Botshelo le Bodihedi tsa ga Jesu
Baikgodisi le Baikokobetsi
MORAGO ga fa a sena go bua ka melemo ya ga Johane Mokolobetsi, Jesu o itebaganya le batho ba ba boikgodiso, le ba ba boferefere ba ba fa go ene. “Losika lo,” o a bolela, “lo chwana le banyana ba ba dutseñ mo mananeñ a motse, ba bitsanya le bankana ba bōnè, ba re, Re ne ra lo leletsa ditlhaka, me ga loa ka loa bina; ra kurueletsa godimo, me ga loa ka loa lela.”
Jesu o raya goreng? O a tlhalosa: “Yohane o tsile a sa ye, a sa nwe, me ba re, O na le badimo. Morwa Motho a tla a ya, a nwa, me ba re, Bōnañ, motho eo o tshikhiri, monwa boyalwa yoa mofine, tsala ea bakgethisi le ea baleohi.”
Ga go motlhofo go kgotsofatsa batho. Ga go na sepe se se ba itumedisang. Johane o ne a ile a tshela botshelo jo bosesane jwa go itima dilo jaaka Monaserita, a dira fela kafa puong e e builweng ke moengele ya gore “ga a ketla a nwa boyalwa yoa mofine, leha e le boyalwa yo bo loileñ.” Lefa go ntse jalo batho ba re o na le badimo. Mo letlhakoreng je lengwe, Jesu o tshela fela jaaka motho mongwe le mongwe, a sa itshedise botshelo jo bosesane, mme jaanong o bonwa molato wa gore o feteletsa dilo.
Abo go le thata jang ne go itumedisa batho! Ba tshwana le bankane ba ba tshamekang mmogo, bao bangwe ba bone ba ganang go bina fa bana ba bangwe ba letsa seletso kana go hutsafala fa bankane ba bone ba lela. Lefa go le jalo, Jesu a re: “Botlhale o atlholèlwa ke ditihō tsa gagwè.” Ee, bosupi—ditiro—di phepafatsa sentle gore ditatofatso tse di kgatlhanong le Johane le Jesu ke tsa maaka.
Jesu o tswelela ka go kgoba metse ya Korasina, Bethesaida, le Kaperenama, koo a neng a ile a dira ditiro tse dikgolo gone. Fa a ka bo a di dirile kwa metseng ya Finikia ya Ture le Sidona, Jesu o bolela gore, metse eno e ka bo e ile ya ikotlhaya ka kgetse le melora. Fa Jesu a ne a nyatsa Kaperenama, o go bonalang e ne e le boremelelo jwa bodihedi jwa gagwe, o re: “E tla re mo motlheñ oa tshèkō go tla nna botoka kaga lehatshe ya Sodoma, bogolo go wèna.”
Jesu o bolelang ka seno? Ka phepafalo o bontsha gore, mo Letsatsing la Katlholo fa baikgodisi ba Kaperenama ba tsosiwa, go tla ba ketefalela thata go ka dumela diphoso tsa bone le go amogela Keresete go na le Basodoma ba bogologolo ba ba tsositsweng gore ba ikotlhae ka boikokobetso le go ithuta tshiamo.
Jesu jaanong o tswelela ka go baka Rraagwe wa selegodimo phatlalatsa. O tlhotlheletsega go dira jalo ka go bo Modimo o subetse batlhale le baitseanape boammaaruri jwa semoya jo bo tlhokegang thata mme a senola dilo tseno tse di molemo-lemo go batho ba ba boikokobetso, ba ba tshwanang le masea.
Labofelo, Jesu o ntsha taletso e e ikuelang: “Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, me ke tla lo lapolosa. Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me; gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ: me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō. Gonne yokwe oa me o monate, le morwalō oa me o motlhoho.”
Jesu o fa tapologo jang? O dira jalo ka go baakanyetsa ka kgololesego go tswa mo dingwaong tse di golegang tseo baeteledipele ba bodumedi ba ileng ba imetsa batho ka tsone, ka sekai, go akareletsa le go boloka melao e e thibelang ya Sabata. Gape, o bontsha tsela ya kgololo go bao ba ikutlwang ba imelwa ke kgatelelo ya babusi ba sepolotiki le bao ba imelwang ke maleo a bone ka ntlha ya digakolodi tse di tlhokofetseng. O senolela ba ba tlhokofetseng bao kafa maleo a bone a ka itshwarelwang ka gone le kafa ba ka ipelelang ka gone kamano e e tlhokegang thata le Modimo.
Jokwe e e bonolo e Jesu a e ntshang ke ya boineelo jo bo feletseng go Modimo, go kgona go direla Rraarona wa selegodimo yo o kutlwelo-botlhoko, yo o pelotlhomogi. Mme jokwe e e motlhofo e Jesu a e neelang bao ba tlang go ene ke ya go utlwa dipatlafalo tsa Modimo tsa botshelo, ditaolo tsa Gagwe, tse di sa tlhokofatseng. Mathaio 11:16-30; Luke 1:15; 7:31-35; 1 Yohane 5:3.
◆ Losika lwa ga Jesu lo tshwana jang le bana?
◆ Go ka nna botoka jang mo go Sodoma go na le Kaperename?
◆ Batho ba imelwa ka ditsela dife, mme ke kgololo efe e Jesu a e ntshang?