Millennium O O Molemolemo—O A Atamela
“Me ka bōna ditulō tsa bogosi, me batho ba dula mo go cōna, me ba neèlwa katlholō; me ka bōna meōea ea ba ba kgaocweñ ditlhōgō ka ntlha ea chupō ea ga Yesu, le ka ntlha ea lehoko ya Modimo, le ba ba se kañ ba ōbamèla sebatana leha e le sechwanchō sa shōna, le gōna ba se ka ba iteseletsa go chwaiwa lochwaō mo diphatleñ, le mo diatleñ tsa bōnè; me ba tshela, ba ba ba busa le Keresete ka dinyaga di makgolo a shomè.” “Me [Modimo] o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a [batho]; me ga go ketla go tlhōla go le losho; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse ruri.”—Tshenolō 20:4; 21:4.
KA GONE Bibela e bonela pele go atamela ga millennium o o molemo—Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Jesu Keresete le setlhopha sa dikgosi tsa selegodimo. Gongwe o ka akanya gore boperofeti jono ke tsietso fela, sengwe se se ka sekang sa kgonega. Lefa go le jalo, go na le mabaka a mantsi a go leba Millennium ono jaaka sengwe sa mmatota se se tla tlang!
Selo se sengwe ke gore, thuto ya Bibela e tla go senolela gore e ile ya bua ka di-millennium tse thataro tse di fetileng tsa hisitori ya motho ka tsela e e ka ikanngwang ka mo go gakgamatsang. Mo godimo ga moo, Bibela ke buka ya boperofeti, mme bontsi jwa diponelopele tsa yone, kana boperofeti jwa yone, bo setse bo diragaditswe ka dikarolo tsotlhe tsa jone.a Fa go ntse jalo, ke ka ntlhayang fa Bibela e ka seka ya ikanngwa mo go boneleng pele Millennium o o atamelang wa puso ya ga Keresete? Lefa go le jalo o ka nna wa ipotsa, gore tota Bibela ya reng ka lobaka loo lwa nako. Boikaelelo jwa lone ke bofe? Mme seo se leng botlhokwa go wena ke gore, bo tla ama botshelo jwa gago jang?
Boswa Jo Bo Latlhegileng
Bibela e bontsha gore Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete ke tsela ya gagwe ya go naya “bana” ba gagwe boswa jo bo tlhwatlhwakgolo go gaisa. Ke boswa bofe? Mme ke “bana” bafe? Boswa bo ka tlhalosiwa jaaka sengwe seo motho a se nayang bana ba gagwe fa a swa. Fa rraaronamogologolwane Adame a ne a sa ikobele Modimo, o ne a latlhegelwa ene le bana ba gagwe—batho botlhe—ke tshwanelo ya botshelo jo bosakhutleng mo lefatsheng la paradaise. Ka gone Adame o ne a fetisetsa boswa jwa boleo, loso, le go tshwenyega mo baneng ba gagwe.—Genesise 3:1-19; Baroma 5:12.
Jesu o ne a tla mo lefatsheng jaaka motho go tla go gapela batho boswa joo bo neng bo latlhegetse Adame. Seno o ne a se dira ka go itshupa a ikanyega mo go Jehofa Modimo, a ntshetsa botshelo jwa gagwe batho ka go rata. (Yohane 3:16) Ka go tshela botshelo jo bo itekanetseng, jo bo senang boleo, Jesu o ne a gapa tshiamelo ya botshelo jo bo itekanetseng mo Paradaiseng mo lefatsheng—sone selo seo se latlhegetseng Adame. Lefa go ntse jalo, Jesu ga a ise a ko a dirise tshiamelo eo; kana gone gore e mo latlhegele fa a ne a swa a bo a tsosediwa kwa botshelong jwa selegodimo. Ka gone o ne a ka kgona go e dirisa jaaka boswa jo bo tlhwatlhwakgolo go bo naya “bana” ba gagwe.—Baroma 5:18, 19.
Baruaboswa—“Bana” ba ga Keresete
Mo go Isaia 9:6 Jesu o bidiwa “Rara oa Bosakhutleñ” ka seperofeti. O nna Rara wa Bosakhutleng wa lefatshe la batho ba ba golotsweng, mme seo se mmaya mo boemong jwa go naya batho ba ba golotsweng, kana bana ba gagwe bao a ba filweng boswa. (Mathaio 20:28; bona gape Pesalema 37:18, 29.) Seno se bonwa ka phepafalo mo tsholofetsong eno ya gagwe: “Tlaañ, lona basegōhadiwa ba ga Rrè, ruañ bogosi yo lo bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe.” O ne a bua gape jaana: “Go segō ba ba pelonomi; gonne ba tla rua lehatshe.”—Mathaio 5:5; 25:34.
Lefa go ntse jalo, gore lefatshe e nne boswa jo bo molemo, maemo a lone a tshwanetse go fetolwa gotlhelele—a dirwe a a itekanetseng! E tshwanetse go nna lefatshe leo go renang kagiso ka botlalo le kutlwano fa gare ga dibopiwa tsotlhe tsa Modimo. (Isaia 11:6-9) Go sa itekanelang gope fela ga motho go tshwanetse ga tlosiwa, go akaretsa le loso. (1 Bakorintha 15:25, 26) Seno se raya gore batho ba ba suleng, bao eleng karolo ya batho ba ba golotsweng, ba tshwanetse go tsosiwa. Ke ka tsela eno fela ba ka bonang tshiamelo ya go nna baruaboswa ba ga Keresete!—Yohane 5:28, 29.
Ka gone, Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Keresete e tla nna nako e e itumedisang thata eo batho ka bonya ka bonya ba tla “gololwa[ng] mo botlhankeñ yoa go bōla” mme ba bona boitekanelo. (Baroma 8:21) Se se kgatlhisang ke gore, le eleng dikwalo tsa batho fela di lemoga gore seno ke jone boikaelelo jwa millennium. Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary (kgatiso ya 1985) e tlhalosa “millennium” jaaka “nako ya boitumelo jo bogolo kana ya boitekanelo jwa batho.”
Seo Se Gaisang Puso ya ga Solomone
Millennium ono o o galalelang o ka tshwantshiwa le puso ya dingwaga di le 40 e e neng e na le kagiso ebile e tlhogonolofetse thata ya ga Kgosi Solomone kwa Iseraeleng wa bogologolo. (1 Dikgosi 4:24, 25, 29) Fa kgosigadi ya Sheba e ne e etela Kgosi Solomone, e ne ya bua jaana: “Poledi e ke e u[t]lwileñ kwa lehatshiñ ya ga echo kaga ditihō tsa gago, le botlhale yoa gago, e ne e le poledi ea mmanete hèla. Leha go nntse yalo, ga kea ka ka dumèla mahoko auō, ga tsamaea ka tla, me matlhō a me a go bōna: me, bōna, leha e le bontlha ñwe ke ne ke sa bo bolèlèlwa: botlhale yoa gago, le letlhōgōnōlo ya gago go heta tumedi e ke e utlwileñ. Abo batho ba gago ba le segō; go segō batlhanka ba, ba gago, ba ba tlhōlañ ba eme ha pele ga gago, me ba utlwa botlhale yoa gago.”—1 Dikgosi 10:6-8.
Fa e le gore kagiso, tswelelopele, le botlhale jwa puso ya ga Kgosi Solomone ya selefatshe ya dingwaga tse 40, di ne di gaisa ebile di menagane sebedi go feta se kgosigadi ya Sheba e neng e se lebeletse, he Puso ya Dingwaga tse di Sekete ya ga Kgosi Solomone wa selegodimo, Jesu Keresete, eleruri e tla nna kgolo go feta sepe fela se motho a ka se tshwantshang mo tlhaloganyong! Mo mafokong a a builweng ke Jesu ka boene, ene o “mogolo go heta Solomone.” (Mathaio 12:42) Leka go akanya ka maemo a lefatshe a a itekanetseng, a a nang le tswelelopele, a kagiso, a tshiamo, a a nang le boitumelo joo o ka bo akanyang, mme ga o kake wa ba wa kgona go akanya lefa e le karolwana fela ya seo Millennium wa ga Keresete o tla se lereng.
A O Diragalela Gongwe le Millennium?
Fa esale go tloga ka 1914 ditiragalo tsa lefatshe di bontsha gore re tshela mo ‘bokhutlong jwa lefatshe.’ Jesu o ne a bolela gape gore kokomana eo e amanang le ditiragalo tse di boleletsweng pele tseo ga e kitla e “heta go tlo go tsamaee dilō cotlhe tse di dihale pele.” A seno se raya gore Puso ya ga Keresete ya Millennium e tla thulana le millennium ono wa boraro?—Mathaio 24:3-21, 34.
Jesu o ne a tlhagisa balatedi ba gagwe gore ba seka ba leka go fopholetsa. O ne a bolela jaana: “Ga se ga lona go itse metlha kgotsa dipaka, tse Rara o di ipeetseñ mo thateñ ea gagwe.” (Ditihō 1:7) Mme fa e le ka “letsatsi yeuō, le nako euō,” eo ditiragalo tseno di tla diragalang ka yone, Jesu o ne a bolela gore ke Rraagwe, Jehofa Modimo fela yo a neng a e itse. (Mathaio 24:36) Ka gone, Bibela ga e tshegetse letsatsi la katlholo le le bolelwang ke palo e jaanong e oketsegang ya baperofeti le mekgatlho le ba reng le tla nna mo bosigogareng jwa bofelo jwa 1999 Pele ga Ngwaga o Mosha, ba re e tla nna lone bokhutlo jwa lefatshe.
Lefa go ntse jalo, ditiragalo tsa gone jaanong tsa lefatshe di supa ka phepafalo gore nako ya bokhutlo ya tsamaiso eno e e lefifi, ya dilo e “hetile” mme Millennium wa ga Keresete o “atametse.” (Baroma 13:12) Go na le go fopholetsa gore letsatsi le le tlhomameng le ura ya seo e tla nna leng, ke nako ya gore jaanong re batle kitso ya seo Modimo o se batlang gore re falole. (Yohane 17:3) Ka tsela eo, o tla bo o ithuta gore o nne gareng ga bao Jesu a tla ba rayang a re: “Tlaañ, lona basegōhadiwa ba ga Rrè, ruañ bogosi yo lo bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe.” (Mathaio 25:34) Basupi ba ga Jehofa ba a rata ebile ba ka kgona go go thusa go nna gareng ga bao ba tla ipelelang masego a Millennium o o molemolemo o o tlang.b
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona buka Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b O ka rulaganyetsa go nna le thuto ya Bibela ya legae ya mahala ka go kwalela bagatisi ba makasine ono.
[Mafoko a a mo go tsebe 6]
“Tlaañ, lona basegōhadiwa ba ga Rrè, ruañ bogosi yo lo bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe”