“A ke Kgogodi ya Kagiso”?
“KGOGODI YA KAGISO.” “A Lefatshe le le Nang le Kagiso Ruri.” “Kagiso e Gotlhe.” Tseno e ne e le dingwe tsa ditlhogo tsa dikgang tse di ileng tsa gakgamatsa babadi mo ngwageng kana tse pedi tse di fetileng. Go fetoga ga dikgang mo go begeng ka khutsafalo le go lebelela fela tshenyego go ya go go bega ka go solofela dilo tse di molemo go ile ga gakgamatsa lefatshe lotlhe. Go ne go diragala eng?
Go bonala gore mo lobakeng lo lo sa tswang go feta dintwa tse dikgolo di ile tsa khutla kana tsa fokotsega bogale mo lobakeng lwa dikgwedi di le mmalwa fela. Mo Afrika, go ne ga ‘tlhagoga’ kagiso kwa Angola. Kwa Central Asia, Soviet Union e ne ya ntsha masole a yone kwa Afghanistan. Kwa Central America, ntwa e e fa gare ga puso ya Nicaragua le dirukhutlhi tsa Contra e ne ya khutla. Kwa Southeast Asia, Ba-Vietnam ba ne ba dumela go tswa kwa Kampuchea. “Kgogodi ya kagiso” e ne ya fitlha le eleng kwa Botlhaba Gare fa kgabagare ntwa ya go tsholola madi e e neng e le fa gare ga Iran le Iraq e ne e ya kwa bokhutlong.
Gongwe seo re se tlhokomelang le go feta e ne e le moya o mosha o o fa gare ga mebuso e megolo. Morago ga go lwa ka tidimalo ka dingwaga di le 40, go ne go se motlhofo go dumela dipuisano tsa bone tsa botsalano, puo ya bone kaga go kgatlhegela dilo tse di tshwanang, le dikgato tse di tlhoafetseng tse di isang kwa kagisong fa gare ga Soviet Union le United States. Mo godimo ga moo, go ya ka The Economist, Yuropa jaanong e nnile lobaka lo loleele thata e sena ntwa mo hisitoring yotlhe ya yone. Eleruri, dikgang ke kagiso fela.
Seno se kaya eng? A boradipolotiki jaanong ba gaufi le go lere “kagiso mo motlheng wa rona”? Tonakgolo ya Boritane Neville Chamberlain o ne a bua mafoko ano dingwaga di le 51 tse di fetileng. Go ne go lebega a ka seka a nna boammaaruri, ka go bo lobaka lo sekae morago ga foo, ntwa ya bobedi ya lefatshe e ne ya tlhagoga. A jaanong a tla nna boammaaruri morago ga lobaka lo loleele jaana?