LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 2/15 ts. 24-25
  • Lebaka la go bo Kobamelo ya Bokeresete E Le ya Maemo A A Kwa Godimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka la go bo Kobamelo ya Bokeresete E Le ya Maemo A A Kwa Godimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Keresete O Mogolo go Baengele le Moshe
  • Bakeresete Ba Tsena mo Boikhutsong jwa Modimo
  • Boperesiti Jo Bo kwa Godimo le Kgolagano
  • Tumelo E Botlhokwa!
  • Buka ya Bibela ya bo 58—Bahebera
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dinku Tse Dingwe le Kgolagano e Ntšha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ntshang Ditlhabelo Tseo Di Itumedisang Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
  • Masego a Magolwane a a Tlang Ka Kgolagano e Ntšha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 2/15 ts. 24-25

Lebaka la go bo Kobamelo ya Bokeresete E Le ya Maemo A A Kwa Godimo

Dintlhakgolo go tswa go Lekwalo Le Le Yang go Bahebera

JEHOFA MODIMO o ne a simolola dikarolo tsa maemo a a kwa godimo tsa kobamelo fa a ne a romela Morwawe, ebong Jesu Keresete, mo lefatsheng. Go ne go ntse jalo ka gonne Jesu, ebong Mosimolodi wa Bokeresete, o mogolo mo baengeleng le mo go moperofeti Moshe. Boperisiti jwa ga Keresete ke jo bo kwa godimo thata fa bo bapisiwa le jwa Balefi mo nakong ya Iseraele wa bogologolo. Ebile setlhabelo sa ga Jesu se kwa godimo thata fela go gaisa sa diphologolo tseo di neng tsa ntshiwa mo Molaong wa ga Moshe.

Dintlha tseno di tlhalosiwa sentle mo lekwalong leo le neng le kwaletswe Bahebera. Go bonala le ne le kwadilwe ke moaposetoloi Paulo mo e ka nnang ka 61 C.E. mme a le romelela baobamedi ba Bahebera ba ba kwa Judea. Go tloga kwa dinakong tsa pele, Bakeresete ba Bagerika le ba kwa Asia ba ne ba dumela gore Paulo ke ene a neng a le kwala, mme seno se tshegediwa ke lebaka la go bo mokwadi yono a ne a tlwaelane ka botlalo jaana le Dikwalo tsa Sehebera le lebaka la go bo a ne a le kwala ka go ntsha mabaka a a utlwalang, eleng selo seo moaposetoloi yono a neng a se dira ka metlha yotlhe. O ka nna a bo a ile a se ka a dirisa leina la gagwe ka ntlha ya go bo Bajuda ba ne ba sa mmatle le ka gonne o ne a itsege jaaka “moaposetoloi oa Badichaba.” (Baroma 11:13) Jaanong a re ko re lebeleleng dikarolo tse di kwa godimo tsa Bokeresete ka kelotlhoko, jaaka fa di bontshiwa ke lekwalo la ga Paulo leo a neng a le kwalela Bahebera.

Keresete O Mogolo go Baengele le Moshe

Selo sa ntlha seo se bontshiwang ke boemo jo bo kwa godimo jwa Morwa Modimo. (1:1–3:6) Baengele ba a mo ikobela, mme puso ya gagwe ya bogosi e ikaegile go Modimo. Ka jalo re tshwanetse ra tlhokomela thatathata seo se neng sa bolelwa ke Morwa. Mo godimo ga moo, re tshwanetse ra gakologelwa gore lemororo motho Jesu a ne a le kwa tlase go le gonnye mo baengeleng, o ne a tsholediwa kwa godimo ga bone mme a newa maemo mo godimo ga lefatshe lotlhe leo le agiwang leo le tlileng go tla.

Jesu Keresete gape o mogolo mo go Moshe. Jang? Ebu, Moshe e ne e le motlhokomedi fela wa ntlo ya Baiseraele ya Modimo. Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a tlhoma Jesu gore a nne motlhokomedi wa ntlo eo yotlhe, kana phuthego ya batho ba Modimo.

Bakeresete Ba Tsena mo Boikhutsong jwa Modimo

Morago ga moo moaposetoloi o bontsha gore go a kgonega go tsena mo boikhutsong jwa Modimo. (3:7–4:13) Baiseraele bao ba neng ba golotswe mo bokgobeng jwa Egepeto ba ne ba palelwa ke go tsena mo go jone ka gonne ba ne ba sa utlwe mme ba ne ba sena tumelo. Mme re ka kgona go tsena mo boikhutsong jono fa re nna le tumelo mo Modimong mme re latela Keresete ka boikobo. Ka jalo he, mo boemong jwa gore re boloke fela Sabata beke le beke, letsatsi le letsatsi re tla ipelela masego a a kwa godimo a go ikhutsa mo ditirong tsotlhe tsa nama.

Go tsena mo boikhutsong jwa Modimo ke sengwe sa dilo tseo di solofeditsweng mo lefokong la gagwe, leo le leng “bogale go heta dichaka cotlhe tse di magale mabedi, me le tlhabe le ee go kgaoganya pelo le mōea.” Le dira jalo ka gonne le tsenelela mo teng go ya go lemoga maikaelelo le maikutlo, go kgaoganya mo gare ga dikeletso tsa nama le mogopolo. (Bapisa Baroma 7:25.) Fa e le gore “mōea” wa rona, kana botshelo jaaka batho, o na le “mōea” wa bomodimo, kana boikutlo, re ka kgona go tsena mo boikhutsong jwa Modimo.

Boperesiti Jo Bo kwa Godimo le Kgolagano

Morago ga moo Paulo o bontsha ka moo boperesiti jwa ga Keresete bo leng bogolo ka gone le jwa kgolagano e nts̆ha. (4:14–10:31) Jesu Keresete yo o neng a sena boleo o na le kutlwelobotlhoko mo bathong bao ba leofileng ka gonne, fela jaaka rona, o ile a lekwa ka dikarolo tsotlhe. Mo godimo ga moo, Modimo o mo tlhomile “moperisiti ka bosakhutleñ, kaha mokgweñ oa ga Melekisedeke.” Go farologana le baperisiti ba bagolo ba Balefi, Jesu o na le botshelo jo bo ka se kang jwa senngwa mme ka jalo ga a tlhoke motlhatlhami ope mo tirong ya gagwe ya go boloka. Ga go tlhokafale gore a ntshe ditlhabelo tsa diphologolo, ka gonne o ntshitse mmele wa gagwe o mogolo o o senang boleo mme o tsenye mo legodimong ka molemo wa madi a gagwe.

Kgolagano e nts̆ha, eo e dirilweng gore e nne gone ka madi a ga Jesu, e kgolo go gaisa kgolagano ya Molao. Bao ba leng mo kgolaganong e nts̆ha ba na le melao ya Modimo mo dipelong tsa bone mme ba ipelela go itshwarelwa maleo a bone. (Yeremia 31:31-34) Lebaka la go bo ba lebogela seno le ba tlhotlheletsa gore ba dire boipolelo jwa phatlalatsa jwa tsholofelo ya bone le gore ba kopane le badumedi mmogo le bone. Ka go farologana le bone, baleofi bao ba leofang ka boomo ga ba tlhole ba na le setlhabelo sepe sa maleo.

Tumelo E Botlhokwa!

E le gore re tle re solegelwe molemo ke kgolagano e nts̆ha e e kwa godimo, re tlhoka tumelo. (10:32–12:29) Gape re tlhoka go itshoka fa e le gore re batla go amogela seo Jehofa a se solofeditseng. Jaaka kgothatso ya gore re itshoke, re na le ‘boidiidi jo bo kalo’ jwa basupi ba motlha wa pele ga Bokeresete go re dikologa. Lefa go ntse jalo, segolobogolo re tshwanetse ra tlhokomela tsela e e senang selabe ya ga Jesu kafa tlase ga pogo. Pogo nngwe le nngwe eo Modimo o e letlang gore e re diragalele ka tsela nngwe e ka nna ya lejwa jaaka kotlhao eo e ka nnang ya tlhagisa leungo la kagiso leo eleng tshiamo. Lebaka la go bo ditsholofetso tsa ga Jehofa di le boikanngo le tshwanetse la oketsa keletso ya rona ya go mo direla tirelo e e boitshepo ‘ka tshisimogo le ka poifo.’

Paulo o konela ka tlhagiso. (13:1-25) Tumelo e tshwanetse go re tlhotlheletsa gore re bontshe lorato lwa bokaulengwe, re amogele baeng, re gakologelwe badumedi mmogo le rona bao ba bogang, re boloke lenyalo le tlotlega, mme re ‘kgotsofalele dilo tseo re nang le tsone jaanong.’ Re tshwanetse ra etsa tumelo ya bao ba re eteletseng pele mo phuthegong mme re tshwanetse ra ba utlwa. Mo godimo ga moo, re tshwanetse ra tila botenegi, re itshokele kgobo eo Jesu a neng a e itshokela, “re isetsè Modimo chupèlō ea pakō ka èna ka metlha eotlhe,” mme re tswelele go dira se se molemo. Go itshwara ka tsela e e ntseng jalo le gone go balelwa mo gare ga dikarolo tse di kwa godimo tsa Bokeresete jwa boammaaruri.

Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24]

Dikolobetso tsa Mefutafuta: Dikarolo tsa kobamelo mo motlaaganeng wa Iseraele di ne di le malebana le “dijo le dino le dikolobetso tsa mefutafuta fela.” (Bahebera 9:9, 10, NW) Dikolobetso tseno e ne e le go itlhapisa ga ngwaokobamelo moo go neng go batliwa ke Molao wa ga Moshe. Dijana tseo di neng di leswefaditswe di ne di tlhatswiwa, mme diphepafatso tsa bodumedi di ne di akaretsa gore motho a tlhatswe diaparo tsa gagwe le gore a tlhape. (Lefitiko 11:32; 14:8, 9; 15:5) Baperisiti ba ne ba tlhapa, mme dilo tseo di neng di le malebana le ditshupelo tseo di fisiwang di ne di tsokodiwa mo metsing. (Ekesodo 29:4; 30:17-21; Lefitiko 1:13; 2 Ditihalō 4:6) Mme “dikolobetso tse di farologaneng” di ne di sa akaretse ‘go kolobediwa ga dikopi, dinkgwana, le dijana tsa koporo’ ka tsela ya ngwaokobamelo goo go neng go dirwa ke Bajuda bangwe ka nako ya fa Mesia a ne a tla; ebile Bahebera 9:10 ga e bue ka go inela mo metsing goo go neng go dirwa ke Johane Mokolobetsi kana o ne a sa bue ka kolobetso ya bao ba bontshang boineelo jwa bone mo Modimong jaaka Bakeresete.—Mathaio 28:19, 20; Mareko 7:4; Luke 3:3.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela