LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lmd thuto 9
  • Akanyetsa ba Bangwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Akanyetsa ba Bangwe
  • Rata Batho—Dira Barutwa
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Se Jesu a Ileng a se Dira
  • Re Ithuta Eng mo go Jesu?
  • Etsa Jesu
  • Kutlwelobotlhoko—Tsela ya go Bontsha Bopelonomi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Utlwela Batho Botlhoko
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2021
  • Utlwela ba Bangwe Botlhoko
    Tsogang!—2020
  • “A Tlhotlheletsega go Tlhomoga Pelo”
    ‘Tla o Nne Molatedi wa Me’
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Rata Batho—Dira Barutwa
lmd thuto 9

FA O DIRA MAETO A GO BOELA

Jesu le barutwa ba gagwe ba tswa mo mokorong, ba ya kwa bathong ba ba ba emetseng mo lotshitshing.

Mar. 6:30-34

THUTO 9

Akanyetsa ba Bangwe

Molaomotheo: “Itumeleng le batho ba ba itumelang; lelang le batho ba ba lelang.”​—Bar. 12:15.

Se Jesu a Ileng a se Dira

Jesu le barutwa ba gagwe ba tswa mo mokorong, ba ya kwa bathong ba ba ba emetseng mo lotshitshing.

BIDIO: Jesu o Tlhomogela Batho Pelo

1. Lebelela BIDIO, kgotsa bala Mareko 6:30-34. Go tswa foo, ipotse dipotso tse di latelang:

  1. Goreng Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba batla ‘go nna ba le bosi fela’?

  2. Goreng Jesu a ile a ruta batho?

Re Ithuta Eng mo go Jesu?

2. Re batla go bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo, mme gone re a ba akanyetsa.

Etsa Jesu

3. Reetsa ka kelotlhoko. Fa o tlotla le motho, mo letle gore a go bolelele gore o ikutlwa jang. O se ka wa mo tsena ganong kgotsa wa mo tlhokomologa fa a go bolelela gore o ikutlwa jang, o tshwenyegile ka eng kgotsa fa go na le dilo dingwe tse a sa dumalaneng le wena ka tsone. Fa o mo reetsa ka kelotlhoko, o mmontsha gore o batla go itse gore o akanya eng.

4. Akanya ka ene. Akanya ka se lo tlotlileng ka sone mme o ipotse go re:

  1. ‘Goreng a tlhoka go itse boammaaruri?’

  2. ‘Go ithuta Baebele go tla tokafatsa botshelo jwa gagwe jang gone jaanong le mo nakong e e tlang?’

5. Tlotla le ene ka dilo tse di tla mo thusang. Mmontshe gore go ithuta Baebele go ka araba dipotso tsa gagwe jang le gore go ka mo thusa jang.

BONA LE

Bar. 10:13, 14; Bafil. 2:3, 4; 1 Pet. 3:8

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela