Millennium wa Boraro—A O Tla Diragatsa Ditsholofelo tsa Gago?
RE BALA nako e e setseng jaanong. Tshupanako e e supang nako ka dipalo e e fa pele ga lefelo la morafe la Beaubourg kwa Paris, kwa Fora, e bontsha palo ya metsotso e e setseng. E tla tswelela jalo e ntse e bala nako e e setseng e sa eme go fitlha bosigogare jwa December 31, 1999. Ka nako eo, sengwe seo se ileng sa itemogelwa gangwe fela mo Motlheng ono wa rona o o Tlwaelegileng se tla diragala: go simologa ga millennium o mosha, millennium wa boraro.
“2000, ka tsela nngwe, ‘ke tiragalo e kgolo go gaisa e e lebeletsweng’ mo hisitoring ya motho,” go akantsha jalo mmatlisisi mongwe wa loago Bernward Joerges wa Berlin, kwa Jeremane. Ke ka ntlhayang fa go na le tebelelo e e ntseng jalo? Mo godimo ga moo, ngwaga wa 2000 ke nngwe ya matlha fela mo go tsamayeng ga nako. Kwantle ga moo, letlha leno le lemogiwa fela ke bao ba dirisang khalendara ya Bophirima. Go ya ka khalendara ya Seiselamo, 2000 C.E. e wela mo ngwageng wa Seiselamo wa 1420; mme go ya ka khalendara ya Bajuda, mo go 5760 A.M.
Mme fa a ne a buisana le Dagens Nyheter eleng pampiri ya dikgang ya Sweden, Porofesa Joerges o tlhalosa jaana: “Ka ntlha ya puso ya dikolone le go busiwa ga dinaga dingwe ke tse dingwe, go balwa ga dingwaga ka tsela ya ga Gregory e e simololang ka seo go dumelwang gore ke botsalo jwa ga Keresete, go ile ga dirisiwa mo dikarolong tse dikgolo tsa lefatshe.” Ka gone ngwaga wa 2000 o tla tshwaya tiragalo e kgolo mo bathong ka bontsi. Perofesa Joerges o bua jaana: “Batho ba le bantsi ba tla amanya matshelo a bone le sengwe le sengwe le tiragalo eno.”
Lefa go le jalo, ba le bantsi ba gopotse ka se se fetang fela go tshwaya nako eno. “Ditiro tse dikgolo le dithulaganyo tse di tla ‘tshwayang’, tseo di tla supang botlhokwa jwa tiragalo eno le go e keteka di setse di ntse di baakanngwa ke batho ba mefuta yotlhe le ba maemo a a farologaneng,” go bua jalo Joerges. O oketsa ka go re “mo kgolokweng yotlhe, barulaganyi ba bagolo ba kgwebo le ‘batho ba ba rulaganyetsang ditshupo’ ba akanyetsa le go rulaganyetsa ditiragalo tse dikgolo thata.” Bangwe ba ba bonelang pele ba bolela gore “re tlile go nwela mo dibukeng tse dintsi tseo di tla kwalwang ka lekgolo le le fetileng la dingwaga. Boradikgang ba bagolo botlhe ba tla kwala go le gontsi thata kaga millennium o o simologang oo. Seteitšhane sengwe sa TV sa Jeremane Bophirima se rulaganyetsa go gasa mananeo a sone ka diura di le 24 go dikologa lefatshe.”
Metswedi ya dikgang e tla tlhomamisa gore go phasaladiwa go le gontsi ka ngwana wa bofelo yo o tla tsholwang ka 1999 le wa ntlha yo o tla tsholwang ka 2000. Babegadikgang ba tla bo ba le tlhaga go bua le batho ba sekae bao ba tshotsweng mo lekgolong la bo 19 la dingwaga go ba botsa gore ba ikutlwa jang ka go bo ba tshedile mo makgolong a mararo a dingwaga le moteng ga di-millennium tse pedi! Bangwe ba bile ba ikutlwa gore tiragalo yotlhe eno ya millennium e tla dira gore batho ba le bantsi ba boife. Go ya ka mongwe yo a neng a bonela dilo tseo di sa itumediseng pele, o bolela gore ka nako e le nngwe fela ya bosigogare mo Bosigong joo jwa Ngwaga o Mosha, batho ba le bantsi ba tla ipolaya.
Go sa kgathalesege dilo tse go bonalang di fetelediwa tseo, re tlhaloganya gore tiragalo eno e tsosa kgatlhego nngwe. Ba le bantsi mo lefatsheng leno la rona le le tletseng mathata, ba leba millennium o mosha jaaka lesedinyana la tsholofelo, kgoro e e isang kwa isagweng e e botoka. Bangwe ba lebelela gore saense le boranyane di tla ba naya isagwe eo mo go yone ba tla kgonang go ja dijo tse di botoka le go tshela ka boleele, ba sa dire tiro e ntsi mme ba nna kwa gae ka mo go oketsegileng; fa metšhine ya dikomputara e e ntseng jaaka batho e tla dira ditiro tse di lapisang batho; go tlhakanngwa ga diatomo go tla bo go fetola metsi lookwane. Ba lebeletse pele isagwe ya TV e e bontshang matlhakore otlhe a setshwantsho, dithelefono tse babuisanyi ba bonanang mo go tsone, metšhine ya fax e e gatisang ka mebala, le dithelefono tse di ranolang ka bofefo. Ba akanya gore ba tla ya kwa Ngweding, kwa Mars, le kwa dinaleding tse dingwe tse dikgolo, go epa khumo ya bone koo.
Mme ga se botlhe bao ba lebeletseng dilo tse di molemo. Babatlisisi bangwe ba leba millennium ono o mosha jaaka nako e go ka se kgonweng go laola go oketsega ga batho le go senyega ga tikologo. Go kgotlelwa ga moya go dira loapi lwa lefatshe leno go nna molelo. Ditlhoa tsa dikgapetla di tla gakologa mme mawatle a tla gogomoga, a dira merwalela mo lefatsheng leo le lengwang, leo le nnang baagi mme le dira gore dimilionemilione tsa diheketere tsa naga e e lengwang e nne dikaka. Ba lebeletse pele lefatshe leo itsholelo ya lone e tla phutlhamang, go sa tlhomamang ga dipolotiki tseo di tla tshikinyang bogoromente le mekgatlho, bokebekwa jo bo sa laolesegeng, mme sengwe se se maswe go gaisa, namane e tona ya tshenyo ya nuklea eo e tla nyeletsang batho botlhe.
Ba ba bonelang pele ba na le lenane le leleele la dilo tse ba di lebeletseng pele mme ga go na sepe sa bone seo se tlhomameng fa go buiwa ka millennium o o atamelang. Go na le dilo di le dintsi tseo di sa kgonweng go bonelwa pele tseo di amegang mo go boneleng pele isagwe ka tlhomamo. Porofesa mongwe yo o bonelang pele isagwe o tshwantsha seno le go tshameka tšhese jaana: “Pele ke tshameka, ke lebelela gore ke tla kgona go tshameka go ya kwa pele ga kae. Mme morago ga gore yo ke tshamekang kgatlhanong nae a tshameke, ke simolola gape.”
Nako ke yone fela e e tla senolang seo ngwaga wa 2000 o se tshotseng. Lefa go ntse jalo, seno ga se reye gore isagwe ya gago e tshwanetse go nna e e sa tlhomamang. Bibela e re naya bosupi jo bo lekaneng jwa gore re gaufi le millennium wa botlhokwa go na le o o tla simologang mo dingwageng tse di kafa tlase ga tse di lesome tse di tlang. Millennium o o atamelang ono o tla feta ditebelelo dipe fela tsa motho kgakala! Tota seno se kaya eng? Se tla ama eng? Re go laleletsa gore o sekaseke setlhogo sa rona se se latelang mme o ithute gore Bibela ya reng.