Nnang lo Nonofile mo Tumelong!
Dintlhakgolo go Tswa go Petere wa Ntlha
TUMELO ya Basupi ba ga Jehofa e lekwa ka ditsela tse di farologaneng. Mo dinageng tse dingwe, ba dira tiro ya bone ya go rera ka Bogosi ba lebane le pogiso e e setlhogo. Satane Diabolo ke ene a tlhotlheletsang dilo tseno le maiteko a mangwe a go senya kamano ya bone le Modimo. Mme ga a kake a atlega, ka go bo Jehofa o thatafatsa batlhanka ba gagwe—ee, o nonotsha tumelo ya bone.
Moaposetoloi Petere o ne a nna le tshiamelo ya go ‘thatafatsa bakaulengwe ba gagwe’ bao ba neng ba le “mo bohutsaneñ ka ditekō diñwe le diñwe di le dintsi.” (Luke 22:32; 1 Petere 1:6, 7) O ne a dira jalo mo lokwalong lwa gagwe lwa ntlha, loo a neng a lo kwala mo e ka nnang ka 62-64 C.E. a le kwa Babelona. Mo go lone, Petere o ne a gakolola, a gomotsa, le go kgothatsa Bakeresete ba Bajuda le ba Baditšhaba a ba thusa go emelana le ditlhaselo tsa ga Satane gore ba nne ba ntse ba “nitame mo tumeloñ.” (1 Petere 1:1, 2; 5:8, 9) Batho ba ga Jehofa eleruri ba ka solegelwa molemo ke mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Petere gonne jaanong nako ya ga Diabolo e khutshwafetse thata le tlhaselo ya gagwe e setlhogo thata.
Boitshwaro Jo Bo Ikaegileng ka Melaometheo ya Bomodimo
E ka ne tsholofelo ya rona e le ya go ya go tshela kwa legodimong kana mo lefatsheng, e tshwanetse go re thusa go itshokela diteko le go dira dilo ka tsela ya bomodimo. (1:1–2:12) Tsholofelo ya go rua boswa jwa legodimo e dira gore batlodiwa ba itumele lefa ba lekwa, seo tota se itshekisang tumelo ya bone. Jaaka ntlo ya semoya eo motheo o e agilweng mo go one e leng Keresete, ba ntsha ditlhabelo tsa semoya tseo Modimo o di amogelang ebile ba itshwara ka tsela e e Mo galaletsang.
Ditirisano tsa rona le batho botlhe ba bangwe di tshwanetse go laolwa ke melaometheo ya bomodimo. (2:13–3:12) Petere o ne a bontsha gore re tshwanetse go ikobela batho ba ba busang. Batlhanka ba ba dirang mo matlong ba ne ba tshwanetse go ikobela beng ba bone, le basadi ba ikobele banna ba bone. Boitsholo jwa bomodimo jwa mosadi wa Mokeresete bo ka nna jwa gapa monna wa gagwe yo o sa dumeleng gore a tle mo tumelong ya boammaaruri. Mme monna yo o dumelang o tshwanetse go “naea mosadi tlotlō, yaka e le seyana se se señ thata.” Bakeresete botlhe ba tshwanetse go utlwelana botlhoko, ba nne le lorato lo lo neneketsang lwa bokaulengwe, ba dire ditiro tse di molemo, mme ba latelele kagiso.
Go Itshoka go Lere Masego
Go itshoka ka boikanyegi ga Bakeresete ba boammaaruri go tla felela ka go bona masego. (3:13–4:19) Re tshwanetse go itumela fa re bogisediwa tshiamo. Mo godimo ga moo, ereka Keresete a ne a boga mo nameng gore a re ise kwa Modimong, ga re a tshwanela go tlhola re tshela go ya ka dikeletso tsa senama. Fa re itshokela diteko ka boikanyegi, re tla nna le seabe mo boitumelong jo bogolo jo bo tla nnang gone fa Jesu a senolwa. Re tshwanetse go itumelela go itshokela go kgobelwa leina la ga Keresete, kana go kgobelwa go bo re le barutwa ba gagwe, gonne seo se supa gore re na le moya wa ga Jehofa. Ka jalo fa re ntse re boga tumalanong le go rata ga Modimo, a re itshupeng boikanyego mo go ene mme re tswelele pele re dira molemo.
Jaaka Bakeresete, re tshwanetse go dira ditiro tsa rona ka boikanyegi mme re ikokobetse kafa tlase ga letsogo le le maatla la Modimo. (5:1-14) Bagolwane ba tshwanetse go disa letsomane la Modimo ka go rata, mme rotlhe re tshwanetse go rolela Jehofa matshwenyego a rona, re lemoga gore eleruri o amega ka rona. Gape re tshwanetse go lwa kgatlhanong le Diabolo mme le ka motlha re se ka ra kgobega marapo, gonne bakaulengwe ba rona le bone ba bogisiwa ka dipogiso tse di tshwanang fela le tsa rona. A ka metlha re gakologelwe gore Jehofa Modimo o tla re nonotsha mme o tla dira gore re nne re ntse re nonofile mo tumelong.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 30]
Kapari ya Basadi: Petere o ne a bolela jaana a gakolola basadi ba Bakeresete: “Go kgaba ga lona a e se nne go kgaba mo go kwa ntlè, eboñ ga go iphōra moriri loètsè, le ga go rwala mekgabō ea gouda, kgotsa ga go apara diaparō tse di maphatsiphatsi; Me a e nnè motho eo o sa bōnaleñ oa pelo, le ka diaparō tse di sa boleñ tsa mōea oa boikokobeco le tidimalō, e le gōna mo go kaiwañ go tlhōkèga thata mo matlhoñ a Modimo.” (1 Petere 3:3, 4) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., go ne go na le banna ba ba matsetseleko tota ba ba neng ba baakanya meriri ya basadi ba baheitane, ba ne ba loga meriri ya bone e meleele ka ditsela tse di kgatlhang tota ba bo ba tsenya mekgabisa ya gouta mo melogong eo. Go lebega ba le bantsi ba ne ba dira seno fela gore ba bonwe ke batho—sengwe se Bakeresete ba sa tshwanelang go se dira. (1 Timotheo 2:9, 10) Lefa go le jalo, ga se kapari yotlhe e e leng phoso, gonne Petere o bua ka “go apara diaparō”—selo se ruri se leng botlhokwa thata. Batlhanka ba Modimo ba metlha ya bogologolo ba ne ba rwala mabenyane. (Genesise 24:53; Ekesodo 3:22; 2 Samuele 1:24; Yeremia 2:32; Luke 15:22) Lefa go ntse jalo, mosadi wa Mokeresete o tila mekgabisa e e feteletseng le diaparo tse di maphatsiphatsi thata mme gape o tshwanetse go tlhokomela gore a se dirise ditlolo ka tsela e e feteletseng. Ntlha ya kgakololo eno ya ga moaposetoloi ke gore a se tlhokomele thata mokgabo wa kafa ntle mme a tlhokomele wa kafa teng. O tshwanetse a apara ka tsela e e lekanetseng mme a bonale jaaka motho yo o boifang Modimo gore a kgatlhe tota.—Diane 31:30; Mika 6:8.
[Motswedi wa Setshwantsho]
Israel Department of Antiquities and Museums; Israel Museum/David Harris