Ka moo Tshebo E E Senyang e ka Thibelwang ka Gone
“Yehofa a u ko o beè tebèlō ha pele ga molomo oa me; disa secwalō sa dipounama tsa me.”—PESALEMA 141:3.
1. Boboko jo re bo filweng ke Modimo bo nonofile go le kana kang?
JEHOFA o re file boboko, mme abo bo gakgamatsa jang ne! Buka The Incredible Machine e bua jaana: “Le eleng dikhomputara tse di raraaneng fela thata tse re ka di bonang ga se sepe fa di bapisiwa le boboko jwa rona jo bo raraaneng ka mo go sa rarololweng le jo bo fetofetogang . . . Dimilione tsa melaetsa tse di romelwang ke boboko jwa gago ka nako epe fela di rwele tshedimosetso e kgolo fela thata. E itsise ka boemo jwa mmele kafa teng le ka kwantle . . . Mme jaaka melaetsa e ntse e rarolola le go tlhatlhoba tshedimosetso, e dira gore o ikutlwe ka tsela nngwe, o gakologelwe dilo dingwe, o akanye, kana e dira dithulaganyo tse di ka dirang gore o dire ditshwetso. Melaetsa eno e bolelela dikarolo tse dingwe tsa mmele seo di tshwanetseng go se dira ka bonako jo bo gakgamatsang . . . Ka yone nako eo boboko jwa gago bo a bo bo ntse bo tlhokometse go hema ga gago, tsamao ya madi a gago, mogote wa mmele, le dilo tse dingwe gape tse di tlhokegang o sa lemoge.”—Tsebe 326.
2. Ke potso efe eo re tshwanetseng go e sekaseka jaanong?
2 Eleruri, neo e e gakgamatsang eo ya Modimo ga e a tshwanela go dirisiwa jaaka faki ya matlakala kana kane ya matlakala. Lefa go le jalo, re ka nna ra se dirise boboko jwa rona sentle ka go reetsa le go gasa tshebo e e senyang. Re ka tila puo e e ntseng jalo le go thusa ba bangwe go tila go tsenelela mo go yone jang?
Anaanela Boboko jo o bo Filweng ke Modimo
3. Ke ka ntlhayang fa Mokeresete wa boammaaruri a ka seka a tsenelela mo puong e e senyang?
3 Go anaanela boboko jo re bo filweng ke Modimo go tla re thibela go reetsa tshebo e e senyang gammogo le go e phatlalatsa. Moya wa ga Jehofa ga o kake wa tlhotlheletsa ope go tlatsa tlhaloganyo ya gagwe ka dikgopolo tse di ntseng jalo le go dirisa loleme lwa gagwe go utlwisa yo mongwe botlhoko. Go na le moo, Lefoko la Modimo la re: “A moikepi a latlhè tsela ea gagwè, le motho eo o sa siamañ kgopolō tsa gagwè.” (Isaia 55:7) Boboko jwa motho yo o bosula bo tletse ka dikgopolo tse di bosula, mme o bonako go pateletsa basiami. Mme ga re kake ra lebelela puo e e ntseng jalo go bao ba anaanelang boboko jo ba bo filweng ke Modimo.
4. Fa re anaanela boboko jwa rona le nonofo ya rona ya go bua, re tla dirisa tlhaloganyo le maleme a rona jang?
4 Go anaanela ka tshwanelo go tla re thusa go tila go dirisa tlhaloganyo ya rona le maleme a rona go direla nama ya rona e e boleo. Go na le moo, re tla nna re ntse re akanya le go bua dilo tse di tsholetsegileng. Re ka tila tshebo e e senyang ka go ikaega ka thapelo ka Yoo dikgopolo tsa gagwe di leng kwa godimo ga tsa rona fela thata. Moaposetoloi Paulo o ne a kgalema jaana: “Dilō cotlhe tsa boamarure [tse eseng tsa maaka kana tse di pateletsang], dilō cotlhe tse di chwanetseñ go tlotlwa [eseng tse di nyatsegang], dilō cotlhe tse di itshekileñ [eseng tse di bosula le tse di senyang], dilō cotlhe tse di ratègañ [eseng tsa letlhoo le tse di nyenyefatsang], dilō cotlhe tse di bolèlwañ ka molemō [eseng tse di leswe]; ha go na le molemō moñwe [eseng bosula], me ha go na le pakō [eseng go senngwa], lo gopolè dilō tse.”—Bafilipi 4:8.
5. Ke eng seo badumedi-ka-ene ba neng ba se bona le go se utlwa kaga moaposetoloi Paulo?
5 Paulo o ne a oketsa jaana: “Dilō tse lo di ithutileñ, loa ba loa di amogèla, loa ba loa di utlwa, loa ba loa di bōna mo go nna, dilō tseuō, lo di dihè; me Modimo oa kagishō o tla nna le lona.” (Bafilipi 4:9) Batho bangwe ba ne ba bone le go utlwa eng kaga Paulo? Dilo tse di neng di le molemo le tse di neng di aga mo semoyeng. Ga a ka a tlatsa ditsebe tsa bone ka tshebo kaga Lidia kana Timotheo. O ka tlhomamisega gore Paulo o ne a sa reetse kana le eleng go phatlalatsa dilo tse di seng boammaaruri ka banna ba bagolo ba kwa Jerusalema.a Go bonala gore go tlotla ga gagwe tlhaloganyo eo a e filweng ke Modimo go ne ga thusa Paulo go itisa gore a seka a tlhakanela mo tshebong e e senyang. Re tla bo re etsa sekao sa gagwe fa eleruri re ka anaanela boboko le maleme ao Jehofa a re a neileng.
Go Tlotla Modimo le Lefoko la Gagwe
6, 7. (a) Jakobe o ne a bontsha jang seo loleme loo lo akang lo se dirang? (b) Ke eng seo se tla sekang se diragala fa re tlotla Modimo le Lefoko la gagwe?
6 Go tlotla Modimo le Lefoko la gagwe le le Boitshepo go tswa mo pelong go tla re thusa gape go thibela tshebo e e senyang. Eleruri, tlotlo e e ntseng jalo e tla re tlhotlheletsa go reetsa kgakololo ya ga morutwa Jakobe, yo a neng a kgalema ka loleme. (Yakobe 3:2-12) Fa motho a ne a ka kgona go laola loleme lwa gagwe, o ne a ka kgona go kganela mmele otlhe wa gagwe, le eleng fela jaaka pitse e ka laolwa ka tshipi ya ditomo fa e tsentswe mo molomong wa yone. Fela jaaka tlhase e nnye e ka tshuba sekgwa sotlhe, jalo loleme lo lonnye lo ka tlhosetsa molelo o o ka tshubang botshelo jwa motho. Motho o kgona go kgwabofatsa diphologolo tsa naga, dinonyane, digagabi, le ditshedi tsa lewatle, “me loleme lōna, ga go na motho opè eo o ka lo tantshañ,” go buile jalo Jakobe. Lefa go le jalo, seo ga se seipato sa go sa dire maiteko a go thibela tshebo e e senyang.
7 Jakobe o ne a bolela gape gore loleme lo ka segofatsa lwa bo lwa hutsa ka molomo o le mongwe. Seno ga se a tshwanela, ka go bo mogobe ga o kake wa ntsha metsi a a monate le a a galakang. Setlhare sa mofeige ga se kake sa ntsha maungo a diolefa, le metsi a a letswai ga a kake a ntsha metsi a a monate. Legale, fa Bakeresete ba santse ba sa itekanela, loleme lo tla nna lo ntse lo sa kgonwe go laolwa ka botlalo. Seno se tshwanetse go re tlhotlheletsa go utlwela bao ba re diretseng diphoso botlhoko fa ba ikwatlhaya, lefa seno se sa tshwanela go nna seipato sa go seba. Fa ka boammaaruri re tlotla Modimo le Lefoko la gagwe ga re kitla, ka mo re ka kgonang ka gone, re dirisa loleme ka mo go sa siamang le ka mo go bolayang.
Ka moo Thapelo e ka Thusang ka Gone
8. Thapelo e ka re thusa go thibela tshebo e e senyang jang?
8 Go raelesega go reetsa tshebo e e utlwisang botlhoko le go e phatlalatsa go ka tla go nonofile fela thata. Jalo fa o kile wa ineela mo thaelong e e ntseng jalo mo nakong e e fetileng, a ga o a tshwanela go kopa Modimo gore o go itshwarele o bo o go thuse? Jesu o ne a re ruta go rapela jaana: “U se ka ua re isa mo thaeloñ, me u re gololè mo go eo o boshula.” (Mathaio 6:13) Bakeresete bao ka tlhoafalo ba rapelang Modimo gore o seka wa ba tlogelela go raelwa ke puo e e bosula ga ba kake ba ineela mo maanong ano a ga Satane; ba tla gololwa mo mopateletsing yo mogolo yono.
9. Fa re raelesega go pateletsa mongwe, re ka rapela jang?
9 Fa re raelesega go pateletsa ope fela, re ka nna ra rapela jaana: “Yehofa a u ko u beè tebèlō ha pele ga molomo oa me; disa secwalō sa dipounama tsa me.” (Pesalema 141:3) Re ka senya tebelelo ya rona ya botshelo jo bo sa khutleng ka go ineela go raelwa go etsa Diabolo yo e leng mopateletsi yo o letlhoo, yo o akang, le yo o bolayang. (Yohane 8:44) Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Eo o ilañ mogagabō ke mmolai: me lo itse ha go se mmolai opè eo botshelō yo bo sa khutleñ bo nntseñ mo go èna.”—1 Yohane 3:15.
Lorato lo Nyeletsa Tshebo
10. Go na le go seba ba bangwe, ke eng seo re se ba kolotang?
10 Rotlhe re kolota ba bangwe sengwe, mme ga re ba kolote letlhoo leo le tlisang tshebo e e senyang. “Lo se ka loa nna molato le opè, ha e se go ratana hèla,” Paulo o ne a kwala jalo. (Baroma 13:8) Re tshwanetse ra duela molato oo letsatsi le letsatsi go na le gore re bue maswe ka ba bangwe ka go ba senya leina. Fa re iphaka gore re rata Jehofa, ga re kake ra pateletsa badumedi-ka-rona, ka go bo “eo o sa rateñ mogagabō eo o mmōnañ ka matlhō, ga a kake a rata Modimo o a e señ a o bone.”—1 Yohane 4:20.
11. Setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi se ka re dira gore re akanye jang mabapi le tshebo e e utlwisang botlhoko?
11 Tlhokomela setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi. Ba seka-dipodi ba ne ba bolelelwa gore seo ba se diretseng bakaulengwe ba ga Keresete se ne se tshwana fela le fa ba ne ba se diretse ene. A o ne o ka seba Keresete? Fa e le gore o ne o ka seka wa bua maswe ka Morena le Mong wa gago, he o seka wa tshwara bakaulengwe ba ba tloditsweng ka tsela eo. O seka wa dira phoso e dipodi di neng tsa e dira, tseo di “tla ea[ng] mo pecoñ e e sa khutleñ.” Fa o rata bakaulengwe ba ga Jesu, bontsha seo ka se o se buang ka bone.—Mathaio 25:31-46.
12. Diane 16:2 e botlhokwa jang, mme e tshwanetse go ama dikgopolo, ditiro, le puo ya rona jang?
12 Fa e le gore motho mongwe o ne a batla go dira dikakgelo tse di sa kgatlheng ka rona, o ne a ka nna le go le gontsi go a neng a ka go bua, ereka rotlhe re le baleofi re bile re tlhoka setlhabelo se se gololang sa ga Jesu. (1 Yohane 2:1, 2) Legale, re ka nna ra akanya gore re dira sentle. “Ditsela cotlhe tsa motho di dintlè mo matlhoñ a gagwè: me Yehofa o lekanya bokete yoa meōea.” Dilekanyo tsa ga Jehofa ga di sekamisiwe ke go rata kana go tlhaola. (Diane 16:2; Ditihō 10:34, 35) O lekanya meya ya rona, o bona boemo jwa rona le dilo tse di re tlhotlheletsang go akanya, go dira, le go bua. Ka boammaaruri, he, ga re kake ra batla gore Modimo o re fitlhele ka phoso re iteba re le phepa mme re leba ba bangwe ba se phepa ba bile ba tshwanelwa ke dikakgelo tsa rona tse di utlwisang botlhoko. Jaaka Jehofa, ga re a tshwanela go tlhaola, mme re tshwanetse go nna kutlwelobotlhoko le lorato.
13. (a) Ke jang ntlha ya gore “loratō lo ichōka ka pelotelele, lo pelonomi” e ka re thusang go thibela tshebo e e senyang? (b) Ke eng seo se tla re thibelang go bua sepe kgatlhanong le mongwe yo a bonang tshiamelo epe fela ya tirelo eo re senang yone?
13 Go dirisa seo Paulo a se boletseng mo go 1 Bakorintha 13:4-8 go ka re thusa go fedisa ditshebo tse di senyang. O kwadile jaana: “Loratō lo ichōka ka pelotelele.” Kgaitsadi yo a bogisiwang mo lelapeng le le kgaoganeng a ka nna a seka a re dumedisa a itumetse. Kana bangwe ba ka tswa ba le bonya mo mmeleng, gongwe e le ka ntlha ya go sa itekanelang sentle. A lorato ga lo a tshwanela go re tlhotlheletsa gore re nne pelotelele le pelonomi mo bathong bao go na le gore re ba tlhasele ka tshebo re ba tshwaya diphoso? ‘Lorato ga lo pelotshetlha, ga lo ikgantshe, ga lo mabela.’ Ka gone fa Mokeresete mongwe a bona tshiamelo nngwe ya tirelo eo re senang yone, lorato lo tla re thibela go bua kgatlhanong le ene kana go akgela ka gore ga a tshwanele tirelo eo. Lorato gape lo tla re thibela go se nne mabela re dira jalo ka tshebo ka dilo tse re di fitlhelelang, puo eo e ka nnang ya tshwenya ditlhaloganyo tsa bao ba senang tshiamelo e e ntseng jalo.
14. Ke eng seo gape se leng gone ka lorato seo se tla amang seo re se buang ka ba bangwe?
14 Paulo o ne a bolela gape go re ‘lorato ga lo ko lo dira ka mo go sa tshwanelang, ga lo ipatlele tsa lone fela, ga lo ko lo gakatsega, kana lo sa itshwarele.’ Go na le go bua ka dilo tse e seng tsa Bokeresete ka mo go sa tshwanelang, re tshwanetse go letla lorato go re tlhotlheletsa go bua ba bangwe sentle le go tlhokomela dikgatlhego tsa bone. Lo tla re boloka re sa gakatsege le go bua maswe ka batho ba bangwe ka dilo tse di gobatsang tseo di leng tsa mmatota kana lefa e le tse di ikakanyeditsweng fela. Ereka lorato ‘lo sa itumelele tshiamololo, mme lo itumelela boammaaruri,’ lo re thibela go tsenelela mo tshebong e e senyang le eleng le go seba baganetsi fa ba diragalelwa ke dilo tse di sa siamang.
15. (a) Re tshwanetse go amiwa jang ke ntlha ya gore ‘lorato lo dumela le go solofela dilo tsotlhe’? (b) Ke dikarolo dife tsa lorato tse di ka re thusang go ngaparela phuthego ya ga Jehofa le eleng le fa ba bangwe ba bua kgatlhanong le yone?
15 Lorato ‘lo dumela le go solofela dilo tsotlhe’ tseo di fitlhelwang mo Lefokong la Modimo mme lo re tlhotlheletsa go anaanela dijo tsa semoya tseo re di newang ke setlhopha sa “motlhanka eo boikañō,” go na le go reetsa dipuo tseo di pateletsang tsa batenegi ba ba akang. (Mathaio 24:45-47; 1 Yohane 2:18-21) Ereka ‘lorato lo itshokela dilo tsotlhe ebile lo se ke lo tlhaela,’ seo se tla re thusa gape go nna re ikanyegile mo phuthegong ya Modimo le eleng le fa “bakauleñwe ba e señ bōnè” kana ba bangwe ba bua kgatlhanong le yone kana maloko a yone.—Bagalatia 2:4.
Tlotlo e Thibela Tshebo
16. Paulo o ne a tshwarwa jang ke bakaulengwe ba eseng bone ba kwa Korintha?
16 Go tlotla badumedi-ka-rona le gone go thusa go thibela tshebo e e ka utlwisang motho botlhoko. Ereka Modimo o ba amogela, eleruri ga re a tshwanela go ba senya leina. A le ka motlha re seka ra nna jaaka “bakauleñwe ba e señ bōnè” bao Paulo a neng a kopana le bone. Kwantle ga pelaelo, ba ne ba bua dilo tse di bosula kaga gagwe. (2 Bakorintha 11:26) Batenegi le bone ba tshwanetse ba bo ba ne ba mo seba. (Bapisa Yude 3, 4.) Batho bangwe kwa Korintha ba ne ba bua jaana: “Dikwalō tsa gagwè di boima, di thata; me ha a le ha sebele sa gagwè, o ba a le bokōa, le puō ea gagwè e be e se epè.” (2 Bakorintha 10:10) Batho ga ba kake ba dira dikakgelo tse di ntseng jalo ka bao ba ba ratang.
17. Dioterefese o ne a bua mafoko afe ka moaposetoloi Johane?
17 Tlhokomela moaposetoloi Johane, yoo Dioterefese a neng a bua kgatlhanong le ene. “Nkile ka kwalèla phuthègō lehoko leñwe,” ga bua jalo Johane, “me Dioterefese, eo o eletsañ ea bo e le èna tlhōgō mo go bōnè, ga a re chole. Me ke gōna, ha ke ka ea koñ, ke tla gakologelwa ditihō tsa gagwè tse o di dihañ, ka a nntse a re balabalèla ka mahoko a a boshula.” (3 Yohane 9, 10) Go balabala go go ntseng jalo e ne e le kgang e e masisi fela thata, mme fa e le gore re reetsa kana re phatlalatsa dipuo tse di ntseng jalo gompieno, re tshwanetse go emisa go dira seo ka bonako.
18. Demeterio o ne a farologana jang le Dioterefese, mme pharologano eno e ka ama boitsholo jwa rona jang?
18 Fa a kgothaletsa go tlotla ba ba siameng, Johane o ne a raya Gaio a re: “U se ka ua etsa se se boshula, ha e se se se molemō hèla. Eo o dihañ molemō ke oa Modimo: eo o dihañ boshula ga a e se a bone Modimo. Demeterio o na le chupō ea batho botlhe, le ea yōna boamarure ka yosi: E, le rona rea shupa; me ua itse ha chupō ea rona e le boamarure.” (3 Yohane 1, 11, 12) Mongwe le mongwe wa rona a ka nna a ipotsa jaana: A ke Dioterefese yo o balabalang kana ke Demeterio yo o ikanyegang? Fa e le gore re tlotla badumedi-ka-rona, ga re kake ra dira dikakgelo tse di phoso ka bone, re naya ba bangwe lebaka la go re leba jaaka babalabadi.
19. Bakaulengwe ba eseng bone ba ne ba leka go senya C. T. Russell leina jang?
19 Bakaulengwe ba eseng bone ba ne ba se mo lekgolong la ntlha la dingwaga fela. Ka bo-1890, batho bangwe ba ba boikepo bao ba neng ba kopanela le phuthego ya Modimo ba ne ba leka go laola Mokgatlho wa Watch Tower. Ba ne ba dira morero kgatlhanong le Charles Taze Russell, ba leka go fedisa boemo jwa gagwe jaaka mookamedi wa ntlha wa Mokgatlho. Morago ga go rerwa ka dingwaga tse di ka nnang pedi, morero oo o ne wa senoga ka 1894. Ditatofatso tsa maaka di ne di remeletse mo go sa ikanyegeng mo go neng go bolelwa ga ga Russell mo kgwebong. Dingwe tsa ditatofatso tse dinnye di ne di bontsha boikaelelo jwa ba ba neng ba mo pega molato—go senya C. T. Russell. Bakeresete ba ba tekatekano ba ne ba sekaseka kgang eno mme ba mo fitlhela a se phoso. Ka gone, maano ano a go “senya Mr. Russell le tiro ya gagwe” a ne a seka a atlega. Jalo, fela jaaka Paulo, Mokaulengwe Russell o ne a senngwa ke bakaulengwe ba eseng bone, mme teko eno e ne ya lejwa e le maano a ga Satane. Barera-morero bano morago ga foo ba ne ba lejwa jaaka bao ba neng ba sa tshwanela go ipelela bokopano jwa Bokeresete.
Ditiro tse di Molemo di Thibela Tshebo E E Senyang
20. Ke phoso efe e Paulo a neng a e bona mo batlholagading ba babotlana?
20 Paulo o ne a itse gore tshebo e e senyang gantsi e ne e amana le go sa direng sepe, eseng ditiro tse dintsi tse di molemo. O ne a sa itumelele batlholagadi bangwe ba bannye bao a neng a itse gore ba ne ba ithutile go nna ‘botshwakga, le go nna ba dikologa le matlo; mme ga se go re, ba ne ba le ditshwakga fela, mme ebile e le babalabadi le balotlhanyi, ba bua dilo tse ba sa tshwanelang go di bua.’ Seno se ne se tla rarabololwa jang? Ka go dira ditiro tse di molemolemo. Ka gone, Paulo o ne a kwala jaana: “Ke gōna, ke rata go re, batlhōlagadi ba ba sa nntseñ ba le meroba ba nyalwè, ba bōnè bana, ba laolè ntlo, ba tlhōkè le go naea mmaba lobaka lopè loa go kgala.”—1 Timotheo 5:11-14.
21. Ke eng seo 1 Bakorintha 15:58 e ka re thusang ka sone malebana le go tila lemena la go seba ba bangwe ka tsela ya go ba senya?
21 Fa basadi ba tlhokomela ntlo, ba godisa bana go ya ka ditekanyetso tsa Modimo, mme ba tshwarega mo go direng dilo tse di molemo, ba tla nna le nako e nnye ya puo e e lolea e e ka gogelang kwa tshebong e e utlwisang botlhoko. Banna le bone ba ka seka ba nna le nako e ntsi ya dipuo tse di ntseng jalo fa e le gore ba tshwarega mo ditirong tse di molemo. Go nna re “nntse [re] totahetse mo tihoñ ea Morèna ka metlha eotlhe” go tla re thusa rotlhe go tila mamena a go seba mo go senyang. (1 Bakorintha 15:58) Segolo bogolo fa re kopanela ka pelo yotlhe mo bodiheding jwa Bokeresete, mo dipokanong tsa Bokeresete, le mo dilong tse dingwe tsa bomodimo go tla re thusa go tshola dikakanyo tsa rona di le mo dilong tsa semoya gore re seka ra nna basebi ba ba tlhokang tiro le bao ba itsenyatsenyang mo dikgannyeng tsa batho.
22. Diane 6:16-19 e a reng malebana le tsela eo Modimo o lebang bapateletsi ka yone?
22 Fa re itshola re dira ditiro tsa bomodimo mme re batla go segofatsa ba bangwe mo semoyeng, re tla nna ditsala tse di boikanngo, eseng tseo di sa ikanyegeng tse di jalang dipuo. (Diane 17:17) Mme fa re tila tshebo e e senyang, re tla nna le tsala e e di gaisang tsotlhe—Jehofa Modimo. A re gakologelweng gore dilo tse supa tseo di sa mo kgatlheng ke “matlhō a a kadileñ, loleme lo lo akañ, le diatla tse di chololañ madi a motho a a senañ molato; Pelo e e logañ ditlhatlhanyō tsa boikèpō, dinaō tse di boheho go sianèla kwa bosenyiñ: Moshupi oa kakō eo o bilolañ maaka, le eo o yalañ kgotlhañ mo baneñ ba monna.” (Diane 6:16-19) Batho ba ba sebang ba feteletsa le go sokamisa dilo, mme bapateletsi ba na le maleme a a akang. Mafoko a bone a tsamaisa dinao tsa bao ba ratang go tsamaisa dikgang. Mme ka metlha, go felela ka dikgogakgogano. Mme fa re ila se Modimo o se ilang, re tla tlhoa tshebo epe e e utlwisang botlhoko eo e ka senyang ba ba siameng mme ya itumedisa mopateletsi yo mogolo, Satane Diabolo.
23. Re ka ipedisa pelo ya ga Jehofa jang ka puo ya rona?
23 Ka gone, a re ipediseng pelo ya ga Jehofa. (Diane 27:11) A re tileng puo eo a e ilang, re gane go reetsa pateletso epe, mme re dire bojotlhe jwa rona go thibela tshebo e e senyang. Eleruri, re ka dira seo ka thuso ya Modimo wa rona o o boitshepo, Jehofa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Le eleng gompieno ga go botlhale go reetsa kana go phatlalatsa dikgang dipe fela (tseo gantsi di senang motheo wa boammaaruri) ka seo maloko a Setlhopha se se Laolang kana baemedi ba sone ba ka tswang ba se boletse kana ba se dirile.
O ne O ka Araba Jang?
◻ Thapelo e ka re thusa jang go tila go pateletsa ba bangwe?
◻ Ke jang go dirisa 1 Bakorintha 13:4-8 go ka re thusang go thibela tshebo e e senyang?
◻ Ke jang go itlotla go ka re thibelang go raelesega go seba ka badumedi-ka-rona?
◻ Ke eng seo 1 Bakorintha 15:58 e ka re thusang ka sone mo go tileng lemena la tshebo e e senyang?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 17]
U.S. Forest Service photo