Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◼ Baitseanape ba bolela gore dinaledi tse dingwe di a sha kana di a thunya, jalo ke ka ntlhayang fa Isaia 40:26 e bolela gore ‘ga go naledi epe e e sa bonaleng’?
Jehofa fano ga a bue ka gore a o letlelela dinaledi go nyelela kana nnyaa. O gatelela bogolo jwa botlhale jwa gagwe le nonofo.
Moperofeti Isaia o ne a bolelela Kgosi Hesekia ka tlhagiso ya Modimo ya gore Bababelona ba ne ba tla isa Bajuda botshwarwa. (Isaia 39:5-7) A Bababelona ba ne ba tla kgona go tshwara batho ba Modimo goyagoile? Nnyaa. Jehofa o ne a sa ikaelela fela go ba golola morago ga dingwaga tse 70 mme o ne a tla go dira. Go ne go sena sepe seo se neng se ka kgoreletsa yo O kgonang go “[lekanya] metse mo khutiñ ea seatla sa gagwè, a lekanya legodimo ka go paralatsa menwana ea gagwè.” O ne a ka seka a botsa motho ope, ka go bo “merahe e nntse yaka lerothodi ya nkgwana hèla” mo go ene. (Isaia 40:12-17) Go gatelela bogolo jwa gagwe jo bo gakgamatsang, Jehofa o gogela tlhokomelo mo nonofong ya gagwe e e bonalang mo lobopong, eo Hesekia a neng a e dumela pelenyana. (Isaia 37:16, 17) Modimo o ne wa bua jaana:
“Hoñ, loa bo lo ka nchwantsha le mañ, ha ke ka lekana naè? go bua Moitshepi. Kalèlañ matlhō a lona godimo, me lo bōnè eo o tlhodileñ dilō tse, eo o bolotsañ leshomōshomō ya cōna ka palō; o di bitsa cotlhe ka maina; ke ka bogolo yoa nonohō ea gagwè, le ka go bo a nonohile mo thateñ, ha go se sepè se se tlhōkahalañ.”—Isaia 40:25, 26.
Baitseanape ba akanya gore go na le diketekete tsa dimilione tsa dinaledi mo lesomong la rona la Milky Way, mme go na le masomo a dinaledi a le dikete tse di lekgolo. Lefa go le jalo, Modimo o itse nngwe le nngwe ya dinaledi tseno ka leina, e le leina la yone e le nosi kana leina la boemo jwa yone, gongwe ka puo ya bomodimo. O laola seemo sa tsone. Fela jaaka mogenerala a kgona go laola ditlhopha tsa masole, Jehofa o kgona go laola dinaledi. Fa e le gore o ne a dira jalo, ga go epe e e neng e ka ‘nyelela.’ Ereka a itse boemo jwa naledi nngwe le nngwe, le eleng fa dingwe tsa tsone di nyelela ka tlholego fela, seno ga se gakgamatse go Yoo a itseng sotlhe seo se diragalang.—Bapisa Isaia 34:16.
Balepa-dinaledi le borasaense ba akanya gore dinaledi di a sha kana di a thunya. Mo go Red Giants and White Dwarfs, Robert Jastrow o bolela gore seno se ka diragala jang: “Mo teng ga . . . naledi go na le mogolagang wa go tlhakana ga dikhemikale tsa nuklea go go nnang gone, goo mo go gone dibopa-lobopo di ileng tsa bopiwa ka sere sa motheo, eleng hydrogen. Kgabagare go tlhakana gono ga dikhemikale go a fela, mme botshelo jwa naledi bo a khutla. Ka e sena nonofo eno ya nuklea mo go yone, e a wa, mme kwa morago go nne le thunyo, eo e gasetsang dilo tseo di neng di le gone mo teng ga naledi fa e santse e tshela mo lefaufaung.”
Go akanngwa gore dinaledi tse dingwe, tseo di dirisitseng hydrogen yotlhe ya tsone, di fetoga dilo tse dikgolo tse dikhibidu mme di bo di fetoga go nna dilonyana tse dinnye kana tseo di ntshang lesedi le legolo, dingwe tsa tseo kwa bokhutlong di felelang jaaka dinaledi tseo di senang hydrogen kana, se go bolelwang fa e le mesima e megolo e e lefifi.
Lefa ditlhaloso tseo di amogelwa ke batho ba bantsi, go ka nna ga bo go santse go tla utlwiwa se eleng boammaaruri; go ka nna ga bo go santse go ithutiwa go le gontsi. Ka sekai, akanyetsa dintlha tseo di neng tsa buiwa ke The New York Times ya January 24, 1989: “Baitseanape ba dumela gore ba setse ba le gaufi le go dira diphitlhelelo tse dikgolo kaga ‘metlha e e sa itsiweng’ ya lobopo, go tloga ka nako ya botlhokwa thata ya metsotso e meraro morago ga go simologa ga popo go fitlha fa go setse go na le masomosomo a magolo a dinaledi. . . . Ereka ba na le bosupi jo bonnye fela jaana jo bo tlhamaletseng, tshimologo ya popo e gakgamatsa baitseanape mo gogolo. James S. Trefil, rasaense wa George Mason University kwa Fairfax, Va., o kwadile jaana: ‘Bothata jwa go tlhalosa go nna gone ga masomosomo a dinaledi bo ne jwa itshupa bo le jo bo sa jeseng monate mo boithuta-lobopong. Ka ditsela tsotlhe, ga di a tshwanela go bo di le teng, mme lefa go le jalo di gone.’”
Setlhogo seo se ne sa tlotla ka seo se ka tswang se diragetse mo “metsotsong e meraro” eo, jaaka go tlhalosa rasaense wa molepa-dinaledi Dr. John Mather. Lefa go le jalo, re bala jaana: “Dr. Mather, fa a lemoga gore mmotsolotsi o ntse a tlhakanela tlhogo kwa pele, o ne a kgaotsa polelo ya gagwe kaga seo go akanngwang gore se diragetse ka lobopo seo se amogelwang ka kakaretso ka go re, ‘Legale, ke rona re itlhametseng seno sotlhe,’ se se rayang gore ke go tlhalosiwa ga dikgopolo tse di thailweng mo dilong tse go akanngwang gore di boammaaruri.”
Ee, baitseanape ba batho ga ba itse go le kalo ka seo eleruri ba se itseng kana ba ka se itseng. Lefa go le jalo, abo go farologane jang ne ka Mmopi. Eleruri go mo itse le go itse maatla a gagwe a magolo go tshwanetse go re dira gore re mmoife. Mopesalema o ne a bua jaana ka tshwanelo: “O bolèla palō ea dinaledi; o di raea maina cotlhe hèla. Yehofa oa rona o mogolo, o senatla mo nonohoñ; tlhaloganyō ea gagwè ke mo go senañ kankabeco. . . . Bakañ Yehofa.”—Pesalema 147:4, 5, 20.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]
NASA photo