tlhalosa jang setlhogo seno? Bogosi joo bo umakiwa makgetlo a feta 110 mo Diefangeleng di le nnè. Mme Jesu o ne a se ka a felela fela ka go dirisa lefoko “bogosi” gangwe le gape. Jesu o ne a bontsha ka phepafalo ka tsela e a neng a ruta ka yone le ka dikgakgamatso tse a neng a di dira gore ene fa a ne a na le batho, e ne e le Morwa Modimo, e bong Mesia, ene yo Jehofa a neng a tlile go mo naya Bogosi. Gape Jesu o ne a bontsha gore go ne go bulwa tsela ka ene ya gore ba bangwe ba nne le seabe mo Bogosing joo. O ne a umaka dinonofo tse di tshwanetseng go bontshiwa ke ba ba tla newang tshiamelo eo. O ne a bontsha ka phepafalo ka dithuto tsa gagwe le ka ditiro tse di maatla tse a neng a di dira gore Bogosi jwa Modimo bo tlile go direla batho eng a bo a bontsha gore go leleka ga gagwe madimona ka moya wa Modimo e ne e le bosupi jwa gore tota ‘bogosi jwa Modimo bo ne bo tlile mo bareetsing ba gagwe.’ (Luke 11:20) Jesu o ne a roma balatedi ba gagwe go ya go rera ka Bogosi joo.—Math. 10:7; 24:14.
Go Dirisa Setlhogo se se Tshwanelang. Ga o kopiwe gore o tlhalose setlhogo ka selekanyo se Baebele e se tlhalosang ka sone, mme gone go botlhokwa fela jalo go nna le setlhogo se se tshwanelang.
Fa e le gore ke wena o itlhophelang setlhogo, sa ntlha, sekaseka mokgele wa puo ya gago. Morago ga moo, fa o ntse o tlhopha dintlha tsa konokono tse o tla agang aotlelaene ya gago ka tsone, tlhomamisa gore tota di tshegetsa setlhogo se o se tlhophileng.
Fa o abetswe setlhogo, se sekaseke ka kelotlhoko go bona gore se batla gore o baakanyetse dintlha tsa gago jang. Go ka nna ga go tlhoka maiteko mangwe go lemoga botlhokwa jwa setlhogo seo le kafa se ka go thusang ka gone. Fa e le gore o tlile go tlhopha dintlha tse o tlileng go di dirisa go tlhalosa setlhogo se o se abetsweng, di tlhophe ka kelotlhoko gore di se ka tsa fapoga setlhogo sa gago. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o abetswe dintlha, o sa ntse o tlhoka go sekaseka go bona kafa o ka di dirisang ka gone gore di dumalane le setlhogo. Gape o tshwanetse go akanya ka lebaka la go bo dintlha tseo di le botlhokwa mo bareetsing ba gago le gore mokgele wa gago e tshwanetse go nna eng fa o di tlotla le bone. Seno se tla go thusa go bona gore ke eng se o tlhokang go se gatelela fa o tlotla ka tsone.
Tsela ya go Gatelela Setlhogo. Gore o kgone go gatelela setlhogo ka tshwanelo, o tshwanetse go thaya motheo fa o tlhopha dintlha tsa gago le go di rulaganya. Fa o dirisa fela dintlha tse di tshegetsang setlhogo sa gago e bile o latela melaometheo ya go baakanyetsa aotlelaene e e siameng, go gatelela setlhogo go tla itlela fela.
Go boaboeletsa dintlha go ka go thusa go gatelela setlhogo. Mo mminong wa tlelasiki, setlhogo sa one ke molodi wa pina yotlhe o o boaboelediwang gangwe le gape. Gantsi molodi oo ga o boelediwe ka tsela e e tshwanang. Ka dinako tse dingwe, go utlwala fela polelwana e le nngwe kgotsa tse pedi, nako le nako go dirisiwa mafoko a setlhogo ka ditsela tse di sa tshwaneng, mme motlhami wa pina o nna a tsenya pina molodi ka tsela nngwe a tla a o ntsha go fitlha o utlwala mo pineng yotlhe. Go tshwanetse ga nna jalo le ka setlhogo sa puo. Go boaboeletsa mafoko a konokono a setlhogo go tshwana le molodi wa pina o o nnang o utlwala gangwe le gape mo pineng. Go dirisa makaelagongwe a mafoko ao kgotsa go umaka setlhogo o dirisa mafoko a a farologaneng go dira gore setlhogo se utlwale ka ditsela tse di farologaneng. Go gatelela setlhogo ka tsela e e ntseng jalo go tla dira gore setlhogo e nne ntlha ya konokono e bareetsi ba gago ba e gakologelwang.
Tsela eno ya go gatelela setlhogo ga e dirisiwe mo dipuong tse di neelwang mo seraleng fela mme gape le mo metlotlong e re e tshwarang le batho mo bodireding jwa tshimo. Go motlhofo go gakologelwa motlotlo o mokhutshwane fa setlhogo se dirilwe gore se tlhomologe sentle. Mo thutong e e rutwang kwa thutong ya Baebele, motho o tla e gakologelwa ka bonako fa setlhogo se gateletswe sentle. Maiteko a o a dirang a go tlhopha ditlhogo tse di tshwanelang le go di tlhalosa sentle a tla go thusa thata gore o nne le matswela jaaka sebui le jaaka morutisi wa Lefoko la Modimo.