Pego ya Baboledi ba Bogosi
Ngwana wa Dingwaga tse Tlhano O Tsosa Kgatlhego
GARENG ga Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 40 000 ba kwa Venezuela go na le mosimanyana wa dingwaga tse tlhano yo o ileng a nna le boitemogelo jo bo kgatlhisang. O ne a reeditse puo ya phatlalatsa ka tlhoafalo eo e theilweng go tswa mo bukeng ya Life—How Did It Get Here?—By Evolution or by Creation? gammogo lefa lelapa le ne le tlotla ka buka eno. Mmotlana yono wa dingwaga di le tlhano, yo o neng a tswa mo lelapeng le le tlhaga mo dilong tsa bolegodimo, ka jalo o ne a tlhaloganya gore thuto-tlhagelelo e bolela gore motho o nnile gone go tswa mo “morong.” Nngwe ya ditshetla tsa buka eo e tlhalosa thuto ya gore botshelo bo tlhagile mo ditshedinyaneng tse eketeng moro.
Lelapa lengwe le le neng le nna go bapa le bone (rre, mmè, barwa ba babedi ba dingwaga tsa bolesome, le morwadiabone wa dingwaga di le supa) ba ne ba ile ba itlhokomolosa fela ka dingwaga tse 14 fa lelapa leno la Basupi le ba kopa go tlhatlhobisa Bibela le fa le ne le ba laleletsa go ya kwa Holong ya Bogosi.
Letsatsi lengwe fa mosadi yono wa Mosupi a ntse a tlhatswa dijana, o ne a utlwa puisano e e kgatlhisang fa gare ga morwawe le mosetsanyana wa baagelani ba bone, gaufi le terata e e ba kgaoganyang. Mosimanyana o ne a re: “O itse gore ke eng! Batho ba lefatshe ba bolela gore motho o dule mo morong!” Mosetsana yoo o ne a araba jaana, jaaka ka tlwaelo: “A o a tsenwa?” Mosimanyana o ne a araba ka gore: “Nnyaa, ga ke tsenwe. Batho ba lefatshe ba bolela gore motho o dule mo morong; mme Jehofa ke ene a dirileng motho.” Mosimanyana o ne a kgala kgopolo eo a akanya gore go tewa moro o o jewang, seo a neng a sa se rate. Go tswa foo o ne a tswelela pele go bolelela mosetsanyana yoo a re: “Ntate o tshwanetse go naya rraago buka ya Creation gore a tle a bone gore Modimo ke ene a dirileng motho.” Lefa go ntse jalo, mosetsanyana yoo o ne a bolela gore bone ke Bakatoliki, mme puisano ya felela foo.
Fa monna wa kgaitsadi yono, yoo eleng mogolwane, a goroga mo gae go tswa tirong, o ne a mmolelela puisano eo a neng a e utlwile. Lefa kgannyana ya bana bao e ne ya ba tshegisa, mokaulengwe o ne a akanya gore gongwe Jehofa o batla gore a neele monna wa moagelani wa gagwe bosupi gape. Ka jalo malatsi a sekae moragonyana, o ne a atamela moagelani wa gagwe mme a mmolelela ka puisano ya bana. O ne a bua gore o ne a batla go ba naya sekaelo sa buka ya Creation mo boemong jwa morwawe. Mosupi o ne a akantsha gore moagelani wa gagwe a e bale ka mogopolo o o tlhamaletseng, ka jaana e ne e tla mmontsha gore botshelo bo simologile kae.
Seo se neng sa gakgamatsa mokaulengwe, malatsi a sekae fela moragonyana, banyalani bano, bao ba ileng ba seka ba kgatlhegela boammaaruri ka lobaka lo loleele, ba ne ba tla kwa legaeng la mokaulengwe mme ba mmolelela fa ba swabile ka baka la boikutlo joo ba ileng ba nna le jone ka dingwaga di le dintsi. Ba ne ba bolela gore ba gakgamalela kafa buka eno ya Creation e leng botlhokwa ka gone.
Go ne ga felela ka gore go simololwe thuto ya Bibela le lelapa leno. Ba ne ba simolola go ya kwa dipokanong ka metlha mme ka bonako fela ba simolola go rera mafoko a a molemo a bogosi. Monna yoo, mosadi wa gagwe, le bomorwawe ba ba mo dingwageng tsa bolesome, ba ne ba kolobediwa kwa kopanong ya kgaolo, mme mosetsanyana le ene ke mmoledi wa Bogosi. Mosadi yono o ne a simolola tirelo ya bobulatsela jo bo thusang jwa ka metlha ka bonako fela morago ga go kolobediwa.
Jesu Keresete o itse batho ba ba dipelo tse di siameng, mme a ka kgona ebile o dirisa le ba bannye go fitlhelela dipelo tse di ntseng jalo tse di molemo.—Yohane 10:14.