Majana A A Benyang A A Tswang mo Lekwalong la Efangele la ga Mathaio
JEHOFA MODIMO o tlhotlheleditse Mathaio yo e neng e le mokgethisi pele gore a kwale kaga botsalo jwa ga Jesu Keresete, botshelo jwa gagwe, loso lwa gagwe, le tsogo ya gagwe. Dipolelo tse di kwadilweng kwa tlase mo mekwalong e le mentsi ya morago ga lekgolo la bo lesome la dingwaga e bolela gore lekwalo leno la Efangele le ile la kwalwa mo e ka nnang ka ngwaga wa borobedi morago ga tlhatlogo ya ga Jesu (mo e ka nnang ka 41 C.E.). Seno ga se ganetse bosupi jo bo fitlhelwang mo teng ga pego eno, gonne e felela ka thomo ya ga Jesu ya gore go dirwe barutwa ka 33 C.E. ebile ga e bolele sepe ka go senngwa ga Jerusalema ke Baroma ka 70 C.E.
Rra-hisitori wa lekgolo la bonè la dingwaga ebong Eusebius o tsopola Papias le Irenaeus ba lekgolo la bobedi la dingwaga le Origen wa lekgolo la boraro la dingwaga go Historia Ecclesiastica (Hisitori Malebana le Kereke) ya gagwe, bao botlhe ba bolelang gore Lekwalo leno la Efangele le kwadilwe ke Mathaio ebile ba bolela gore o le kwadile ka Sehebera. A seno tota e ne e le Searamaika? Eseng go ya ka dikwalo tseo di umakilweng ke George Howard, ebong moperofesara wa bodumedi kwa Yunibesithing ya Georgia. O ne a kwala jaana: “Pelaelo eno e ne ya nna gone segolo-bogolo ka ntlha ya tumelo ya gore Sehebera se ne se sa tlhole se dirisiwa mo Palesetina ka metlha ya ga Jesu mme se ne se tseetswe sebaka ke Searamaika. Memeno ya Lewatle Le Le Suleng e e ileng ya bonwa morago ga moo, eo bontsi jwa yone e kwadilweng ka Sehebera, gammogo le makwalo a mangwe a Sehebera a a tswang kwa Palesetina a lobaka lwa nako ya ga Jesu ka kakaretso, jaanong e bontsha gore Sehebera se ne se santse se le gone go ya go fitlha fela le kwa lekgolong la ntlha la dingwaga.” Kwantle ga pelaelo, Mathaio o ne a kwala Lekwalo leno la gagwe la Efangele a le kwalela gore le solegele Bakeresete ba Bahebera molemo mme gape a ka nna a tswa a ile a le ranolela mo Segerikeng seo se neng se buiwa ka kakaretso.
Re go kgothaletsa gore o bale Lekwalo leno la Efangele la ga Mathaio. Fa re leba majana a sekae a a benyang a a leng mo go lone, tlhokomela tshedimosetso e e oketsegileng eo e tlhalosang pego eno ka phepafalo.
Botsalo le Bodihedi jwa Pele
Lekwalo la Efangele la ga Mathaio le bula ka losika lwa ga Jesu le botsalo jwa gagwe. Fa Maria a ne a fitlhelwa a ithwele, lekau la gagwe leo le neng le mmeeleditse, ebong Josefa, o ne “a nna le mogopolō oa go mo tlhala ka go sa itseweñ.” (1:19) Mme o ne a ka dira jang jalo, ereka ba ne ba beeletsane fela? Mme kana, mo Bajudeng mosadi yo o beeleditsweng o ne a na le maikarabelo a a tshwanang le a mosadi yo o nyetsweng. Fa a ne a ka tlhakanela dikobo le mongwe, o ne a ka nna a kgobotlediwa ka maje jaaka ekete ke moakafadi. (Duteronome 22:23-29) Ka gone ereka go beeletsana go ne go tlama jalo, Josefa o ne a rulaganyetsa gore a tlhale Maria, lemororo go ne go sena modiro ope o ba neng ba tshwaragantswe mo lenyalong ka one.
Dikgaolo tsa ntlha tsa Lekwalo la Efangele la ga Mathaio di na le Thero ya ga Jesu ya kwa Thabeng. Mo go yone, Keresete o tlhagisa gore motho o ne a tla tshwanelwa ke go ikarabela fa pele ga “Kgotlatshekelo-Kgolo” a sekisetswa go bua le mogagabo a dirisa “lefoko lengwe le le makgapha la lonyatso.” (5:22, NW) Go bua ka tsela e e ntseng jalo go ne go tshwana fela le fa motho a ne a bitsa mogagabo a re ke seeleele se se sa itseng sepe.
Mme “Kgotlatshekelo-Kgolo” e ne e le eng? E ne e le Senehederine ya kwa Jerusalema eo e neng e na le maloko a le 71. Ke boitemogelo bofe jo bo neng bo tlhokafala e le gore motho a ke a tshwanelegele go nna leloko la yone? Cyclopedia ya ga McClintock le Strong e bolela jaana: “Modira-kopo o ne a tshwanetse a bo a sena selabe mo boitshwarong le mo mmeleng. O ne a tshwanetse a bo a le mo dingwageng tsa bogareng, a le moleele, e le motho wa maratwa go lejwa, a humile, a rutegile . . . Go ne go batlega gore a bo a itse dipuo tse di farologaneng . . . Batho ba ba tsofetseng thata, basokologela-Sejudeng, baopafadiwa, le Banethenime ba ne ba sa kgone go e tshwanelegela ka ntlha ya mekgwa ya bone e e sa tlwaelegang; le gone badira-kopo ba go tshwana le ba ba senang bana ba ne ba sa tlhophiwe, ka gonne ba ne ba se kake ba tlhaloganya merero ya lelapa . . . ; le bao ba neng ba se kake ba ntsha bosupi jwa gore ke bana ba kafa molaong ba moperesiti, Molefi, kana Moiseraele. . . . Motho yo o tlhophiwang go nna leloko la Senehederine E Kgolo o ne santlha, go batlega gore e bo e le moatlhodi kwa toropong e a tswang kwa go yone; a bo a ile a sutisiwa go tswa moo go ya go Senehederine E Potlana . . . , go tswa foo gape a bo a ile a gatela pele go ya go Senehederine E Potlana ya bobedi . . . pele ga a ka amogelwa jaaka leloko la ya maloko a le masome a a supang le bongwe.”
Jalo Jesu o ne a bolela gore “lefa e le mang yo o buang le wa ga gabo a dirisa lefoko lengwe le le makgapha la lonyatso” o na le molato o o tshwanang le wa motho yo o tshwarwang ke Kgotlatshekelo-Kgolo eno ya Sejuda e bo e mo atlholela loso. Abo seo ke tlhagiso jang ne ya gore re seka ra ja bakaulengwe ba rona direthe! A re thibeng loleme lwa rona e le gore le ka motlha re seka ra tshwanelwa ke go atlholwa ke Kgotlatshekelo E Kgolo Go Di Feta Tsotlhe, fa pele ga ga Jehofa, ebong “Moatlhodi oa lehatshe yeotlhe.”—Genesise 18:25; Yakobe 3:2-12.
Jesu Morutisi Yo O Matsetseleko
Lekwalo leno la Efangele gape le tlhalosa Jesu jaaka morutisi yo o nang le bokgoni jwa go araba dipotso ka matsetseleko. Ka sekai, fa a ne a araba potso nngwe, o ne a tlhalosa lebaka la go bo barutwa ba gagwe ba ne ba sa ikitse go ja. (9:14-17) Go ne go sena lebaka lepe leo ba neng ba ka ikitsa go ja ka lone fa a ne a santse a tshela. Mme jaaka a ile a bolelela pele, ba ne ba ikitsa go ja le go hutsafala fa a ne a swa ka ntlha ya gore ba ne ba sa itse lebaka la go bo a ile a letlwa gore a swe. Lefa go ntse jalo, morago ga ba sena go amogela moya o o boitshepo ka Pentekosete, ba ne ba bona tshedimosetso mme ga ba ka ba tlhola ba ikitsa dijo ka ntlha ya kutlobotlhoko.
Fa Jesu a ne a santse a bua ka sone setlhogo seo, o ne a oketsa ka gore ga go na motho ope yo a keng a bitiele seaparo se se onetseng ka sebata se se kweletlaneng ka gonne ereka se nonofile se dira gore go gagoga goo go kekele. Gape o ne a bolela gore beine e ntšha ga e ke e tshelwa mo mehalong e e onetseng. Mohalo, kana modutwana wa letlalo, e ne e le letlalo le le sugilweng la phologolo go rokilwe matshoba otlhe a lone mme gongwe go tlogetswe le le lengwe fela la leoto. Beine e ntšha fa e bela e ntsha carbon dioxide eo e le dirang gore le ngamoge ka selekanyo se se lekaneng go ka phanya mehalo e e onetseng, e e kwatlaletseng. Ka mo go tshwanang, boammaaruri joo Jesu a neng a bo ruta bo ne bo le maatla thata go ka tsena mo Bojudeng jo bo onetseng ebile bo kwatlaletse. Mo godimo ga moo, o ne a sa leke go betiela kana go etleetsa tsamaiso epe ya bodumedi eo e neng e onetse mmogo le ditlwaelo tsa yone tsa go ikitsa go ja le ditlwaelo tse dingwe. Go na le moo, Modimo o ne wa dirisa Jesu gore a tlhome tsamaiso e ntšha ya kobamelo. Eleruri, he, ga re a tshwanela go dira sepe go tshegetsa mekgatlho ya go tlhakanela tumelo kana go etleetsa bodumedi jwa maaka.
Reetsa Kgakololo E E Tswang go Morwa Modimo
Go ya ka pego ya ga Mathaio ya fa Jesu a ne a fetoga ponalo, Modimo o ne wa mmitsa Morwawe yo a mo amogelang a bo a bolela gore re tshwanetse ra mo reetsa. (17:5) Ka gone re tshwanetse ra reetsa kgakololo yotlhe ya ga Keresete, e e ntseng jaaka tlhagiso ya gore lefa e le mang yo o kgopisang motho mongwe yo o dumelang mo go ene go tla nna botoka fa a ka latlhelwa mo lewatleng a gokeletswe lelwala le legolo mo thamong ya gagwe. (18:6) Letlapa leno e ne e le la mofuta mang? E ne e se le lebotlana, ka gonne Jesu o ne a raya lelwala le le nnang kwa godimo le le bogolo jwa dimitara di le 1,2 go ya go di le 1,5 ka molagare wa lone. Go ne go batlega phologolo e e nonofileng gore e le dikolose mo godimo ga le legolo le le kafa tlase ga lone. Ga go na ope yo a neng a se kake a swa mo lewatleng a gokeletswe selo se se boima jalo mo thamong ya gagwe. Tota, he, Jesu o ne a re gakolola gore re tile molato wa go kgopisa ope wa balatedi ba gagwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana ka maikaelelo a a tshwanang le ao: “Go le go ya nama, go le go nwa boyalwa yoa mofine, le gotlhe mo oa ga eno o kgopiwañ ka gōna, go molemō go kgaogana nagō.”—Baroma 14:21.
Morwa Modimo o ne a neela kgakololo e e seng ya ka tlhamalalo fa a ne a re go latlhega bakwadi le Bafarasai a bo a bolela gore ba ne ba tshwana le diphupu tse di sweufaditsweng. (23:27, 28) Go sweufatsa diphupu le mabitla e ne e le selo se se tlwaelegileng e le gore batho ba seka ba di ama ka phoso mme ba itshekologa. Fa Jesu a ne a lebisa go tlwaelo eno, o ne a bontsha gore bakwadi le Bafarasai ba ne ba lebega kafa ntle ekete ba siame mme ba “tletse boitimokanyo, le boikèpō.” Fa re reetsa kgakololo e e bolelwang ke seno seo se tla re dira gore re tile go nna bolalome mme gore re dire dilo ka “tumèlō e e senañ boitimokanyō.”—1 Timotheo 1:5; Diane 3:32, NW; 2 Timotheo 1:5.
Motlhoma-Sekao wa Rona Mmoloka-Bothokgami
Fa Mathaio a fetsa go bega ka boperofeti jwa ga Jesu yo bo malebana le ‘sesupo sa go tla ga gagwe,’ Mathaio o bolela ka go okwa ga ga Keresete, go tshwarwa ga gagwe, go sekisiwa ga gagwe, loso lwa gagwe, le tsogo ya gagwe. Fa Jesu a ne a le mo mokgorong, o ne a gana beine eo e neng e tlhakantswe le santlhokwe, eleng motswako o o dirang gore o swe segatsu. (27:34) Basadi ba ne ba atisa go siela dinokwane beine e e ntseng jalo go okobatsa setlhabi sa go bapolwa. Mareko 15:23 e bolela gore beine eo e ne e “tlhakancwe le mera,” eo e neng e tla dira gore e nne monate. Kafa go bonalang ka gone, beine eo e Keresete a neng a e gana e ne e na le santlhokwe le mera. Fa a ne a fitlhelela setlhoa sa tirelo ya gagwe ya mo lefatsheng, o ne a sa batle go neelwa diokobatsi kana go dirwa gore a latlhegelwe ke tlhaloganyo. Jesu o ne a batla go nna a thantse e le gore a ke a ikanyege go isa losong. Jaaka Motlhoma-Sekao wa rona, ekete ka metlha re ka amega ka gore re boloke bothokgami jwa rona go Jehofa Modimo.—Pesalema 26:1, 11.