LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w89 10/15 ts. 10-15
  • Itise Kgatlhanong le Tshebo E E Senyang!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itise Kgatlhanong le Tshebo E E Senyang!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ka moo di Farologanang ka Gone
  • Ka moo Tshebo e ka Fetogang Pateletso ka Gone
  • Fa go Tsoga Mathata
  • Ke ka Ntlhayang o Tshwanetse go Itisa?
  • A ke Pateletso?
  • Go Seba—Ke Ka Ntlha Yang Fa go Gogela Jaana?
    Tsogang!—1991
  • Ka moo Tshebo E E Senyang e ka Thibelwang ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Ke Eng se se Maswemaswe Jalo ka go Seba?
    Tsogang!—1999
  • Kafa go Seba go Leng Maatla ka Gone
    Tsogang!—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
w89 10/15 ts. 10-15

Itise Kgatlhanong le Tshebo E E Senyang!

“Mo bontsiñ yoa mahoko ga go ko go tlhōkahala tlolō: me eo o thibañ [dipounama] tsa gagwè o botlhale.”—DIANE 10:19.

1. Tshebo e e senyang, kana go pateletsa ba bangwe go ka utlwisa botlhoko jang?

GA GO sepe se se ka fetolang botlhole jo bo bolayang go nna seno se se nang le dikotla. Tshebo e e senyang, kana go pateletsa, e ile ya tshwantshanngwa sentle le botlhole, joo bo ka senyang leina la motho yo o siameng. Mmoki wa Moroma Juvenal o ne a bitsa go pateletsa “botlhole jo bo kotsi go gaisa.” Mme mokwadi wa diterama tsa Seesemane William Shakespeare o ne a buisa mongwe wa batshameki ba gagwe mafoko ano: “Yo o utswang leina la me le le molemo o utswa eseng se se tla mo humisang mme ebile o nkhumanegisa eleruri.”

2. Ke dipotso dife tse re tshwanetseng go di sekaseka?

2 Mme tota tshebo ke eng? E ka farologana jang le go pateletsa? Ke ka ntlhayang fa o tshwanetse go itisa kgatlhanong le go seba motho ka go mo senya? Mme seno se ka dirwa jang?

Ka moo di Farologanang ka Gone

3. Tshebo le go pateletsa di farologana jang?

3 Tshebo ke “puo fela eo ka metlha e seng boammaaruri ka batho le dikgang tsa bone.” Ke puo e e “botlhofo, e e tlwaelegileng kana sengwe se se kwadilweng.” Ereka rotlhe re kgatlhegela batho, ka dinako dingwe re bua dilo tse dintle, le tse di agang ka ba bangwe. Go pateletsa go farologane. Ke “pego ya maaka eo boikaelelo jwa yone e leng go senya leina le lentle la motho kana kafa a itsegeng ka gone.” Puo e e ntseng jalo ka kakaretso e a senya mme ga se ya Bokeresete.

4. Go ya ka mokwadi mongwe, go pateletsa go ka simolola jang, mme motswedi wa gone ke ofe?

4 Tshebo e e sa reng sepe e ka fetoga go nna go pateletsa go go phoso. Mokwadi Arthur Mee o ne a kwala jaana: “Gantsi go pateletsa go go gobatsang motho, le go go ka mo senyang, go simologa ka tshebo, tshebo e e tlang, gongwe, eseng ka selo se se phoso mme e le fela ka go tlhoka se se ka buiwang. Ke nngwe ya maleo a magolo mo lefatsheng, mme jaaka re itse, e simologa mo botlhokakitsong. E fitlhelwa gantsi go bao ba senang tiro, bao ba senang boikaelelo bope mo botshelong.”

5. Botlhokwa jwa kgakololo ya ga Paulo e e mo go 1 Timotheo 5:11-15 ke bofe?

5 Ereka puo e e lolea fela e ka nna ya gogela kwa go pateletseng, moaposetoloi Paulo o ne a bua kgatlhanong le basebi bangwe. Morago ga go umaka batlholagadi bao ba neng ba tshwanela go thusiwa ke phuthego, o ne a kwala jaana: “Me o ganè basadi ba ba batlhōlagadi ba ba sa nntseñ e le meroba: gonne e tla re ba babalèlwa ke taolō ea ga Keresete, . . . le gōna ba ithute bochwakga, ba nne ba dikologe le matlo, me ga se go re, ba dichwakga hèla, me e bile ke babalabadi le balotlhanyi, ba bue dilō tse ba sa chwanèlañ go di bua. Ke gōna ke rata go re, batlhōlagadi ba ba sa nntseñ ba le meroba ba nyalwè, ba bōnè bana, ba laolè ntlo, ba tlhōkè le go naea mmaba lobaka lopè loa go kgala: Gonne le yana bañwe ba setse ba hapogile ba ile le Satane.”—1 Timotheo 5:11-15.

6. Ke eng se se tshwanetseng go dirwa go fenya bothata jwa botho jwa go seba goo go ka lebisang kwa go pateletseng?

6 Ereka Paulo a ne a kwala kafa tlase ga tlhotlheletso ya bomodimo, o ne a sa dire dikakgelo fela tse di sa siamang ka basadi bao. Seo a se buileng se tshwanetse go akanyediwa ka masisi thata. Ga go mosadi ope wa bomodimo yo a batlang go ‘fapoga le go latela Satane.’ Lefa go le jalo, go tweng fa mosadi wa Mokeresete a iphitlhela a na le bokoa jwa mokgwa wa go bua oo o ka mo dirang gore a nne le molato wa go pateletsa? He o tshwanetse go reetsa kgakololo eno ya ga Paulo ka boikokobetso: “Basadi . . . ba chwanetse go nna batho ba ba masisi yalo, ba se bapateletsi.” O ne a bua gape jaana: “Basadi bagolo le bōnè ba nnè masisi mo mokgweñ oa bōnè, e se bapateletsi.” (1 Timotheo 3:11; Tito 2:3) Bakaulengwe le bone ba tshwanetse go dirisa kgakololo e e botlhale eo.

7. Go ya ka Dikwalo, ke eng seo o ka reng rotlhe re tshwanetse go se dira go laola se re se buang?

7 Legale, rotlhe ka dinako dingwe, re bua ka batho ba bangwe, maitemogelo a bone mo bodiheding, le dilo tse dingwe. Lefa go ntse jalo, a le ka motlha re seka ra ‘nna mme ra bua kgatlhanong le mokaulengwe wa rona.’ (Pesalema 50:19, 20) Eleruri, go botlhale gore re seka ra bua thata, ka gonne “mo bontsiñ yoa mahoko ga go ko go tlhōkahala tlolō: me eo o thibañ [dipounama] tsa gagwè o botlhale.” (Diane 10:19) Jalo re tshwanetse go itlhokomela kgatlhanong le tshebo, tota lefa e bonala e se e e senyang. Ga go tlhokege gore ka dinako tsotlhe re bo re ntse re bua ka batho ba bangwe, ereka go na le ditlhogo tse dintsi tse di molemo tseo re ka di tlhophang fa re tlhokomela dilo tse di siameng, tse di itshekileng, tse di rategang, tse di molemo le tse di tshwanetseng go tlotlwa.—Bafilipi 4:8.

Ka moo Tshebo e ka Fetogang Pateletso ka Gone

8. Ke ka ntlhayang fa ka metlha go se phoso go bua ka Bakeresete-ka-rona?

8 Ga go phoso go bua ka bodihedi jwa tshimo le ditiro tse dingwe tsa bomodimo tsa badumedi-ka-rona fa e le gore seo re se buang se tlhomame ebile se ka seka sa gobatsa ope. Ebile-tota, dikakgelo tse di jalo tse di siameng di ka kgothatsa ba bangwe. (Bapisa Ditihō 15:30-33.) Bakeresete ba bangwe ba ne ba bua ka monna mogolo yo o ikanyegang Gaio, yoo moaposetoloi Johane a neng a mo kwalela a re: “Moratwa, u diha tihō ea boikañō mo go señwe le señwe se u se dihèlañ ba e leñ bakauleñwe, e bile e le baeñ; Ba ba shupileñ kaga loratō loa gago ha pele ga phuthègō.” (3 Yohane 5, 6) Jalo ga se ka metlha go leng phoso go bua ka Bakeresete-ka-rona.

9. (a) Puo e e seng ya sepe e ka fetoga e e pateletsang motho yo o siameng jang? (b) Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife?

9 Lefa go le jalo, puo e e sa reng sepe e ka fetoga go nna e e pateletsang batho ba ba siameng fa re tsenelela thata mo dikgannyeng tsa bone tsa botho, re belaela maikaelelo a bone, kana re tsosa dipelaelo ka boitshwaro jwa bone. Re ka nna ra itlwaetsa go ipotsa dipotso, tse di jaaka: A se ke se buang se tla senya yo mongwe leina? A se ke se buang se boammaaruri? (Tshenolō 21:8) A ke ne ke ka bua selo se se tshwanang fa a le gone? A seno se tla jala dikgaogano mo phuthegong? A dipuo tsa me di tla mo dira gore a latlhegelwe ke ditshiamelo tsa tirelo? A pelo ya me e ka tswa e tletse lefufa? (Bagalatia 5:25, 26; Tito 3:3) A dikakgelo tsa me di tla ntsha maungo a a molemo kana a a bosula? (Mathaio 7:17-20) A ke ne ke ka bua se se tshwanang ka baaposetoloi? (2 Bakorintha 10:10-12; 3 Yohane 9, 10) A puo e e ntseng jalo e tshwanela ba ba tlotlang Jehofa?

10, 11. Go ya ka Pesalema 15:1, 3, ke eng seo re tla sekang re se dira fa re batla go nna baeng ba Modimo?

10 Fa e bua ka bao ba tlotlang Modimo, Pesalema 15:1 e botsa jaana: “Yehofa, e mañ eo o tla tlhōla tlhōlañ mo motlaaganeñ oa gago? e mañ eo o tla agañ mo thabaneñ ea gago e e boitshèpō?” Fa a bua ka motho yo o ntseng jalo, mopesalema Dafide o araba jaana: “Eo o sa pateletseñ ka loleme loa gagwè, leha e le go dihèla tsala ea gagwè boshula, leha e le go amogèla kgōbō kaga oa ga gabō.” (Pesalema 15:3) Fano lefoko “go pateletsa” le tswa mo lediring la Sehebera leo le rayang “go tsamaisa” mme ka gone le raya “go tsamaya tsamaya.” Baiseraele ba ne ba laetswe jaana: “U se ka ua tsamaea tsamaea mo bathuñ ba ga eno u le motsamaisi oa ditshèbō.” (Lefitiko 19:16) Mongwe le mongwe yo o ‘tsamayang a gasa pateletso’ ga se moeng wa Modimo le tsala ya gagwe.

11 Ditsala tsa Modimo ga di direle balekane ba tsone sepe se se bosula mme ga di kake tsa tsaya, kana tsa amogela dikgang dipe tse di seng boammaaruri, tse di kgobang balekane ba tsone ba ba siameng. Go na le go phatlalatsa dikgang tse di seng boammaaruri ka badumedi-ka-bone ba oketsa mo ditshotlong tse banna ba ba bosula ba ba sotlang ka tsone, re tshwanetse go bua sentle ka bone. Ga re kake le ka motlha ra batla go oketsa mokgweleo wa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba ikanyegang ka go bua dilo tse di sotlang ka bone.

Fa go Tsoga Mathata

12. Ditihō 15:36-41 e ka re thusa jang fa re raelwa go seba ka mongwe yo re kileng ra nna le dikgogakgogano le ene?

12 Jaaka re sa itekanela, re ka nna ra raelesega go bua kgatlhanong le motho yo re kileng ra nna le dikgogakgogano tse di masisi nae. Mme tlhokomela se se diragetseng fa moaposetoloi Paulo a ne a tloga a tsaya loeto lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa. Lefa Barenabase a ne a batla gore Mareko a tsamaye le bone, Paulo ga a ka a dumela, ka ‘a ne a bona gore [Mareko] o ne a ba tlogetse kwa Pamfilia mme a ne a seka a nna le bone mo tirong.’ Ka ntlha ya seo “kgañ e e botlhoko” e ne ya tsoga, mme ba kgaogana. Barenabase o ne a tsaya Mareko mme ba ya kwa Kupero, fa Paulo a ne a tsaya Silase go tsamaya nae go ralala Siria le Kilikia. (Ditihō 15:36-41) Moragonyana, kgaogano e e fa gare ga ga Paulo, Barenabase, le Mareko go lebega e ne ya rarabololwa, ka go bo Mareko o ne a na le moaposetoloi yono kwa Roma, mme Paulo o ne a bua sentle kaga gagwe. (Bakolosa 4:10) Le eleng lefa go kile ga nna le dikgogakgogano, ga go na sepe se se supang gore Bakeresete bao ba ne ba tsamaya tsamaya ba sebana mo badumeding-ka-bone.

13. Paulo o ne a ganela go raelesega go seba ka Mokeresete-ka-ene kafa tlase ga maemo afe a a neng a ama Petere?

13 Paulo gape o ne a ganela go raelesega go seba ba bangwe mo go maswe fa a ne a kgalemela Kefase (Petere), yoo a neng a tlhabiwa ke ditlhong go ja le badumedi bangwe ba Baditšhaba le go kopanela le bone fa Bajuda ba Bakeresete ba ba tswang Jerusalema ba ne ba le gone. Go na le go bua ka Petere a sa itse, Paulo o ne a “mo ganetsa mo matlhoñ” a bua “ha pele ga bōnè botlhe.” (Bagalatia 2:11-14) Petere ga a ka a seba yo a neng a mo kgalemela. Ebile-tota, moragonyana fa a bua ka ene o ne a mmitsa “Paulo mokauleñwe eo o ratègañ.” (2 Petere 3:15) Jalo le eleng lefa modumedi-ka-rona a tlhoka go kgalemelwa, seno ga se re neye seipato sa go seba ka ene. Go na le mabaka a a molemo a go itisa kgatlhanong le dipuo tsa go nna jalo le go emelana le thaelo ya go anamisa tshebo e e senyang.

Ke ka Ntlhayang o Tshwanetse go Itisa?

14. Ke lebaka lefe le legolo leo ka lone re sa tshwanelang go reetsa kana go phatlalatsa tshebo e e senyang?

14 Lebaka le legolo la go bo re sa tshwanela go reetsa tshebo e e senyang kana go tsaya karolo mo go e phatlalatseng ke ka ntlha ya gore re batla go itumedisa Jehofa, yo a tlhoileng go pateletsa ba bangwe. Jaaka go kwadilwe, tsela eo Modimo o lebang puo ya rona ka yone e ne ya phepafadiwa fa Baiseraele ba ne ba laelwa jaana: “U se ka ua tsamaea tsamaea mo bathuñ ba ga eno u le motsamaisi oa ditshèbō: le gōna u se ka ua tsenya botshelō yoa oa ga eno mo pitlaganoñ: Ke nna Yehofa.” (Lefitiko 19:16) Fa e le gore re tla amogelwa ke Modimo, ga re a tshwanela go pateletsa ope yoo re ka mo umakang mo dipuisanong tsa rona.

15. Mopateletsi yo mogolo ke mang, mme go seba ba bangwe ka go ba senya go ka ama kamano ya rona le Modimo jang?

15 Lebaka le lengwe la go sa nne le seabe mo go sebeng go go senyang ke gore go dira jalo go ka gogela kwa goreng re etse Satane, mopateletsi yo mogolo wa ga Jehofa. Mmaba yono yo mogolo wa Modimo o ne a rewa leina le le mo tshwanetseng la “Diabolo” (Segerika, di·aʹbo·los), leo le rayang “mopateletsi.” Fa Efa a ne a reetsa puo ya ga Satane eo a neng a pateletsa Modimo ka yone mme a dira go ya ka yone, balekane bao ba ntlha ba batho ba ne ba kgaoganngwa le Tsala ya bone e kgolo. (Genesise 3:1-24) A le ka motlha re seka ra ineela mo maanong a ga Satane mme ra kopanela mo puong e e senyang e e sa amogelweng ke Modimo le eo, ka gone, e ka re kgaoganyang le Tsala ya rona e kgolo, Jehofa Modimo.

16. Mopateletsi o “kgaoganya ditsala tse dikgolo” jang?

16 Ga re a tshwanela go reetsa basebi ba ba senyang, ereka ba kgaoganya ditsala. Gantsi, bapateletsi ba feteletsa dilo, ba a senya, ba a aka, mme ba oketsa ka mafoko a le mantsi a a botlhoko. Go na le go bua ka motho ba mo lebile, ba bua a se gone. Ba tsosa dipelaelo tse di senang motheo. Ka gone, “mosebi o kgaoganya ditsala tse dikgolo.”—Diane 16:28.

17. Ke ka ntlhayang fa re tshwanetse go itisa kgatlhanong le go tsenelela fela thata mo tshebong e e seng ya sepe?

17 Re tshwanetse go itisa kgatlhanong le go tsenelela le eleng mo tshebong e e sa reng sepe. Ka ntlhayang? Ka gonne kakgelo e e buiwang go sa ikaelelwa go utlwisa ope botlhoko e ka utlwisa botlhoko fa e ntse e boaboelediwa. E ka nna ya kgabisiwa kana ya sokamisiwa go fitlha e bo e senya leina la motho wa bomodimo, e senya leina la gagwe le le molemo. Fa e le gore seo se ne se ka diragala, o ne o ka ikutlwa jang fa e ne e le wena o simolotseng kgang eo kana e le wena o e phatlaladitseng? Batho ba ka nna ba go leba jaaka yo a ka gobatsang mongwe, mme ka gone ba ka nna ba seka ba tlhola ba batla go tsalana le wena.—Bapisa Diane 20:19.

18. Go seba go ka dira motho moaki jang?

18 Lebaka le lengwe la go itisa ke gore tshebo e e senyang e ka go dira moaki. “Mahoko a mosebi a nntse yaka diyō tse di akolwañ, me a hologèle kwa teñ teñ ga mpa.” (Diane 26:22) Mme go tweng fa o dumela maaka o bo o a boeletsa? Ebu, lefa o ka akanya gore maaka ao a boammaaruri, o tla bo o aka fa o a phatlalatsa. Fa go senolwa gore e ne e le maaka, o ka nna wa lejwa jaaka moaki. A o batla gore seo se go diragalele? A Modimo ga o lebe baruti ba maaka jaaka ba ba ikarabelelang ka maaka a bodumedi? Ee, o bona bapateletsi ba ba akang bao molato. Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Lehoko leñwe le leñwe ya boithamako ye batho ba tla le buañ, ba tla le bodiwa mo motlheñ oa tshèkō. Gonne u tla atlholèlwa ka mahoko a gago, le ka mahoko a gago u tla sekisiwa.” (Mathaio 12:36, 37) Ereka “moñwe le moñwe oa rona [a] tla ikarabèla Modimo,” a o ne o ka batla gore a go atlhole jaaka mopateletsi yo o akang?—Baroma 14:12.

19. Ke ka ntlhayang fa go ka twe tshebo e e senyang e ka bolaya?

19 Lebaka le lengwe gape la go se gase tshebo e e senyang ke gore e ka bolaya. Ee, e ka bolaya, ya senya leina le lentle la motho yo o senang molato. Maleme a mangwe ke ‘ditšhaka tse di bogale’ mme mafoko a a galakang a jaaka metswi e ka yone go thuntshiwang motho yo o senang molato go tswa kwa lefelong le le fitlhegileng. Dafide o ne a rapela jaana: “[Jehofa] nchubèla kgakololō ea mo sephiriñ ea badiha boshula; mo pheretlhoñ ea badihi ba boikèpō: Ba ba looditseñ loleme loa bōnè yaka chaka, ba kaile mecwi ea bōnè e e leñ mahoko a a galakañ: Gore e tle e re ba le mo maipoboñ ba hulè eo o itekanetseñ.” (Pesalema 64:2-4) A o ne o ka batla go bua dilo tse di maswe tseo ka motho yo mongwe go ya bokgakaleng jwa gore a patelesege go rapela Jehofa gore a mo golole, jaaka mopesalema a ne a dira? A o batla go nna le molato o o lekanang le wa polao?

20. (a) Ke eng seo se ka diragalelang mopateletsi yo o sa ikwatlhaeng malebana le phuthego ya Modimo? (b) Bagolwane ba tshwanetse go tlhokomela eng ka tshebo le go pateletsa?

20 Go pateletsa go ka gogela kwa go ntshiweng mo phuthegong ya Modimo; mopateletsi a ka nna a kgaolwa, gongwe jaaka moaki yo o sa ikwatlhaeng. Lefa go ntse jalo, kgato e e ntseng jalo ga e a tshwanela go tsewa mo go bao ba nang le molato wa tshebonyana fela e e sa reng sepe. Bagolwane ba tshwanetse go sekaseka dilo ka thapelo, ba farologanya tshebo le pateletso e e senyang. Motho yo o dirileng phoso o tshwanetse ya bo e le mopateletsi yo o senyang, yo o sa ikwatlhaeng fa a kgaolwa. Bagolwane ga ba kake ba kgaolela motho tshebo fela e e seng ya sepe eo e tsositsweng fela ke kgatlhego ya botho mme e se ya maaka ebile e sa senye. Dilo ga di a tshwanela go godisiwa go feta kafa di leng ka gone, ebile go tshwanetse ga bo go na le basupi ba ba nang le bosupi jwa boammaaruri jwa go bontsha gore seo kwantle ga pelaelo e ne e le pateletso. (1 Timotheo 5:19) Bapateletsi ba ba sa ikwatlhaeng ba a kobiwa e le gore tshebo eno e e senyang e khutlisiwe ebile phuthego ga e kitla e senngwa ke boleo. (1 Bakorintha 5:6-8, 13) Mme bagolwane ga ba a tshwanela le ka motlha ba itlhaganelela go koba ope go sena motheo wa Dikwalo. Ka thapelo le ka kgakololo, gantsi ba tla kgona go thusa motho gore a ikwatlhae, a kope maitshwarelo kana gongwe a baakanye boemo mme a tswelele a dira botswelelopele mo go katiseng loleme lwa gagwe.

A ke Pateletso?

21. Go na le go seba motho yo o dirileng phoso, ke eng se o tshwanetseng go se dira?

21 Seane se se botlhale se a re: “Eo o tsamaea tsamaeañ e le mosebi o senola maōma: me eo o mōea oa boikañō oa a lōba.” (Diane 11:13) A seno se raya gore fa o itse gore motho mongwe o dira boleo jo bo masisi mo sephiring, o tla bo o mo pateletsa fa o bua sengwe ka jone? Nnyaa. Legale, ga o a tshwanela go seba ka kgang eo. O tshwanetse go bua le motho yo o dirang phoso, o mo kgothaletsa gore a batle thuso ya bagolwane. (Yakobe 5:13-18) Fa a sa dire jalo mo nakong e e beilweng, go amega ka bophepa jwa phuthego go tshwanetse ga go dira gore o begele bagolwane kgang eo.—Lefitiko 5:1.

22. Ke ka ntlhayang fa re ka bolela gore 1 Bakorintha 1:11 ga e re letle go seba?

22 Pego e e ntseng jalo e ka nna ya felela ka gore motho yo o dirileng phoso a kgalemelwe, mme seo se ka lebega se sa ipedise. Gape, motho yo o thapisitsweng ka kgalemelo o roba loungo lwa tshiamo. (Bahebera 12:11) Tiro e e phoso e tshwanetse go senolelwa bao ba tlhophetsweng go dirisana le dikgang tseo, eseng basebi ba ba tla balabalang ka tsone. Paulo o ne a raya Bakeresete ba Korintha a re: “Gonne ba ga echo, ke bolelecwe kaga lona, ke ba e leñ ba ntlo ea ga Keloe, ha go na le dikgañ mo go lona.” (1 Bakorintha 1:11) A maloko a lelapa leo a ne a seba badumedi-ka-bone? Nnyaa, mme go ne go begetswe mogolwane yo o nang le boikarabelo yo a neng a ka tsaya dikgato go thusa ba ba neng ba tlhoka thuso gore ba boele gape mo tseleng ya botshelo.

23. Ke potso efe e e santseng e batla go sekasekiwa?

23 Fa re thusa mongwe go itisa kgatlhanong le go kopanela mo tshebong, e e senyang, re mo direla sengwe se se molemo. Seane se se botlhale se bua jaana: “Eo o dibèlañ molomo oa gagwè o ipolokèla botshelō: me eo o atlhamolosañ dipounama tsa gagwè thata o tla bōna tshenyègō.” (Diane 13:3) Ka phepafalo, he, go na le mabaka a a molemo a go itisa kgatlhanong le tshebo e e senyang le go pateletsa ka bosula. Lefa go le jalo, re ka thibela tshebo e e senyang jang? Setlhogo se se latelang se tla re bolelela.

Dikarabo tsa Gago ke Dife?

◻ Tshebo e e sa reng sepe le go pateletsa di farologana jang?

◻ Tshebo e ka fetoga pateletso jang?

◻ Re tshwanetse go itisa kgatlhanong le tshebo e e senyang ka mabaka afe a mangwe?

◻ Ke ka ntlhayang fa re tla bo re sa pateletse ope fa re bega ka phoso e e masisi ya motho mongwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 14]

Tlhomamisa gore le ka motlha ga o na molato wa go thuntsha motho ka kwa morago ka go mo seba

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela