Go Lemoga Dikgang
Mmala o Motilodi wa Pitse ya Naga
Pitse ya naga e nnile le mmala wa yone o motilodi ka ntlha ya “dingwaga tse di dimilione-milione tsa tlhagelelo,” go bol el a jalo makasine mongwe wa Brithane wa World of Wildlife. Ka baka lang? Borrasaense bangwe ba bolela gore mmala o motilodi o ile wa tlhagelela jaaka wa go ikgakisa go sireletsa phologolo eo mo diphologolong tse di tshelang ka yone. Ntlha eo go lebegang e tshegetsa pono eno ke ya gore mmala ono o motilodi o lebega o ka la mo matlhong fa o o bona o le kgakala. Lefa go nt se jalo, ga se bañ na botlhe ba tsa saense bao ba du melanang le seo. Dr. Gerrie de Graaff, yo e leng mogakolodi wa saense wa makasine wa diphologolo wa Afrika Borwa wa Custos, o bolela jaana: “Ga re kake ra dumalana gore diphologolo di boñ a dilo ka tsela eo re di bonang ka yone.” Go ya ka tsela eo de Graaff a tlhalosang ka yone, o supa gore tsela eo dipitse tsa naga di itshwarang ka yone ga e du malane le kgopolo ya gore di nnile le mmala o motilodi oo gore di ikgakise ka one. Ka ntlha yang? Ka gonne dipitse tsa naga ga di leke go iphitlha jaaka diphologolo tse dingwe di dira tseo di tshelang ka go ikgakisa ka mebala ya tsone. Di tletse loratla ebile di matlhagatlhaga mme di itshenola ka go fula mo mafelong a a atlhameng.
Borrathutotlhagelelo ba bangwe ba akanya gore mebala e metilodi e e bontsho le bosweu ka go farologana e a kala mo matlhong. Go ya ka de Graaff, kgopolo e nngwe ke ya gore “fa ditau di ragoga ga di kgone go tlhaolela e le nngwe kwa thoko ka ntlha ya gore e tlhakana le tse dingwe tse di mo motlhapeng,” lefa “yo mongwe ene a akantsha gore tau e kalwa matlho kana e dira phoso ka seo e akantseng ka sone fela fa e ragoga.” Mme jaaka a akgela, “dikgopolo tseno di a palelwa malebañ a le tsholofelo eo ditau tseo di bolayang dipitse tsa naga di bonalang di na le yone.”
Kwa bokhutlong, de Graaff o dumalana gore, “go fitlha jaanong, tota ga re itse gore ke ka ntlhayang fa pitse ya naga e le tilodi.” Leta go ntse jalo, lebaka la seo le phepafetse mo diithuting tsa Bibela. Mo go Genesise 1:20-25 re bolelelwa gore dibopiwa tsotlhe tsa lefatshe di bopilwe ke Modimo “ka ha ditshikeñ tsa cōna.” Ka ntlha ya seo, mmala o motilodi wa pitse ya naga o bakiwa ke tsela ya tlholego eo e tlhodilweng ka yone. Mmala o o ntseng jalo o motilodi ke bontlhabongwe jwa po po ya Modimo e e gakgamatsang eo dilo di dirilweng ka go farologana ka yone.
Badihedi ba ba Berekang?
Baruti bangwe ba lebeletse go boñ a diphetogo tse dikgolo mo tirong ya bone mo isagweng e e fa gaufi. Seno ke seo moruti mongwe wa Lutere, ebong Jean-Pierre Jornod, a neng a bontsha a amegile ka sone go Reformiertes Forum, eleng lekwalo-dikgang lengwe la Lutere leo le gatisiwang kwa Switzerland. o ne a bolela jaana: “Nka ya bokgakaleng jwa go bolelela pele gore moruti wa ka ngwaga wa 2000 mo makgetlong a le mantsi o tla bo a na le tiro nngwe kwa thoko mo godimo ga kereke ya gagwe.” Ka ntlha yang? O ne a tlatsa jaana: “Eseng fela ka ntlha ya mabaka a madi, mme sa ntlha seo e leng sa konokono e le ka ntlha ya gore morafe o ntse o tlhokela baruti go ya pele bao ba tlhaloganyang botshelo jwa letsatsi le letsatsi.”
Fa a ne a akgela malebana le tlhokafalo eno, Jornod o ne a bolela jaana: “Moruti wa ngwaga wa 2000 e tla bo e le monna kana mosadi yo o tla bong e le setswerere mo kgonong ya go buisana le ba bangwe. Ga ke bolele gore dikereke di tla bo di le lephaka ka nako eo, mme batho bao moruti a batlang go ba fitlhelela ba tla bo ba ikgaogantse le kereke, fela jaaka go batla go ntse jalo le gompieno. Molaetsa wa gagwe, ka gone, o tla tshwanela gore e nne o o utlwalang botoka, o o tlhaloganngwang botoka, le go nna o o tlhamaletseng botoka.”
Go lemosega gore badisa bao ba duelwang ba ne ba sa itsege mo Bokereseteng jwa lekgolo la ntlha la dingwaga. Ka sekai, moaposetoloi Paulo, o ne a itlamela ka dilo tsa gagwe tsa mmele tseo a neng a di tlhoka ka tira ya gagwe ya boitshediso—eleng ya go dira ditente. Go feta moo, o ne a fitlhelela bat ho ka tsela e e nang le matswela thata, ka go ba ruta “mo ponoñ, le ka go nna [a] tsamaea le matlo.” (Ditihō 18:3; 20:20, 21, 33, 34) Go tarologana le baruti ba gompieno ba ba duelwang, bagolwane, kana badisa, bao ba leng mo gare ga Basupi ba ga Jehofa ba santse ba latela sekao sena sa Dikwalo sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga.