LEBOKOSE LA GO RUTA 2B
Botshelo Jwa ga Esekiele
Leina Esekiele, le kaya “Modimo o a Nonotsha.” Le fa boporofeti jwa ga Esekiele bo na le ditlhagiso tse dintsi, molaetsa wa gagwe o nonotsha tumelo ya ba ba batlang go obamela Modimo ka tsela e a e amogelang.
BAPOROFETI BA NAKO YA GA ESEKIELE
JEREMIA,
o ne a tswa mo lelapeng la baperesiti, o ne a direla thata kwa Jerusalema (647-580 B.C.E.)
HULEDA
o ne a direla fa buka ya Molao e ne e bonwa kwa tempeleng mo e ka nnang ka 642 B.C.E.
DANIELE,
o ne a tswa mo lotsong lwa segosi lwa Juda, o ile a isiwa botshwarwa kwa Babelona ka 617 B.C.E.
HABAKUKE
a ka tswa a ne a direla kwa Juda fa Jehoiakime a ne a simolola go busa
OBADIA
o ne a bua ka katlholo e e neng e tla tlela Edoma, gongwe ka nako ya fa Jerusalema e ne e senngwa
BA ILE BA POROFETA LENG? (B.C.E.)
DITIRAGALO TSA BOTLHOKWA MO BOTSHELONG JWA GA ESEKIELE (B.C.E.)
mo e ka nnang ka 643: O a tsholwa
617: O isiwa botshwarwa kwa Babelona
613: O simolola go porofeta; o bona ponatshegelo ya ga Jehofa
612: O bona ponatshegelo ya dilo tse di maswe tse di diregang kwa tempeleng
611: O simolola go bua ka katlholo e e tla tlelang Jerusalema
609: Mosadi wa gagwe o a swa mme Bababelona ba kampa go dikologa Jerusalema lekgetlo la bofelo
607: O amogela molaetsa wa gore Jerusalema e sentswe
593: O bona ponatshegelo ya tempele
591: O bolelela pele gore Nebukadenesare o tla tlhasela Egepeto; o fetsa go kwala buka ya gagwe
DIKGOSI TSA JUDA LE TSA BABELONA
659-629: Josia o thusa batho gore ba boe ba obamele Jehofa ka tsela e e mo itumedisang a bo a bolawa kwa ntweng kgatlhanong le Faro Neko
628: Jehoahase o busa ka tsela e e sa siamang dikgwedi di le tharo a bo a isiwa botshwarwa ke Faro Neko
628-618: Jehoiakime ke kgosi e e bosula e bile Faro Neko o mo dira kgosi ya maemo a a kwa tlase
625: Nebukadenesare o fenya masole a Egepeto
620: Nebukadenesare o tlhasela Juda lekgetlo la ntlha a bo a dira Jehoiakime kgosi ya maemo a a kwa tlase kwa Jerusalema
618: Jehoiakime o tlhanogela Nebukadenesare, mme go bonala a ile a bolawa fa Bababelona ba tlhasela Lefatshe le le Solofeditsweng lekgetlo la bobedi
617: Jehoiakine, yo gape a bidiwang Jekonia o busa ka tsela e e sa siamang dikgwedi di le tharo a bo a ineela mo go Nebukadenesare
617-607: Sedekia yo o bosula e bile e le legatlapa o dirwa kgosi ya maemo a a kwa tlase ke Nebukadenesare
609: Sedekia o tlhanogela Nebukadenesare, mme Nebukadenesare o tlhasela Juda lekgetlo la boraro
607: Nebukadenesare o senya Jerusalema, o golega Sedekia, o a mo foufatsa a bo a mo isa Babelona