A go Bonako Thata Kana go Thari Thata?
BOSHENG jaana go ntse go buiwa dilo di le dintsi thata ka ga go simolola ga lekgolo la bo21 la dingwaga le ga mileniamo wa boraro morago ga go tsalwa ga ga Jesu Keresete. Makasine wa Newsweek o ne wa bolela gore “lekgolo la bo20 la dingwaga, le le neng la simolola e le Lekgolo la Dingwaga la Ntwa e Kgolo mme la feleletsa e le Motlha wa Dibetsa Tsa Atomo, le bonala le khutla e le Motlha wa Boitlosobodutu.” Mo tokololong ya one ya January 22, 1997 makasine ono o ne wa bega jaana: “Dihotele mo lefatsheng lotlhe di setse di tletse” go baakanyetsa go ya go keteka Bosigo jwa Bofelo Pele ga Ngwaga o Mosha, jwa December 31, 1999.
Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba bolela gore go sa ntse go le phakela thata go keteka. Ba bontsha gore go farologana le se batho ba le bantsi ba se dumelang, lekgolo la bo21 la dingwaga le mileniamo o mosha ga di simolole ka January 1, 2000, mme di simolola ka January 1, 2001. Ka gonne go ne go se na ngwaga wa 0, lekgolo la ntlha la dingwaga le ne la simolola ka ngwaga 1 go fitlha ka ngwaga 100, lekgolo la bobedi la dingwaga ka 101 go fitlha ka 200, jalo jalo. Ka jalo, go bolelwa gore lekgolo la bo20 la dingwaga, le le neng la simolola ka January 1, 1901, le mileniamo wa bobedi, o o neng wa simolola ka January 1, 1001, ga di kitla di khutla pele ga December 31, 2000.
Go na le ntlha e nngwe gape e re tshwanetseng go akanya ka yone. Khalendara ya rona e arola nako mo motheong wa gore a dilo di ne tsa direga pele kana morago ga go tsalwa ga ga Keresete. Bakanoki ba lemoga jaanong gore Jesu o ne a tsalwa pelenyana ga nako e go neng go akanngwa gore ke yone pele, ka jalo seno se dira gore ntlha ya botlhokwa thata ya khalendara e se ka ya tlhomama. Go na le dikgopolo tse di farologaneng tsa gore Jesu o ne a tsalwa leng, le fa go ntse jalo, tatelano ya ditiragalo tsa Baebele e supa ngwaga wa 2 B.C.E. Fa re leba dilo go ya ka tsela eno, mileniamo wa boraro morago ga go tsalwa ga ga Keresete totatota o simolotse ka letlhabula la ngwaga ono (kwa hemisefereng ya bokone)! Tshedimosetso e e oketsegileng e ka bonwa mo makasineng wa Tsogang! ya May 22, 1997 (ka Seesemane), mo tsebeng ya 28, le wa December 22, 1975 (ka Seesemane), mo tsebeng ya 27.a
Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, go botlhale go tila go bua ka go gatelela gore lekgolo la bo21 la dingwaga le mileniamo o mosha di tlile go simolola mo dibekeng di sekae fela. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya dikgopolo tseno tse di tlwaelegileng, Tsogang! e bona go tshwanela mo nakong eno gore e bue ka setlhogo seno sa “Lekgolo la Bo20 la Dingwaga—Dingwaga Tse di Botlhokwa Thata Tsa Diphetogo.”
[Ntlha e e kwa tlase]
a Gape bona makasine wa Tora ya Tebelo ya November 1, 1999.