Ditshwantsho go Tswa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng
Joredane E o Ka Tswang o sa E Itse
O KA gakologelwa ditiragalo dingwe tse di tlwaelegileng fa go umakiwa Noka ya Joredane: Baiseraele ba eteletswe pele ke Joshua ba tshela fa mmung o o omeletseng wa yone gaufi le Jeriko; Naamane a tlhapa ga supa mo metsing a yone gore a fole lepero la gagwe; Bajuda ba bantsi, moragonyana le Jesu ba tla fa go yone go tla go kolobediwa ke Johane.—Yoshue 3:5-17; 2 Dikgosi 5:10-14; Mathaio 3:3-5, 13.
Go lebega ditiragalo tsotlhe tse di itsegeng tseno di diragetse mo karolong e telele le e e itsegeng sentle ya Joredane, karolo e e kwa borwa jwa Lewatle la Galilea le go ya kwa tlase kwa Lewatleng le le Suleng. Mme baithuti ba ba tlhaga ba Lefoko la Modimo ba ka nna ba se tlhokomele karolo e nngwe gape ya Joredane—karolo e e kwa bokone ya noka eno le lefelo le le e dikologileng. Leba mmapa.a Kgaolo e e kwa tlase e e fa gare ya Great Rift Valley, ke lenga le le bakilweng ke popego ya lefatshe leo le simologang kwa Siria go fitlha mo Afrika.
Melatswana e meraro e e tshelang metsi mo Nokeng ya Joredane ke melatswana e e tswang mo semathaneng se se gakologang go tswa mo Thoteng e e kwa godimo ya Heremone. Molatswana o o kwa botlhaba thata (tsebe 17, kwa godimo) o tswa mo lekgotlhong la manyaphiri gaufi le kwa kutung ya thaba. Ke gone koo Kaesarea Filipi e neng e le gone; gakologelwa gore Jesu o ne a etela koo pele fela fa a ne a fetoga ponalo mo “thabeñ e e godileñ.” (Mathaio 16:13–17:2) Molatswana o mongwe o tswa kafa thotanyaneng koo go neng go agilwe motse wa Dana gone, koo Baiseraele ba bogosi jo bo neng bo le kwa bokone ba neng ba tlhomile namane ya gouta gone. (Baatlhodi 18:27-31; 1 Dikgosi 12:25-30) Molatswana wa boraro o kopana le e mebedi eno go dira Noka ya Joredane, eo e tshologang dimetara tse di fetang 300 go tswa kwa godimo le dikilometara di ka nna 11.
Mme mokgatsha oo o ikala go dira Hula Basin, o dira gore metsi a Joredane a aname, o dira lefelo le legolo le le nang le seretse. Mo metlheng ya bogologolo, bontsi jwa metsi ano bo ne bo tshelegela fa go neng go se boteng thata fa go neng go itsiwe jaaka Letsha la Hula (kana Hule). Mme Letsha la Hula ga le sa tlhole le le gone ka gonne mo dinakong tsa moragonyana karolo e e kwa godimo ya Joredane e ne ya tlhamaladiwa, go ne ga dirwa dikanala go goga metsi mo mafelong a a seretse, mme moedi o o neng o ya kwa letšheng o ne wa epelwa kwa tlase. Ka gone, fa o leba mmapa wa lefelo leo me o bona letšha (Hula) kafa bokone jwa Lewatle la Galilea, itse gore mmapa oo ke wa kgaolo eo wa metlha ya bogologolo, mme ga se wa jaaka o e fitlhela gompieno.
Lefa go le jalo, fa o etela koo, o tla fitlhela tshingwana nngwe ya dilo tsa tlhago eo o ka kgonang go bona gore lefelo leno le ne le lebega jang mo metlheng ya Bibela, fa e ne e le legae la mefuta mengwe e e kgethegileng ya dimela, jaaka dikgwa tse go neng go logiwa dilo ka tsone tsa motsitla le tsa matlhaka.—Yobe 8:11.
Lefelo leno e ne e le legae la dinonyane tse di farologaneng tse di neng di sa tshwane nako le nako. Bokokolofute, megolodi, dikukara, maeba, le dinonyane tse dingwe di ne di le dintsi fano, mme e le ka gonne di ne di kgona go ikhutsa mo morageng le mo letsheng fa di ne di fuduga go tswa kwa Yuropa go tla mo Afrika. (Duteronome 14:18; Pesalema 102:6; Yeremia 8:7) Dibopiwa tse dingwe tseo go neng go tshwanela go bo di ne di le fano di ne di sa bonale thata, mme go nna teng ga tsone go ne go dira gore o se eletse go tshela Hula Basin. Tseno go lebega di ne di akaretsa tau, kubu, phiri le kolobe ya naga. (Yobe 40:15-24; Yeremia 49:19; 50:44; Habakuke 1:8) Ka dinako dingwe go ne go nna le monang o montsi o o tsenyang bolwetsi jwa malaria, eleng bongwe jwa malwetsi a letshoroma a a umakiwang mo Bibeleng.
Go tlhaloganngwa gore baeng ba ba neng ba tsamaya ba le nosi mmogo le ditlhopha tse di neng di tsamaya ka dikolotsana di ne di kgabaganya lefelo leno le le moraga. Ka jalo ba ne ba ka tshela Noka ya Joredane kwa mokgatšheng o o kwa bokone jwa Lewatle la Galilea fa kae?
Go ne go na le maje a basalete a a gaufi le Lewatle la Galilea; golo fano fa eketeng letamo ke gone go neng go dira gore metsi a kgobokane mme a dire Letsha la Hula. O ka bona karolo ya maje a a emeng ano mo tsebeng ya 16. Fa Joredane e a ralala go ya kwa borwa jwa Lewatle la Galilea (leo le bonalang o sa le kgakala), e tsamaela ka bonako mo metsi a yone a nnang masweu. Go phepafetse gore baeng ba bogologolo ba ne ba fitlhela go le kotsi go kgokologela mo pharagatlheng e e boteng eno go tshela metsi a a elelang ka bonako ano a Joredane.
Fa gare ga lefelo le le moraga la Hula Basin le pharagatlha eno go ne go na le karolwana e khutshwane e e lobala eo metsi a yone a neng a elela ka bonya. Batsamai ba bogologolo ba ne ba kgona go kgabaganya noka fano ka pabalesego, mme e ne ya nna karolo ya tsela e kgolo e go neng go tsamaiwa ka yone go kgabaganya Lefatshe le le Solofeditsweng. Jaanong go agilwe borogo fa lefelong leno, leo e santseng e le lefelo le legolo le go kgabaganngwang Joredane fa go lone.
Hula Basin jaanong ke lefelo le le nonneng thata le go lengwang le go ruelwa mo go lone; go na le eleng megobe e e nang le ditlhapi. Dilo tsotlhe tseno di gone ka gonne go na le metsi a mantsi a a elelang mo karolong eno ya Noka ya Joredane.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bapisa mmapa o mogolwane le setshwantsho se se leng mo go 1990 Calendar of Jehovah’s Witnesses.
[Mmapa mo go tsebe 17]
(For fully formatted text, see publication)
Hula
Lewatle la Galilea
Based on a map copyrighted by Pictorial Archive (Near Eastern History) Est. and Survey of Israel.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 16]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.
Animal photos: Safari-Zoo of Ramat-Gan, Tel Aviv