LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 11/1 ts. 3-4
  • 2000—A ke Ngwaga o o Tshwailweng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 2000—A ke Ngwaga o o Tshwailweng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mileniamo ya Boraro e Simologa Leng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ngwaga wa 2000 o Botlhokwa go le Kana Kang?
    Tsogang!—1998
  • Millennium wa Boraro—A O Tla Diragatsa Ditsholofelo tsa Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • A go Bonako Thata Kana go Thari Thata?
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 11/1 ts. 3-4

2000—A ke Ngwaga o o Tshwailweng?

A GO na le sengwe se se kgethegileng ka ngwaga wa 2000? Batho ba ba nnang kwa dinageng tsa Bophirima ka kakaretso ba e leba e le ngwaga wa ntlha wa mileniamo ya boraro. Go dirwa dipaakanyetso tse dikgolo tsa go e keteka. Go tsenngwa ditshupanako tse dikgolo tsa khomputara go bala metsotswana go fitlha mileniamo e ntšha e simologa. Go rulaganngwa meletlo ya go keteka Bosigo Pele ga Ngwaga o Mosha. Go rekisiwa dikipa tse di kwadilweng moano o o supang gore ke bokhutlo jwa mileniamo mo mabenkeleng a ditoropo tse dinnye le mo marekisetsong a magolo a ditoropo tse dikgolo.

Dikereke tse dikgolo le tse dinnye di tla bo di tsenetse mediro e e tla ketekiwang ngwaga otlhe. Mo masimologong a ngwaga o o tlang, go lebeletswe gore Mopapa John Paul II a tseye loeto go ya kwa Iseraele go ya go etelela Bakatoliki ba Roma pele mo go se se bidiwang “mokete wa jubile wa mileniamo wa Kereke ya Katoliki ya Roma.” Go fopholediwa gore bajanala ba ba fa gare ga dimilione di le pedi le sephatlo le dimilione di le thataro, go tloga ka ba ba tlhoafetseng go ya go ba ba batlang fela go itse, ba rulaganya go etela kwa Iseraele ngwaga o o tlang.

Ke eng fa go na le batho ba le bantsi jaana ba ba rulaganyang go etela kwa Iseraele? Fa Mokadinale Roger Etchegaray yo e leng modiredimogolo wa Vatican a buelela mopapa, o ne a re: “Ngwaga wa 2000 ke mokete wa ga Keresete le botshelo jwa gagwe mo nageng eno. Ka jalo go a tshwanela gore Mopapa a tle kwano.” Ngwaga wa 2000 o amanngwa jang le Keresete? Gantsi go akanngwa gore ngwaga wa 2000 o tshwaya dingwaga di le 2 000 go tloga ka nako ya go tsholwa ga ga Keresete. A mme go ntse jalo? Re tla bona.

Ngwaga wa 2000 o botlhokwa le go feta mo malokong a ditlhopha dingwe tsa bodumedi. Ba dumela gore mo ngwageng o o tlang kana morago ga one, Jesu o tla boela mo Thabeng ya Motlhware mme ntwa ya Aramagedona, e go buiwang ka yone mo bukeng ya Tshenolo, e tla lwelwa mo mokgatšheng wa Megido. (Tshenolo 16:14-16) E re ka baagi ba le bantsi ba United States ba lebeletse ditiragalo tseno, ba rekisa magae a bone le bontsi jwa dithoto tsa bone mme ba fudugela kwa Iseraele. Gore batho bape fela ba ba sa kgoneng go tlogela magae a bone ba solegelwe molemo, go begwa gore moefangele mongwe yo o tumileng wa kwa United States o solofeditse gore o tla itsise go boa ga ga Jesu mo thelebisheneng—ka ditshwantsho tsa mmala!

Mo dinageng tsa Bophirima dithulaganyo tsa go gorosa mileniamo ya boraro di ya magoletsa. Le fa go ntse jalo, batho ba kwa dinageng tse dingwe ba tswelela ka botshelo jwa bone jo bo tlwaelegileng. Batho bano—ba e leng bontsi jwa baagi ba lefatshe—ga ba dumele gore Jesu wa Nasaretha e ne e le Mesia. E bile ga ba amogele mokgwa wa go bala nako wa B.C.-A.D.a Ka sekai, Bamoseleme ba le bantsi ba dirisa khalentara ya bone ka namana, e go ya ka yone ngwaga o o tlang e tla bong e le ngwaga wa 1420—e seng wa 2000. Bamoseleme ba bala dingwaga go tloga ka letlha le moporofeti Muhammad a ileng a tshaba go tswa kwa Mecca a ya kwa Medina ka lone. Ka kakaretso, batho mo lefatsheng lotlhe ba dirisa dikhalendara tse 40 tse di farologaneng.

A ngwaga wa 2000 o tshwanetse go nna le bokao bongwe mo Bakereseteng? A tota January 1, 2000 ke letsatsi le le botlhokwa? Dipotso tseno di tla arabiwa mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Mo thulaganyong ya go bala matlha ya B.C.-A.D., ditiragalo tse di diragetseng pele ga nako e e tsewang e le ngwaga wa go tsholwa ga ga Jesu di supiwa e le tsa dingwaga tsa “B.C.” (pele ga Keresete); tse di ileng tsa diragala morago ga foo di tshwaiwa e le dingwaga tsa “A.D.” (Anno Domini—“mo ngwageng wa Morena wa Rona.”) Le fa go ntse jalo, bakanoki bangwe ba ba rutegileng ba rata go dirisa matshwao a “B.C.E.” (pele ga Motlha wa rona o o Tlwaelegileng) le “C.E.” (mo Motlheng wa rona o o Tlwaelegileng.)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela