Ke Kae Kwa O Yang Teng Fa O Batla Kgakololo?
A MONGWE o kile a go naya madi ao e seng a mmatota? Gongwe ga go ise go ko go nne jalo, mme o ne o tla itshwara jang fa mongwe a ne a go bolelela gore bangwe ba tshotse madi ao e seng a mmatota? A o ne o tla tenega? O ne o sa kake! O ne o tla itumelela go bo o ile wa tlhagisiwa mme o ne o tla nna kelotlhoko gore o seka wa ananya madi a gago a o a bereketseng bokete, ao e leng a mmatota ka a e seng a mmatota.
Bontsi jwa rona bo amogela kgakololo kana ditlhagiso gangwe le gape. Ke boammaaruri gore dingwe tsa ditlhagiso di na le mosola go gaisa tse dingwe. Mme lefa re ka ne re sa bone kgakololo nngwe e re solegela molemo ka namana, a seo se re naya lebaka la go tenegela go bo re e neelwa?
Boammaaruri ke gore, mongwe le mongwe o tlhoka thuso gammogo le kgakololo gangwe le gape. Ga go ope yo o nang le tharabololo ya sengwe le sengwe. Ereka maemo a itsholelo le a sepolotiki ao re leng mo go one a sa tlhomama, mongwe le mongwe o tlhoka tsholofelo e e tiileng kaga isagwe. Mo lefatsheng leno leo mo go lone mo e ka nnang sephatlo sa manyalo se felelang ka tlhalo, le leo mo go lone go ima ga basha go leng gontsi, le leo mo go lone malwetsi ao a tshelanwang ka tlhakanelo-dikobo a anameng, go tlhokega kaelo e e lekalekaneng, e e nang le mosola ka potlako. Batsadi ba tlhoka thuso mo go batleng tsela e e molemo ya go godisa bana ba bone mo tsamaisong eno ya dilo e e tlhakanyang tlhogo. Basha ba tlhoka thuso mo go rarabololeng maikutlo a bone a a lwantshanyang gammogo le dikgatelelo tseo di ka lebegang di ba fekeetsa. Mongwe le mongwe o tlhoka thuso mo go boneng botlhokwa jwa boitsholo jo bo nang le mosola mo lefatsheng leno leo mo go lone go sa ikanyegeng, boitsholo jo bo sa siamang, le thubakanyo di tswelelang go lejwa di siame.
Thuso ya go nna jalo e ka bonwa kae? Motswedi o o molemo go gaisa wa kgakololo mo botshelong ke Bibela, Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo. Mopesalema wa bogologolo o ne a kwala jaana: “Lehoko ya gago ke lobōnè loa dinaō tsa me, le lesedi ya tsela ea me.” (Pesalema 119:105) Bao ba balang ba bo ba dirisa Lefoko la Modimo ba tila bontsi jwa mamena ao a leng gone gompieno. Leo ke lengwe la mabaka ao Basupi ba ga Jehofa ba senyang dimilione tse di makgolokgolo tsa dioura ngwaga le ngwaga ba etela baagelani ba bone ba ya go tlotla Bibela le bone. Lefa go le jalo, bontsi jwa batho ga bo reetse, ebile ba bangwe ba a tenega. Ke ka ntlhayang fa go ntse jalo?
Ke Ka Ntlhayang Fa Batho Bangwe Ba Sa Batle go Amogela Megopolo E Sele?
Ebu, batho ba le bantsi ba kgopisega motlhofo fela fa ba newa kgakololo, segolo bogolo mo kgannyeng ya bodumedi. Maloko a dikereke le one ga se gantsi a batlang go reetsa kgakololo eo baruti ba bone ba e ba nayang. Moruti mongwe wa Boritane o ne a bua jaana ka khutsafalo: “Mongwe le mongwe o na le megopolo ya gagwe ebile e tsewa e siame fela jaaka ya moruti.” Ka gone, ga go gakgamatse go bo batho ba sa batle go reetsa motho yo ba sa mo itseng yo o ba etetseng.
Mo godimo ga moo, lemororo re tshela mo motlheng wa ketsaetsego, batho ba le bantsi ba santse ba tshwaragane fela thata le dikereke tsa bone, ebile ba di rata fela thata. Fela jaaka saetlopedia nngwe e ile ya lemotsha, “batho ba ba senang palo ba santse ba amega ka bodumedi fela thata.” Batho ba go nna jalo ba ka nna ba se ka ba bona go le botlhokwa go buisana le mongwe wa bodumedi bo sele ka Bibela, le eleng fa puisano ya go nna jalo e amana le go bona tharabololo ya mathata ao e leng a bone.
Ba bangwe ga ba batle go tlotla ka Bibela ka gonne ba bone boitimokanyo jo bontsi le bosula mo bodumeding. Ba tenwa ke go bo baeteledipele bangwe ba bodumedi ba mpampetsa boitsholo jo bo sa siamang, kana ba ferosiwa sebete ke bogagapa jwa baefangele ba bantsi ba thelebishene bao ba senang ditlhong. Gongwe ga ba kgatlhiwe ke fa moruti mongwe a dirisa taolo eo a nang nayo go ema nokeng letlhakore le lengwe mo kgaisanong ya sepolotiki. Mo go bone, go lebega bodumedi bo tsosa mathata a a fetang ao bo a rarabololang.
Mathata a batho ba go nna jalo ba ngongoregang ka one ke a mmatota. Fa re bua ka tsela ya sedumedi, go na le batho ba le bantsi bao ba tshotseng “madi ao e seng a mmatota.” Mme eleruri, go gana go amogela thuso eo e nang le mosola e e tswang mo Bibeleng ka ntlha ya lebaka leno go tshwana fela lefa motho a gana go amogela madi a mmatota ka gonne batho bangwe ba tshotse madi a dipampiri ao a seng a mmatota!
Mme fela jaaka go setse go umakilwe, rotlhe re tlhoka kgakololo mo lefatsheng leno leo mo go lone go leng thata go dira tlhopho le leo le nang le maemo a a kotsi. A go na le tsela eo motho a ka gakololwang ka botlhale mo kgannyeng ya go amogela kgakololo ka yone? A ga go tlhokafale kana ebile a go phoso go buisana le motho wa bodumedi bo sele ka Bibela? A go ka kgonega gore o nne le mogopolo o o bulegileng mo o ka kgonang go amogela kgakololo e e molemo lefa go le jalo o sa tsiediwe ka kgakololo nngwe ya tsietso? Bibela ya reng kaga seno?