LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 11/1 ts. 4-6
  • Mileniamo ya Boraro e Simologa Leng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mileniamo ya Boraro e Simologa Leng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu o Tshotswe Leng?
  • A Ditsholofelo Tsa Bone ka Mileniamo di Tla Swabisiwa?
  • A go Bonako Thata Kana go Thari Thata?
    Tsogang!—1999
  • 2000—A ke Ngwaga o o Tshwailweng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ngwaga wa 2000 o Botlhokwa go le Kana Kang?
    Tsogang!—1998
  • Millennium O O Molemolemo—O A Atamela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 11/1 ts. 4-6

Mileniamo ya Boraro e Simologa Leng?

AO KILE wa utlwa go twe mileniamo ya boraro e ka se ka ya simologa ka ngwaga wa 2000 mme e tla simologa ka 2001? Seo se boammaaruri—go ya bokgakaleng jo bo rileng. Fa re tsaya gore Jesu Keresete o ile a tsholwa ka ngwaga o jaanong o itsegeng e le 1 B.C.E., jaaka bangwe ba kile ba akanya, go tla raya gore December 31, 2000 (e seng 1999), ke yone e tla tshwayang bokhutlo jwa mileniamo ya bobedi, mme January 1, 2001, e tla tshwaya tshimologo ya mileniamo ya boraro.a Le fa go ntse jalo, gompieno mo e ka nnang bakanoki botlhe ba dumela gore Jesu Keresete ga a a tsholwa ka 1 B.C.E. Ka gone mme, o ile a tsholwa leng?

Jesu o Tshotswe Leng?

Baebele ga e tlhalose letlha le le tlhamaletseng la go tsholwa ga ga Jesu. Le fa go ntse jalo, e bolela gore o tshotswe “mo malatsing a ga Herode kgosi.” (Mathaio 2:1) Bakanoki ba le bantsi ba Baebele ba dumela gore Herode o sule ka ngwaga wa 4 B.C.E. le gore Jesu o tshotswe pele ga foo—gongwe mo e ka nnang ka 5 kana 6 B.C.E. Ba theile ditshwetso tsa bone malebana le go swa ga ga Herode mo go se se builweng ke mokwalahisitori wa Mojuda wa lekgolo la ntlha e bong Flavius Josephus.b

Go ya ka Josephus, nakwana fela pele Kgosi Herode a swa, go ile ga nna le go fifala ga ngwedi. Bakanoki ba Baebele ba tsaya phifalo e e sa felelang ya ngwedi ka March 11, 4 B.C.E., e le bosupi jwa gore Herode o tshwanetse a bo a ile a swa ka one ngwaga oo. Le fa go ntse jalo, ka ngwaga wa 1 B.C.E., go ile ga nna le phifalo e e feletseng ya ngwedi ka January 8, ga ba ga nna le phifalo ya ngwedi e e sa felelang ka December 27. Ga go na ope yo o itseng gore a Josephus o ne a bua ka nngwe ya diphifalo tse di diragetseng ka 1 B.C.E. kana ya 4 B.C.E. Ka jalo, re ka se ka ra dirisa mafoko a ga Josephus go tlhalosa ngwaga o e leng one tota o Herode a suleng ka one. Tota le fa re ne re ka kgona go dira jalo, fa re se na tshedimosetso e e oketsegileng re sa ntse re se kitla re kgona go itse gore Jesu o tshotswe leng.

Bosupi jo bo nonofileng jo re nang najo jwa letlha le Jesu a tshotsweng ka lone bo tswa mo Baebeleng. Pego e e tlhotlheleditsweng e bolela gore ntsalaagwe Jesu e bong Johane Mokolobetsi o ne a simolola tiro ya gagwe ya boporofeti mo ngwageng wa bo15 wa puso ya Mmusimogolo wa Roma e bong Tiberio Kaesara. (Luke 3:1, 2) Hisitori e tlhomamisa gore Tiberio o ne a tlhomiwa go nna mmusimogolo ka September 15, 14 C.E., ka jalo ngwaga wa gagwe wa bo15 o ne o tla simolola go tloga ka karolo ya bofelo ya 28 C.E. go fitlha ka karolo ya bofelo ya 29 C.E. Johane o ne a simolola bodiredi jwa gagwe ka nako eo, mme go bonala fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe dikgwedi tse thataro moragonyana. (Luke 1:24-31) Fa seno se kopanngwa le bosupi jo bongwe, go dira gore re bone gore bodiredi jwa ga Jesu bo ile jwa simologa ka letlhabula la 29 C.E.c Baebele e bolela gore fa Jesu a simolola bodiredi jwa gagwe ‘o ne a na le dingwaga di ka nna masome a mararo.’ (Luke 3:23) Fa e le gore o ne a le dingwaga tse 30 ka letlhabula la 29 C.E., o tshwanetse a bo a ile a tsholwa ka letlhabula la 2 B.C.E. Ka jalo, fa re bala dingwaga tse di dikete tse pedi go ya pele go tloga ka letlhabula la 2 B.C.E. (re gakologelwa gore go ne go se na ngwaga wa lefela; ka jalo, go tloga ka 2 B.C.E. go ya go 1 C.E. ke dingwaga tse pedi), re lemoga gore mileniamo ya bobedi e ile ya fela mme mileniamo ya boraro e ile ya simologa ka letlhabula la 1999!

A seo se botlhokwa? Ka sekai, a tshimologo ya mileniamo ya boraro e tla tshwaya tshimologo ya Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Jesu Keresete, e go buiwang ka yone mo go Tshenolo? Nnyaa. Ga go na gope mo Baebele e bontshang teng gore go na le kamano nngwe fa gare ga mileniamo ya boraro le Puso ya Dingwaga Tse di Sekete ya ga Keresete.

Jesu o ile a tlhagisa balatedi ba gagwe malebana le go fopholetsa ka matlha. O ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana: “Ga se ga lona go nna le kitso ya dinako kgotsa dipaka tse Rara a di beileng mo taolong ya gagwe.” (Ditiro 1:7) Pelenyana ga moo Jesu o ne a bontsha gore tota le ene o ne a sa itse gore Modimo o tla diragatsa leng katlholo mo tsamaisong e e boikepo eno, gore Puso ya ga Keresete ya Mileniamo e simologe. O ne a bolela jaana: “Malebang le letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng, lefa e le baengele ba magodimo kgotsa Morwa, fa e se Rara fela.”—Mathaio 24:36.

A go a utlwala go lebelela gore Keresete o tla boa dingwaga tse 2 000 tota go tloga ka letlha le a tshotsweng ka lone jaaka motho? Nnyaa, ga go utlwale. Jesu o tshwanetse a bo a ne a itse letlha le a tshotsweng ka lone. Mme o tshwanetse a bo a ne a itse go bala dingwaga tse 2 000 go tswa mo letlheng leo. Le fa go ntse jalo, o ne a sa itse letsatsi le ura ya go tla ga gagwe. Kwantle ga pelaelo, go ne go ka se nne motlhofo go tshwaya letlha la go boa ga gagwe! ‘Dinako le dipaka’ di ne di le mo taolong ya ga Rraagwe—nako e e beilweng e e itsiweng ke ene a le nosi.

Mo godimo ga moo, Jesu ga a ka a laela balatedi ba gagwe gore ba mo letele mo lefelong lengwe le le rileng. Ga a ka a ba raya a re ba phuthege ba bo ba mo leta, go na le moo o ne a re ba gasagane “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe” mme ba dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa. Ga a ise a ko a senye taolo eo.—Ditiro 1:8; Mathaio 28:19, 20.

A Ditsholofelo Tsa Bone ka Mileniamo di Tla Swabisiwa?

Le fa go ntse jalo, bangangatlelatumelo bangwe ba na le ditebelelo tse dikgolo ka ngwaga wa 2000. Ba dumela gore mo dikgweding di sekae tse di tlang, dikarolo dingwe tsa buka ya Tshenolo di tla diragadiwa ka tsela ya mmatota. Ebu, ba ipona ba na le seabe ka namana mo go di diragatseng. Ka sekai, ba tlhalosa ka boporofeti jo bo mo go Tshenolo 11:3, 7, 8, jo bo bolelang ka basupi ba babedi ba ba porofetang mo ‘motseng o mogolo o ka tlhaloganyo ya semoya o bidiwang Sodoma le Egepeto, koo Morena wa bone a neng a bapolelwa gone le ene.’ Fa ba fetsa go neela bosupi, basupi ba babedi bano ba bolawa ke phologolo ya naga e e bogale e e tswang mo moleteng o o se nang bolekeletso.

Go ya ka pego e e mo go The New York Times Magazine ya December 27, 1998, moeteledipele wa setlhopha sengwe sa bodumedi “o ile a bolelela balatedi ba gagwe gore ene ke mongwe wa basupi ba babedi bao, yo o laoletsweng gore a itsise ka go senngwa ga lefatshe le ka ga go tla ga Morena—morago ga foo a bo a bolawa ke Satane mo mebileng ya Jerusalema.” Babusi ba kwa Iseraele ba na le mabaka a a utlwalang a go tshwenyega. Ba boifa gore majelathoko mangwe a ka nna a leka go “diragatsa” boporofeti joo ka boone—le fa seo se ka raya go tlhotlheletsa ntwa ya dibetsa! Le fa go ntse jalo, Modimo ga a tlhoke “thuso” ya batho go diragatsa boikaelelo jwa gagwe. Boporofeti jotlhe jwa Baebele bo tla diragadiwa ka nako e e beilweng ke Modimo le ka tsela ya Modimo.

Buka ya Tshenolo e ne ya kwalwa ka “ditshupo.” Go ya ka Tshenolo 1:1, Jesu o ne a batla go senolela “batlhanka ba gagwe” (e seng lefatshe ka kakaretso) se se neng se tloga se diragala. Gore batlhanka kana balatedi ba ga Keresete ba tlhaloganye buka ya Tshenolo, ba ne ba tla tlhoka moya o o boitshepo wa Modimo, o Jehofa a o neelang ba ba mo kgatlhang. Fa e le gore buka ya Tshenolo e ka tlhaloganngwa fela jaaka e ntse, go raya gore tota le batho ba ba se nang tumelo ba ka kgona go e bala le go e tlhaloganya. Mme fa go ntse jalo go tla bo go sa tlhokege gore Bakeresete ba rapelele moya o o boitshepo gore ba e tlhaloganye.—Mathaio 13:10-15.

Go ya ka bosupi jwa Baebele, re ile ra bona gore mileniamo ya boraro go tloga ka go tsholwa ga ga Jesu e simologa ka letlhabula la 1999 le gore letlha leo le fa e le la January 1, 2000, kana la January 1, 2001 ga go na lepe la tsone le le nang le botlhokwa jo bo rileng. Le fa go ntse jalo, go na le mileniamo e Bakeresete ba e kgatlhegelang thata. Fa e le gore ga se mileniamo ya boraro, ke efe? Setlhogo sa bofelo mo motseletseleng ono se tla araba potso eo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona lebokoso le le nang le setlhogo se se reng “A ke 2000 Kana 2001?” mo tsebeng ya 5.

b Go ya ka tatelano ya ditiragalo ya bakanoki bano, mileniamo ya boraro e tshwanetse ya bo e ile ya simologa ka 1995 kana 1996.

c Go bona ditlhaloso tse di oketsegileng, tsweetswee bona Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., Bolumo 1, ditsebe 1094-5.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

A ke 2000 Kana 2001?

Gore o tle o tlhaloganye gore ke ka ntlha yang fa bangwe ba bolela gore mileniamo ya boraro go tloga ka nako ya go tsholwa ga ga Jesu e tla simologa ka January 1, 2001, akanya ka setshwantsho seno. A re re o bala buka e e nang le ditsebe tse 200. Fa o fitlha mo tshimologong ya tsebe ya bo200, o feditse go bala ditsebe di le 199, go setse fela tsebe e le nngwe e o tshwanetseng go e bala. O ka se ka wa fetsa go bala buka eo go fitlhela o fitlha mo bofelong jwa tsebe 200. Ka mo go tshwanang, go tla bo go fetile dingwaga di le 999 tsa mileniamo eno ka December 31, 1999, jaaka ba le bantsi ba akanya, go setse ngwaga o le mongwe fela go fitlha kwa bofelong jwa mileniamo. Ka go akanya jalo, mileniamo ya boraro e simologa ka January 1, 2001. Le fa go ntse jalo, seo ga se bolele gore ka letlha leo, go tla bo go fedile dingwaga di le 2 000 tota go tloga ka letlha la go tsholwa ga ga Jesu, jaaka setlhogo seno se bontsha.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Tsela e Thulaganyo ya go Bala ka B.C.-A.D. e Simologileng ka Yone

Mo masimologong a lekgolo la borataro la dingwaga C.E., Mopapa John I o ne a laela moitlami mongwe yo o bidiwang Dionysius Exiguus gore a simolole thulaganyo ya go bala e e neng e tla thusa dikereke gore di kgone go tlhoma letlha le le ka fa molaong la Ista.

Dionysius o ne a simolola tiro. O ne a balela nako kwa morago, go feta loso lwa ga Jesu, a ba a fitlha mo go se a neng a akanya gore ke ngwaga o Jesu a tshotsweng ka one; mme a balela ngwaga mongwe le mongwe kwa pele go tloga ka nako eo. Dionysius o ne a bitsa nako ya go tloga ka go tsholwa ga ga Jesu a re ke “A.D.” (go emela Anno Domini—“mo ngwageng wa Morena wa rona.”) Le mororo Dionysius a ne a batla fela go dira gore go nne le tsela e e tlhomameng ya go bala Ista ngwaga le ngwaga, ka go sa itse o ne a simolola kgopolo ya go bala dingwaga go tloga ka nako ya go tsholwa ga ga Keresete go ya pele.

Le fa bontsi jwa bakanoki ba dumela gore Jesu ga a tsholwa ka ngwaga o Dionysius a ileng a o dirisa gore e nne motheo wa go bala matlha, thulaganyo ya gagwe ya go bala ka tatelano ya ditiragalo e dira gore re kgone go ka bona gore ditiragalo dingwe di diragetse leng le gore re bone gore di amana jang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela