Dikgang Tsa Bogosi No. 36
Mileniamo o Mosha—Isagwe E go Tshwaretse Eng?
Mileniamo o Mosha—A ke Tshimologo ya Motlha o Mosha?
MO BOSIGOGARENG jwa December 31, 1999, ke fa lekgolo la bo20 la dingwaga le khutla.a E nnile lekgolo la dingwaga le le neng le tletse ka dikhuduego tse dintsi. Mme gape mo go lone go ne ga simologa boranyane jo bosha jwa saense, dikgatelopele tse dikgolo mo go tsa kalafi, go anama ga tshedimosetso le go gola ka bonako ga ikonomi ya lefatshe lotlhe. Ka gone, batho ba le bantsi ba tsaya mileniamo o mosha e le letshwao la tsholofelo le diphetogo. A gongwe go tla direga gore mo go lone go se ka ga tlhola go nna le dintwa, khumanego, kgotlelo ya tikologo le malwetse?
Batho ba le bantsi ba solofela jalo. Mme a go ka direga gore mileniamo o mosha o nne le diphetogo tse di tla go solegelang molemo—diphetogo tse di tla dirang gore botshelo jwa gago le jwa lelapa la gago bo bolokesege le go sireletsega? Akanya ka mangwe a mathata a magolo a re lebaneng le one.
Kgotlelo
Dinaga tse di tlhabologileng di “senya tikologo mo lefatsheng lotlhe le go baka kgotlelo le tshenyo ya tikologo.” Fa dilo di ka tswelela pele kafa di leng ka teng gompieno, “tikologo e tla senngwa thata.”—“Global Environment Outlook—2000,” United Nations Environment Programme.
Bolwetse
“Ka ngwaga wa 2020, go solofetswe gore malwetse a a sa tshwaetseng e tla bo e le one a a bolayang batho ba le supa mo go ba le lesome ba ba swang kwa dinageng tse di tlhabologang, fa go bapisiwa le sephatlo fela sa bone gompieno.”—“The Global Burden of Disease,” Harvard University Press, 1996.
Bomankge bangwe ba bolela gore “ka 2010, [go tla bo go tshela] batho ba ba kafa tlase ga dimilione di le 66 kwa dinageng di le 23 tse di aparetsweng ke leroborobo la [AIDS].”—“Confronting AIDS: Evidence From the Developing World,” A report of the European Commission and the World Bank.
Khumanego
“Batho ba ba ka nnang dimilione di le dikete di le 1,3 ba tshela ka madi a a kafa tlase ga dolara [diranta di le 6] ka letsatsi mme ba ba ka nnang dimilione di le sekete ga ba kgone go bona dijo tse di lekaneng.”—“Human Development Report 1999,” United Nations Development Programme.
Ntwa
“Thubakanyo mo [dinageng tse di farologaneng] e gakala thata. E re ka thubakanyo e e ntseng jalo e tlhotlhelediwa ke [dikgotlhang] tsa setso, morafe le bodumedi, . . . e tla dira gore go nne le . . . mofuta o o tlwaelegileng thata wa kgotlhang mo kwatareng e e latelang ya lekgolo la dingwaga . . . , e e tla bolayang batho ba le dikete di le makgolokgolo ngwaga le ngwaga.”—“New World Coming: American Security in the 21st Century,” U.S. Commission on National Security/21st Century.
Ka jalo megolokwane le boipelo jo bo ntseng bo goelediwa ka ntlha ya mileniamo o mosha bo fitlha boammaaruri jwa gore kgotlelo, bolwetse, khumanego le ntwa di gaketse thata go feta pele. Dilo tse di tlhotlheletsang mathata ano ke bogagaru, go sa ikanyege le bopelotshetlha—dilo tse di se kitlang di nyelediwa ke dipatlisiso tsa saense, boranyane jwa saense kana dipolotiki.
Mileniamo o o Tla Leretseng Batho Masego
MOKWADI mongwe wa bogologolo o kile a lemoga seno: “Tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela kgato ya gagwe.” (Jeremia 10:23, NW) Motho ga a tlhaele fela bokgoni mme gape ga a na tshwanelo ya go laola lefatshe. Ke Modiri wa rona fela e bong Jehofa Modimo yo o nang le tshwanelo e bile ke ene fela yo o nang le bokgoni jwa go rarabolola mathata a batho.—Baroma 11:33-36; Tshenolo 4:11.
Mme o tla dira seo leng? Jang? Go na le bosupi jo bontsi jo bo bontshang gore re gaufi thata le bokhutlo jwa “metlha ya bofelo.” Tsweetswee bula Baebele ya gago, mme o bale 2 Timotheo 3:1-5. E tlhalosa sentle mekgwa e batho ba tla nnang le yone mo ‘dinakong tseno tsa mathata.’ Mathaio 24:3-14 le Luke 21:10, 11 le tsone di tlhalosa “metlha ya bofelo.” Mo go tsone go buiwa thata ka ditiragalo tse di diragetseng tota fa e sa le go tloga ka 1914, tse di jaaka ntwa ya lefatshe lotlhe, dikgogodi tsa malwetse le go tlhaela ga dijo mo go gaketseng.
“Metlha ya bofelo” e tloga e khutla. Daniele 2:44 e bolela jaana: “Modimo wa legodimo o tlaa tlhoma bogosi jo bo se ketlang bo senngwa gope, . . . mme bo tlaa thubaganya bo nyeletsa magosi ao otlhe [a mo lefatsheng], mme bo tlaa ema ka bosakhutleng.” Ka jalo go ne ga bolelelwa pele gore Modimo o tla tlhoma Bogosi kana puso e e tla laolang lefatshe. Go ya ka Tshenolo 20:4, puso eno e tla busa ka dingwaga di le sekete—mileniamo! Akanya fela ka ditsela tse dingwe tse maemo a botshelo a tla tokafalelang batho ka tsone mo Mileniamong ono o o itumedisang:
Ikonomi. “Ba tlaa aga matlo, ba nna mo go one; ba tlaa tlhoma masimo a mafine, ba ja maungo a one. Ga ba ketla ba aga, mme go nne o sele; ga ba ketla ba tlhoma, mme go je o sele.—Isaia 65:21, 22.
Botsogo. “E dira gone matlho a difofu a tlaa foufololwang, le ditsebe tsa bosusu di tlaa thibololwang. E dira gone setlhotsa se tlaa tlolang jaaka kwalata, le loleme lwa semumu lo tlaa opela.” “Monni wa gona ga a ketla a re: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24; 35:5, 6.
Tikologo. Modimo o tla “senyaka ba ba senyakang lefatshe.”—Tshenolo 11:18.
Go Tshedisana ga Batho. “Ga [ba] ketla [ba] utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng yotlhe ya me e e boitshepo; gonne lefatshe le tlaa bo le tletse kitso ya go itse Jehofa.”—Isaia 11:9.
Dimilione tsa batho di dumela ditsholofetso tseno tsa Baebele mme seno se dirile gore ba nne le tsholofelo, le pono e e siameng ka isagwe. Ka ntlha ya seo, ba kgona go itshokela dikgatelelo le mathata a botshelo ka tsela e e molemo. Baebele e ka go kaela jang mo botshelong jwa gago?
Kitso e e Isang Botshelong!
KA DINAKO tse dingwe saense le boranyane jwa saense di ka kgatlha tota! Mme gone, kitso e motho a nang le yone ga ya dira gore botshelo bo sireletsege le go itumedisa mo bathong ba le bantsi. Kitso e le nngwe fela e e ka dirang jalo e tlhalositswe mo Baebeleng mo go Johane 17:3, e e bolelang jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go anya ga bone kitso kaga gago, Modimo o o osi wa boammaaruri, le kaga yo o mo rometseng, Jesu Keresete.”
Kitso e e ntseng jalo e bonwa mo Baebeleng. Le fa gone batho ba le bantsi ba na le maikutlo a a rileng ka buka eno e e boitshepo, ke ba le mmalwa fela ba ba kileng ba e itlhatlhobela. Go tweng ka wena? Gone ke boammaaruri gore, go bala Baebele go tlhoka go tseelwa matsapa. Mme ga se matsapa a lefela. Baebele ke yone fela buka e e ‘tlhotlheleditsweng ke Modimo e bile e mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go sugeng ka tshiamo.’—2 Timotheo 3:16.
Jalo he, o ka simolola go itlwaelanya jang le Baebele? Ke eng fa o sa letle Basupi ba ga Jehofa ba go thusa? Ba ruta dimilione tsa batho mahala kwa magaeng a bone. Go go thusa go dira seno, ba dirisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng, tse di jaaka boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore Re Direng? Bo araba ka tlhamalalo dipotso tse o ka tswang o na le tsone malebana le Baebele, tse di jaaka: Modimo ke Mang? Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe? Bogosi jwa Modimo ke eng? Baebele e ka tokafatsa jang botshelo jwa lelapa la gago?
Fa e le gore o ka rata mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a go etela kwa legaeng la gago, tsweetswee tlatsa setlankana se se fa tlase fano. Ba tla itumelela go go naya tshedimosetso e e oketsegileng malebana le Puso e e itumedisang ya Mileniamo ya Bogosi jwa Modimo!
□ Nka rata go amogela boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng?
□ Tsweetswee ikgolaganyeng le nna malebana le thuto ya Baebele ya legae ya mahala
[Ntlha e e kwa tlase]
a Fano re bua ka tsela e bontsi jwa batho ba Botlhaba ba lebang dilo ka yone malebana le mileniamo o mosha. Fa re bua sentle, mileniamo o mosha o simologa ka January 1, 2001.