Seabe sa Babusi Ba Bagolo
“Ke modihedi oa Modimo mo go wèna, gore u tlo u bōnè molemō. Me ha u diha se se boshula, u boihè.”—BAROMA 13:4.
1, 2. Bontsi jwa batho bao ba leng mo go Labodumedi ba ile ba kopanela mo ditirong tsa go lere diphetogo jang?
DINGWAGA tse pedi tse di fetileng, kokoano nngwe ya bobishopo kwa Lontone e ne ya dira gore go nne le kgang nngwe e e neng e supa tšhakgalo mo go New York Post. Pokano eo e ne e le Lambeth Conference, eo go neng go na le bobishopo ba ba fetang 500 ba Anglican kwa go yone. Tšhakgalo eo e ne ya bakiwa ke tshwetso ya kokoano eo e e neng e bolela gore e tlhaloganya seo batho “bao fa ba sena go dira maiteko otlhe, ba neng ba tlhopha go lere tshiamiso ka go lwa ka dibetsa.”
2 Post e ne ya bolela gore seno tota ke go dumelela borukhutli. Lefa go ntse jalo, bobishopo bao ba ne ba latela mokgwa o o ntseng o dirwa o o golang. Maikutlo a bone a ne a sa farologane ka gope le a moruti wa Mokatoliki wa kwa Ghana yoo a neng a akantsha gore ntwa ya borukhutli ke tsela e e bofefo, le e e tlhomamisegang, le e babalesegileng ya go golola Afrika; kana ya bishopo wa Methodist ya Afrika yoo a neng a ikana gore o tla tswelela ka “ntwa ya kgololesego go fitlha go sha logong go sala molora”; kana ya barongwa ba bantsi ba Labodumedi ba ba neng ba thusa batsuolodi go lwa kgatlhanong le dipuso tsa Asia le Amerika Borwa.
Bakeresete ba Boammaaruri Ga Ba ‘Ganetse Babusi’
3, 4. (a) Bao ba bidiwang gore ke Bakeresete mme ba lwela diphetogo ba tlola molaomotheo ofe? (b) Motho mongwe o ne a lemoga eng ka Basupi ba ga Jehofa?
3 Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe mo lekgolong la ntlha la dingwaga a re: ‘Ga se ba lefatshe, fela jaaka nna ke se wa lefatshe.’ (Yohane 17:14) Mongwe le mongwe fela yo o bidiwang Mokeresete mme a rotloetsa go lwela diphetogo tota ke karolo ya lefatshe. Ga se molatedi wa ga Jesu; ga a “ineele mo go utlweñ babusi ba bagolo.” (Baroma 13:1) Go ka nna botoka fa a ka reetsa tlhagiso ya ga moaposetoloi Paulo ya gore “eo o ganañ mmushō, o gana molaō oa Modimo: me ba ba ganañ ba tla ipōnèla tshekishō.”—Baroma 13:2.
4 Go farologana le batho ba bantsi ba Labodumedi, Basupi ba ga Jehofa ga ba amane ka gope le thubakanyo e e dirwang ka dibetsa. Monna mongwe kwa Yuropa o ne a lemoga seno. O kwala jaana: “Fa ke sena go bona maungo a bodumedi le a dipolotiki, ke ne ka ikaelela go senya thulaganyo yotlhe ya semorafe. Ke ne ka tsena mo setlhopheng sa barukhutli mme ka rutiwa go dirisa mefuta yotlhe ya ditlhabano; ke ne ka nna le seabe mo go utsweng ke tshotse dibolao. Botshelo jwa me bo ne bo aga bo le mo kotsing. Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga bonala gore se re se dirang ga se thuse sepe. Ke ne ke tlaletswe, ke fekeeditswe ke kgopolo ya gore botshelo ga bo na molemo ope. Mosupi mongwe o ne a kokota mo mojakong wa rona. O ne a mpolelela ka Bogosi jwa Modimo. Ke ne ka gatelela gore seno ke go senya nako fela, mme ka akantsha gore mosadi wa me a reetse. O ne a dira jalo mme go ne ga simololwa thuto ya legae ya Bibela. Kgabagare ke ne ka dumela go tla go reetsa thuto eo. Ke tlhoka mafoko a go tlhalosa kafa ke neng ka ikutlwa ke gololesegile ka gone fa ke tla go itse ka maatla a a tlhotlheletsang batho go dira bosula. Tsholofetso e e molemo eno ya Bogosi e nneile tsholofelo e e ntshegetsang le go nna le boikaelelo mo botshelong.”
5. Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba nna ka kagiso ba ikobetse babusi ba bagolo, mme ba tla nna jalo go fitlha leng?
5 Bakeresete ke baemedi kana barongwa ba Modimo le Keresete. (Isaia 61:1, 2; 2 Bakorintha 5:20; Baefesia 6:19, 20) Ka gone, ba nna ba itlhaotse mo dintweng tsa lefatshe leno. Le eleng lefa ditsamaiso dingwe tsa bopolotiki di lebega di atlega mo ikonoming ya tsone go gaisa tse dingwe, ebile tse dingwe di naya kgololesego go feta tse dingwe, Bakeresete ga ba tshegetse kana gone go leba tsamaiso e nngwe e le botoka mo go e nngwe. Ba itse gore ditsamaiso tsotlhe ga di a itekanela. “Molaō oa Modimo” ke one o letlileng gore di tswelele go fitlha fa Bogosi jwa gagwe bo tla go busa. (Daniele 2:44) Ka gone, Bakeresete ba nna ba ikobela babusi ba bagolo ka kagiso fa ba ntse ba dira gore ba bangwe ba bone boitekanelo jwa goyagoile ka go rera mafoko a a molemo a Bogosi.—Mathaio 24:14; 1 Petere 3:11, 12.
Go Ikobela Molao
6. Ke ka ntlha yang fa melao e mentsi ya batho e le molemo le eleng lefa “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula”?
6 Dipuso tsa merafe di tlhomile ditsamaiso tsa melao, mme bontsi jwa melao eno bo molemo. A seno se tshwanetse go re gakgamatsa, segolo thata ka lebaka la ntlha e e reng “lehatshe yeotlhe le namaletse ha tlhatse ga eo o boshula”? (1 Yohane 5:19) Nnyaa. Jehofa o ne a neile rraarona wa ntlha, Adame, segakolodi, mme kakanyo eno e e mo teng ya go bona se se molemo le se se bosula e bonala ka ditsela tse dintsi mo melaong ya motho. (Baroma 2:13-16) Motlhomamolao wa kwa Babelona wa bogologolo, ebong Hammurabi, o ne a kwala seno mo ketapeleng ya melao ya gagwe: “Ka nako eo [ba] ne ba ntlhopha ba bolela gore ke nna nka dirang gore batho ba tshele sentle, nna, Hammurabi, kgosana e e ineetseng, e e boifang Modimo, gore nka dira gore tshiamiso e nne gone mo nageng, ka nyeletsa baikepi le ba ba bosula, gore ba ba nonofileng ba se ka ba gatelela ba ba bokoa.”
7. Fa mongwe a tlola molao, ke mang yo o tshwanetseng go mo otlhaya mme ka ntlha yang?
7 Dipuso tse dintsi di ka bolela gore boikaelelo jwa melao ya tsone le jone bo a tshwana: ke go dira gore baagi ba tshele sentle le gore go nne le thulaganyo e e molemo mo setšhabeng. Ka gone, ba otlhaela ditiro tse di kotsi mo bathong, tse di jaaka polao le go utswa, mme ba tlhoma melao, e e tshwanang le ya go laola lobelo lwa tsela le melao ya go emisa koloi. Motho ope fela yo o tlolang melao ya bone ka boomo, o kgatlhanong le taolo mme o “tla ipōnèla tshekishō.” A atlholwa ke mang? E ka nna ya se ka ya nna Modimo. Lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka tshekiso fano le ka raya dithulaganyo tsa puso tsa molao go na le dikatlholo tsa ga Jehofa. (Bapisa 1 Bakorintha 6:7) Fa mongwe a tlola molao, babusi ba bagolo ba na le tshwanelo ya go mo otlhaya.
8. Phuthego e tla dira eng fa leloko lengwe le dira molato o o masisi wa go tlola molao?
8 Basupi ba ga Jehofa ba na le leina la lentle la gore ga ba ganetse babusi ba batho. Fa go diragala gore motho mongwe mo phuthegong a tlole molao, phuthego ga e kitla e mo thusa gore a tile kotlhao ya kafa molaong. Fa mongwe a utswa, a bolaya, a senya yo mongwe leina, a sa duele makgetho a a lekaneng, a betelela, a tsietsa, a dirisa diokobatsi tse di sa dumelelweng ke molao, kana a ganetsa puso e e tlhomilweng ka tsela epe, o tla bona kotlhao e e botlhoko go tswa mo phuthegong—mme ga a tshwanela go ikutlwa gore o a bogisiwa fa a atlholwa ke babusi ba lefatshe.—1 Bakorintha 5:12, 13; 1 Petere 2:13-17, 20.
Se Se Boifiwang
9. Bakeresete ba na le motswedi ofe wa nonofo fa ba tshosediwa ke batho ba ba sa ikobeleng molao?
9 Paulo o tswelela go bua ka babusi ba bagolo, ka go bolela jaana: “Gonne balaodi ga ba na go boihwa ke eo o mo tihoñ e e molemō, ha e se ke eo o mo go e e boshula hèla. Me a u rata ua bo u se na poihō ea mmushō? diha se se molemō, me u tla bakwa kaga shōna.” (Baroma 13:3) Bakeresete ba ba ikanyegang ga ba kake ba boifa go otlhaiwa ke babusi mme baikepi, ba ba dirang ‘ditiro tse di bosula,’ tsa bonokwane ke bone ba boifang. Fa ba tshosediwa ke batho ba ba ntseng jalo ba ba sa ikobeleng molao, Basupi ba ga Jehofa ba ka dumela go sirelediwa ke mapodisi kana masole.—Ditihō 23:12-22.
10. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba ‘bakiwa’ ke babusi jang?
10 Paulo o bua jaana le Mokeresete yo o bolokang molao wa babusi ba bagolo: “U tla bakwa kaga shōna.” Ka sekai, tlhokomela makwalo ao Basupi ba ga Jehofa ba neng ba a amogela morago ga dikopano tsa bone tsa kgaolo kwa Brazil. Le le tswang kwa mokwaleding wa lefapha la mmasepala la metshameko le ne la re: “Lo tshwanetse go bakiwa thata ka boitsholo jwa lona jwa go nna le kagiso. Go a gomotsa tota go itse gore mo lefatsheng le le tletseng mathata leno go santse go na le batho ba bantsi jaana ba ba santseng ba dumela mo Modimong ebile ba o obamela.” Le le tswang kwa motsamaising wa setadiamo seo sa mmasepala le ne la re: “Lemororo go ne go tlile palo e ntsi tota, ga go a diragala sepe se se neng sa senya tiragalo eno, re leboga phuthego ya lona e e senang selabe.” Le le tswang kwa ofising ya ga ratoropo le ne la re: “Re rata go lo akgolela go bo lo na le thulaganyo le boitsholo jo bontle, jo lo bo supang fela lo sa laelwe ke ope, mme re lo eleletsa katlego mo dilong tseo lo tla di dirang mo isagweng.”
11. Ke ka ntlha yang fa go ka se ka ga bolelwa gore mafoko a a molemo ke tiro e e bosula?
11 Lereo ‘ditiro tse di molemo’ le raya ditiro tseo di dirwang go ikobelwa melao ya babusi ba bagolo. Mo godimo ga moo, tiro ya rona ya go rera, eo re e laetsweng ke Modimo go e dira, eseng motho, ga se tiro e e bosula—ntlha eo babusi ba dipolotiki ba tshwanetseng go e lemoga. Ke tiro e e direlwang botlhe eo e dirang gore boitsholo jwa bao ba reetsang bo nne jwa maemo a a kwa godimo. Ka gone, re solofela gore babusi ba bagolo ba tla sireletsa tshwanelo ya rona ya go rerela ba bangwe. Paulo o ne a ikuela mo babusing go tlhomamisa go rerwa ga mafoko a a molemo ka molao. (Ditihō 16:35-40; 25:8-12; Bafilipi 1:7) Bosheng jaana, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba batla gore tiro ya bone e dumelelwe ka molao, kwa Jeremane Botlhaba, Hungary, Poland, Romania, Benin, le Myanmar (Burma) mme ba ne ba ba dumelelwa.
“Ke Modihedi oa Modimo”
12-14. Babusi ba bagolo ba ile ba dira jaaka badihedi ba Modimo jang mo (a) metlheng ya Bibela? (b) mo metlheng ya segompieno?
12 Paulo o ne a tswelela jaana a bua ka babusi ba selefatshe: “Ke modihedi oa Modimo mo go wèna, gore u tlo u bōnè molemō. Me ha u diha se se boshula, u boihè: gonne ga aa cholèla chaka lehèla: gonne ke modihedi oa Modimo, le mmusholosi mo go eo o dihañ boshula, go mmontsha bogale.”—Baroma 13:4.
13 Ka dinako dingwe dipuso tsa merafe di ile tsa dira jaaka modiredi wa Modimo ka ditsela dingwe tse di kgethegileng. Kurose o ne a dira jalo fa a ne a laela Bajuda go tswa kwa Babelona go ya go tsosolosa ntlo ya Modimo. (Esere 1:1-4; Isaia 44:28) Aretaserese o ne a direla Modimo fa a ne a roma Esere ka moneelo wa go tsosolosa ntlo eo le moragonyana fa a ne a roma Nehemia go tsosolosa dithako tsa Jerusalema. (Esere 7:11-26; 8:25-30; Nehemia 2:1-8) Babusi ba bagolo ba Roma ba ne ba mo direla fa ba ne ba golola Paulo mo segopeng sa batho kwa Jerusalema, fa ba ne ba mo sireletsa fa a ne a thubegetswe ke sekepe, le fa ba ne ba rulaganyetsa gore a nne le ntlo ya gagwe kwa Roma.—Ditihō 21:31, 32; 28:7-10, 30, 31.
14 Babusi ba selefatshe ba ile ba dira jaaka modiredi wa Modimo ka tsela e e tshwanang le mo metlheng eno ya segompieno. Ka sekai, ka 1959, Kgotlatshekelokgolo ya kwa Canada e ne ya atlhola gore mongwe wa Basupi ba ga Jehofa yo a neng a latofadiwa kwa Quebec ka gore o ne a phatlalatsa mafoko a go tsuologela puso le a a neng a e senya o ne a se molato—ka gone ba kgala go tlhokomologa tshwanelo ya semolao ga tonakgolo ya Quebec ya nako eo, Maurice Duplessis.
15. Babusi ba dira jaaka badihedi ba Modimo jang ka kakaretso, mme seno se ba naya tshwanelo efe?
15 Mo godimo ga moo, ka kakaretso fela, dipuso tsa merafe di dira jaaka modiredi wa Modimo ka go dira gore go nne le thulaganyo go fitlha fa Bogosi jwa Modimo bo tla go rwala boikarabelo joo. Go ya ka Paulo, babusi ba dira jalo ka go ‘tshola tšhaka,’ ba supa tshwanelo ya bone ya go otlhaya. Gantsi seno se kopanyeletsa go tsenngwa mo kgolegelong kana go duedisiwa madi. Mo dinageng tse dingwe go ka nna ga akaretsa go bolawa.a Kafa letlhakoreng le lengwe, merafe e mentsi e ile ya tlhopha go se nne le katlholo ya loso, mme seo gape ke kafa ba batlang ka gone.
16. (a) Ereka puso e le modihedi wa Modimo, bangwe ba batlhanka ba Modimo ba ile ba bona go le molemo go dira eng? (b) Mokeresete ga a kake a dumela go dira tiro efe, mme ke ka ntlha yang fa a ka se ka a e dira?
16 Ntlha ya gore babusi ba bagolo ke modiredi wa Modimo e tlhalosa lebaka la go bo Daniele, Bahebera ba bararo, Nehemia, le Moredekai ba ne ba kgona go amogela maemo a boikarabelo mo dipusong tsa Babelona le Peresia. Ka gone ba ne ba ka kgona go ikuela mo babusing ba Naga go direla batho ba Modimo molemo. (Nehemia 1:11; Esethere 10:3; Daniele 2:48, 49; 6:1, 2) Bakeresete bangwe gompieno ba direla puso. Mme ereka ba ikgaogantse le lefatshe, ga ba tsene mo makokong a bopolotiki, ba batla maemo a dipolotiki, kana ba amogela maemo a go dira ditaolo mo mekgatlhong ya dipolotiki.
Botlhokwa jwa Tumelo
17. Ke maemo afe a a ka nnang a dira batho ba eseng Bakeresete gore ba se ineele mo babusing?
17 Go tweng he, fa babusi ba letla mekgwa e e bosula kana le eleng kgatelelo? A Bakeresete ba tshwanetse go leka go tlosa puso eo mme ba tlhome eo ba akanyang gore e botoka? Go boammaaruri gore go tlhoka tshiamo ga dipuso le ditiro tse dingwe tse di bosula ga go simolole. Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, Mmusomogolo wa Roma o ne o mpampetsa dilo tse di sa siamang jaaka bokgoba. O ne o lesa balaodi ba ba neng ba dira ditiro tse di maswe fela o sa ba re sepe. Bibela e bua ka bakgethisi bao ba neng ba tsietsa, moatlhodi yo o sa siamang, le mmusisi wa kgaolo yo a neng a batla pipamolomo.—Luke 3:12, 13; 18:2-5; Ditihō 24:26, 27.
18, 19. (a) Bakeresete ba dira eng fa ba sa tshwarwe sentle kana fa balaodi ba puso ba dira ditiro dingwe tse di phoso? (b) Bakeresete ba ne ba tokafaditse matshelo a batho jang, jaaka go bontshitswe ke raditiragalo mongwe le lebokose le le fa tlase?
18 Bakeresete ba ka bo ba ile ba lwa kgatlhanong le go sa tshwarweng sentle goo morago koo, mme ga ba a ka ba dira jalo. Ka sekai, Paulo ga a ka a rera ka gore go khutlisiwe bokgoba, ebile ga a ka a raya Bakeresete ba ba nang le batlhanka a re ba golole batlhanka ba bone. Go na le moo o ne a gakolola batlhanka le beng ba batlhanka go supa lorato lwa Bokeresete fa ba dirisana mmogo. (1 Bakorintha 7:20-24; Baefesia 6:1-9; Filemone 10-16; bona gape 1 Petere 2:18.) Ka mo go tshwanang, Bakeresete ba ne ba sa tsenelele mo ditirong tsa go lwela diphetogo. Ba ne ba tshwaregile thata ka go rera “Mahoko a a Molemō a kagishō.” (Ditihō 10:36) Masole a Roma a ne a dikaganyetsa Jerusalema ka 66 C.E. mme morago a ne a boela kwa morago. Go na le gore ba nne le batsuolodi ba ba neng ba femela motse bao, Bakeresete ba Bahebera ba ne ba ‘tshabela kwa dithabeng’ ba ikobela kaelo ya ga Jesu.—Luke 21:20, 21.
19 Bakeresete ba pele ba ne ba tshela mo maemong ao fela jaaka a ne a ntse mme ba ne ba leka go tokafatsa matshelo a batho ka go ba thusa go latela melaometheo ya Bibela. Raditiragalo John Lord o ne a kwala jaana mo bukeng ya gagwe The Old Roman World: “Diphenyo tsa boammaaruri tsa Bokeresete di ne di bonwa ka batho ba ba molemo bao ba neng ba latela dithuto tsa jone, go na le gore ba fetole dithulaganyo tseo di neng di lebega ekete di itsege thata, kana dipuso, kana melao.” A Bakeresete ba gompieno ba tshwanetse go dira ka tsela e e farologaneng?
Fa Puso ya Naga E Sa Batle go Thusa
20, 21. (a) Puso nngwe ya lefatshe e ne ya palelwa go dira molemo jaaka modihedi wa Modimo jang? (b) Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go dira eng fa Puso ya Naga e dumalana gore ba bogisiwe?
20 Ka September 1972, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bogisiwa setlhogo kwa nageng nngwe kwa bogare jwa Afrika. Diketekete tsa bone di ne tsa tseelwa dithoto tsotlhe le go dirwa dilo tse di maswe tota, go akaretsa le go itewa, ba tlhokofadiwa, le go bolawa. A babusi ba bagolo ba ne ba dira tiro ya bone go sireletsa Basupi? Nnyaa! Go na le moo, ba ne ba kgothaletsa thubakanyo eo, ba dira gore Bakeresete bano ba ba ka se kang ba utlwisa motho botlhoko ba tshabele kwa dinageng tse di fa gaufi go bona tshireletsego.
21 A Basupi ba ga Jehofa ga ba a tshwanela go tsogologela babogisi bano ka bogale? Nnyaa. Bakeresete ba tshwanetse go itshokela go sotliwa goo ka bopelotelele, ba dira ka boikokobetso ba etsa Jesu jaana: “Eo e rileñ a kgoywa, a se ka a ba a kgōba; eo e rileñ a boga botlhoko, a se ka a bōpa; me a ineèla hèla mo go eo o atlholañ ka tshiamō.” (1 Petere 2:23) Ba gakologelwa gore fa Jesu a ne a tshwarwa kwa tshimong ya Gethesemane, o ne a kgalema morutwa yo a neng a tla go mo lwela ka lerumo, mme moragonyana o ne a raya Ponto Pilatwe a re: “Bogosi yoa me ga se yoa lehatshe yeno: ha bogosi yoa me e ka bo e le yoa lehtshe yeno, batlhanka ba me ba ko ba tlhabana, gore ke se ka neèlwa Bayuda: me yana bogosi yoa me ga se yoa mono.”—Yohane 18:36; Mathaio 26:52; Luke 22:50, 51.
22. Basupi bangwe ba mo Afrika ba ne ba tlhoma sekao sefe se se molemo fa ba ne ba bogisiwa botlhoko?
22 Ereka ba ne ba akantse ka sekao sa ga Jesu Basupi bao ba kwa Afrika ba ne ba kgona go latela kgakololo eno ya ga Paulo: “Se dueleñ boshula yoa ga opè ka boshula. Akanyañ dilō tse di tlotlègañ mo matlhoñ a batho botlhe. Ha go ka nna yalo, lo nnè kagishō le batho botlhe, kaha nonohoñ ea lona. Baratwa, se ipusholosetseñ, me lo thibogèlè bogale; gonne go kwadilwe, ga twe, Pusholoshō ke ea me; ke tla duèla, go bua Morèna.” (Baroma 12:17-19; bapisa Bahebera 10:32-34.) Abo bakaulengwe bao ba rona ba kwa Afrika e le sekao se se tlhotlheletsang ruri jang ne mo go rona rotlhe gompieno! Le eleng fa babusi ba sa dire ka tshiamo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba tlogele melaometheo ya Bibela.
23. Ke dipotso dife tse di setseng tse go tla tlotliwang ka tsone?
23 Lefa go le jalo, babusi ba bagolo ba ka lebelela eng mo Bakereseteng? Mme a dilo tseo ba nang le tshwanelo ya go di batla mo go bone ka tsela nngwe di lekanyeditswe? Go tla tlotliwa ka seno mo setlhogong se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Molao o o neng o tswa kwa Modimong kwa Iseraeleng wa bogologolo o ne o akaretsa go atlholelwa loso fa o dirile molato o mogolo.—Ekesodo 31:14; Lefitiko 18:29; 20:2-6; Dipalō 35:30.
A O KA Tlhalosa?
◻ Motho a ka ‘gana’ babusi ba bagolo ka ditsela dife tse dingwe?
◻ “Molaō oa Modimo” mabapi le balaodi ba puso ke eng?
◻ Babusi ba tshwanetse go “boihwa” ka tsela efe?
◻ Dipuso tsa batho di dira jang jaaka “modihedi oa Modimo”?
[Lebokoso mo go tsebe 21]
Lokwalo go Tswa kwa Mookameding wa Mapodisi
OFISI ya lekala ya Watch Tower kwa Brazil e ne ya amogela lokwalo lo lo neng lo kwadilwe “Tirelo ya Botlhe ya Naga ya Minas Gerais.” Lo ne lo tswa kwa mookameding wa mapodisi wa toropo ya Conquista. A go ne go na le molato mongwe? A lokwalo lono lo tlhalose. Lo bolela jaana:
“Morena yo o rategang:
“Ke itumelela go go ikitsise ka lokwalo lono. Ke sale ke ntse ke le mookamedi wa mapodisi mo toropong ya Conquista, Minas Gerais, ka dingwaga tse di ka nnang tharo. Ke leka go nna kelotlhoko ka metlha fa ke le mo tirong, mme ke ne ke tlhola ke nna le bothata jwa go boloka kagiso mo kgolegelong. Lemororo magolelwa a rutilwe ditiro dingwe, a ne a tlhola a sasanka fela.
“Dikgwedi dingwe tse di fetileng, Senhor O—— o ne a tla mo toropong ya rona mme a bolela fa e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O ne a simolola go rerela bangwe ba magolegwa ka Bibela, a ba ruta go bala le go kwala le go ba bontsha gore ba itlhokomele jang mo mmeleng le dilo tse dingwe tsa loago mmogo le go ba bolelela ka Bibela e e Boitshepo. Tsela eo moreri yono a neng a dira ka yone e ne e supa fa a ineetse, a le lorato ebile a intsha setlhabelo. Ka bonako fela boitshwaro jwa magolegwa bo ne jwa fetoga jwa nna botoka, seo se neng sa gakgamatsa sa bo sa anaanelwa ke bao ba neng ba lebile.
“Mabapi le seo se neng sa diragala mo kgolegelong ya rona, ke rata go bolelela Watch Tower Bible and Tract Society semmuso kafa re anaanelang ka gone tiro e e molemo eo moreri yo o molemo yoo a neng a e dira mo tikologong ya rona.”
Moaposetoloi Paulo o ne a bua jaana kaga balaodi ba puso: “Diha se se molemō, me u tla bakwa kaga shōna.” (Baroma 13:3) Seno se ne se le boammaaruri tota mo kgannyeng e e fa godimo. Abo seo se supa fa Lefoko la Modimo le na le maatla a go fetola jang ne ka seo se neng sa dirwa ke mafoko a a molemo mo dikgweding di le mmalwa fela, seo thulaganyo ya kotlhao e neng e paletswe ke go se dira ka dingwaga tse dintsi!—Pesalema 19:7-9.